Ke Eng Jalô-Semmata?

© Marinda Louw

Jalô-semmata le jalô-magareng ke fa dijalo di le pedi kgotsa go feta, se sengwe sena le dipoelô go se sengwe, di jalwa ka go bapa ka bogaufi ka ge di nonotsha (kgotsa di ka kgoreletsa) boleng jwa kgolô ya se sengwe ka mokgwa wa khemikhale le go oketsa thôbô. Patlisiso ya Investigating the Effects of Companion Plantings on Predation of European Corn Borer Eggs in Bell Peppers e e dirilweng ka 2005 le 2006 kwa New Jersey, USA, e fitlhetse fa jalô-magareng ya dill, coriander le buckwheat go bapa le dipherefere e oketsa thata go nna teng ga ditshenekegi tse di dipoelô, tse di isitseng tlase tshenyô e e lerweng ke European corn borers, moji-mogolo wa pherefere.
Jalô-semmata e ikaeletse go oketsa botshedisano-futafuta jwa tikologo mme e na le bomolemô jo bogolo go temô ya botswa-tsheding. Ntle le go oketsa botshedisano-futafuta, jalô-magareng le jalô-semmata di tlile go thusa gape go tokafatsa boleng jwa mmu mme ka ntlha eo go nna teng ga dikotla mo mmung.

Dijalo-mata tse di Dipoelô

Nako dingwe ke fela dijalo di le mmalwa tse di gasaganngwang magareng ga sejalo-segolo, sekai, dikhabetšhe di le mmalwa tse di jadilweng magareng ga sejalo sa lephutshe. Aphids di ngôkwa ke khabetšhe mme di tlile go ikekologa maphutshe.
Sekai se sengwe ke fa mmopo, dinawa le lephutshe di jalwa mmogo. Dinawa di neelana ka nitrogen mo mmung, mmopo o dira jaaka motshegetsi wa popego go diranki tsa dinawa mme o sireletsa lephutshe kgatlhanong le squash vine borers, fa lephutshe le khurumetsa mmu le go fokotsa kgolô ya mofero. (Ka fa go le lengwe, dijalo dingwe di ka gatelela tse dingwe kgotsa tsa nna kotsi go kgolô ya tse dingwe, sekai, dinawa ga di a tshwanela go kopanngwa le dieiye kgotsa fennel, mme khabetšhe le ditamati ga di a tshwanela go ka kopanngwa.)
Dijalo dingwe (rosemary le Artemisia afra - Lengana) ke dikoba-tshenekegi tsa tlhagô. Dijalo tse dingwe jaaka digwete, fennel le yarrow di ngôka ditshenekegi tse di dipoelô tse di jaaka mefu, ladybird le hoverflies. Nako dingwe, mere e diriswa jaaka dijalo tsa semmata. Leba tafole e e fa tlase go bona maele a gore dijalo di ka kopanngwa jang go nna le dipoelô magareng ga tsona.

Dijalo tsa Semmata tse di Gaisang le tse di Maswê

Bukana-tiriso ya Surplus People Project’s (SPP) ka ga temôthuo ya botswa-tsheding e e bitswang ‘Basic Principles for Organic Cultivation and Livestock Production’ e eleletsa dijalo tsa semmata tse di latelang:
Morogo: Dinawa
E rata sejalo-mmata: Marigolds, beetroot, khabetšhe, segwete, cauliflower, celery, cucumber, mmopo, tapole, strawberries
Ga e rate: Dill, fennel, maloko otlhe a lolapa lwa eiye
Morogo: Bete
E rata sejalo-mmata: Asparagus, eiye, kohlrabi, dinawa tsa naga, lettuce, lolapa lwa khabetšhe
Ga e rate: Mustard, pole beans
Morogo: Khabetšhe
E rata sejalo-mmata: Beetroot, celery, chives, dill, dieiye, rosemary, sage, thyme
Ga e rate: Dill, fennel, maloko otlhe a lolapa lwa eiye
Morogo: Segwete
E rata sejalo-mmata: Basil, chives, lettuce, eiye, peas
Ga e rate: Broccoli, khabetšhe, cauliflower, dill, fennel, ditapole
Morogo: Celery
E rata sejalo-mmata: Marigolds, dinawa, broccoli, khabetšhe, leeks, parsley, spring onions, ditamati
Ga e rate: Sepe
Morogo: Cucumber
E rata sejalo-mmata: Dinawa, pherefere e tala, lettuces, nasturtiums, dirapa
Ga e rate: Mere, melons, ditapole
Morogo: Eggplant
E rata sejalo-mmata: Basil, dinawa, lettuce, peas, ditapole, spinach
Ga e rate: Sepe
Morogo: Kale
E rata sejalo-mmata: Khabetšhe, dill, ditapole, rosemary, sage
Ga e rate: Strawberries, ditamati
Morogo: Lettuce
E rata sejalo-mmata: Beetroot, khabetšhe, digwete, radishes, strawberries
Ga e rate: Broccoli
Morogo: Oats
E rata sejalo-mmata: Brinjals, pherefere e tala, strawberries, ditamati
Ga e rate: Sepe
Morogo: Melons
E rata sejalo-mmata: Garlic, chives, mint
Ga e rate: Ditlhare tsa monamune, ditapole, dirapa, dipotata
Morogo: Dieiye
E rata sejalo-mmata: Beetroot, khabetšhe, digwete, lettuces, pherefere, spinach, strawberries, ditamati
Ga e rate: Dinawa, peas, sage
Morogo: Peas
E rata sejalo-mmata: Digwete, ditapole, dirapa, merogo e metala ya matlhare, eggplant
Ga e rate: Garlic, dieiye
Morogo: Dipherefere
E rata sejalo-mmata: Dinawa, beetroot, digwete, celery, lettuces, mmopo, parsley, lephutshe, dirapa
Ga e rate: Dinawa
Morogo: Tapole
E rata sejalo-mmata: Dinawa, broccoli, khabetšhe, eggplant, kale, marigolds, mmopo, dieiye, peas, strawberries
Ga e rate: Cucumber, melons, maphutshe, lekaso, sonobolomo, ditamati, turnips
Morogo: Maphutshe
E rata sejalo-mmata: Dinawa, garlic, chives, mmopo, dirapa
Ga e rate: Ditapole
Morogo: Soya bean
E rata sejalo-mmata: Mmopo, soya bean e tlile go ungwelwa fa e gola mabapi
Ga e rate: Sepe
Morogo: Sonobolomo
E rata sejalo-mmata: Mmopo
Ga e rate: Dinawa, ditapole
Morogo: Swiss chard
E rata sejalo-mmata: Beetroot, dinawa, khabetšhe, celery, pherefere e tala, dieiye, peas, strawberry
Ga e rate: Diterebe, ditapole, sage
Morogo: Ditamati
E rata sejalo-mmata: Marigolds, basil, digwete, celery, chives, dieiye, parsley, sage, mmabi
Ga e rate: Kohlrabi, tapole, fennel, khabetšhe, corn

Translated by Nchema Rapoo