Go Jalwa Mafulo a Bojang Jang

© Alan Manson

Moo mafulo a setseng a tlhomilwe, molemirui a ka tsa tshwetso ya go ntšhwafatsa phulo ka go tsenya peu e ntsi kgotsa go laola fela mafulo a leng gona. Fa e le gore phulo e na go nna gona ga dijalo tša 40 - 75%, phulo e ntšhwa e ka jalwa ka go go tsenya peu e ntsi mo phulong e e leng gona, fela fa e le gore phulo e kwa tlase ga 40% e tswela pele go nna gona, go ka nna botoka go tlhoma mafulo gape.

Fa o baakanyetsa go jala mafulo, ka bobedi maemo a lefatshe le mofuta wa mmu wa karolo di na le seabe se se botlhokwa mo go tlhomamiseng tlhopho ya dijalo tsa phulo. Gape e tla tlhomamisa mokgwa o o gaisang wa go jala.

Ka metlha dirisa peu e foreše, ya boleng bo bo kwa godimo pele fa o jala menawa, netefatsa gore o enta peu ka mofuta wa maleba wa twatsi ya Rhizobium go letla go siamisa naetrojene e e maleba mo mmung. Kopa keletso go tswa go morekisi wa gago wa peu ka lefelo le tlhopho ya peu.

Tlhopho Ya Lefelo La Go Jala Phulo

©Kim and Forest Starr

Kgonagalo ya kuno ya mafulo e ka tshwaetswa ke dibopego tsa mmu le monono. Sekao, mmufatshe wa lefelo leo o ka thibela tsenelelo ye e boteng ya metsi, mme wa tlhola gore mmugodimo go nna le metsi a mantshi. Majang a mafulo a a ratang bongola a jaaka Napier le bojang ba bana di ka nna tlhopho e ntle.

Tshekamo ya naga e tla tshwaetsa kelelo ya metsi le kgogolego ya mmu tse di ka tlisang tlhokego ya magato a jaaka melelwane le go sekegiwa. Go fokotsa kelo ya kelelo ya metsi go ya kwa fatshe, majang a anamang le a bopang makwete a ka jalwa mo mesetwaneng e e bophara. Se le sona se tla oketsa tsenelelo ya metsi mo mmung.

Togamaano Ya Mafulo

Simolola go baakanya mmu dikgwedi di le 6 - 12 pele ga letlha tota la go jala. Pele fa o jala dijalo dife kgotsa dife, go botlhokwa go nna le tekomabu e dirwang go netefatsa ditlhaelo tsa kotla le pH ya mmu. Tekommu e gape e tla netefatsa gore ke dijalo tsa phulo tse di fe tse di tshwanetseng mofuta wa mmu wa gago.

Morago ga fao, dikotla di ka tlaleletswa mo mmung gammogo le tse di bolang go tlhotlheletsa botshelo ba dimaekropo mo mmung. Tsenyeletsa sefetodi tse di tshwanetseng, menontsha le dikotla ka nako ya paakanyo ya lekidi kgotsa fa o jala.

Thulaganyo Ya Lekedi

Peu ya bojang bo bontsi le menawa ke ye nnye thata mme le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore lekedi le lekalekane sentle, go sa nne le mofero le go tiia. Peu e tlhoka go nna bongola go mela le go tsweletsa medu ka jalo kopano e e maleba ya peu le mmu e botlhokwa go netefatsa bongola bo bo lekaneng gaufi le peu.

Thulaganyo ya lekidi e ikaegile ka mofuta wa didiriswa tse di leng gona. Fa phulo e ntšhwa e e tlhomilwe, mokgwa wa go lema wa tlwaelo o ka diriswa fela fa e le gore phulo eo e leng gona e a ntšhwafatswa, mokgwa wa go se leme o ka nna maleba.

 Jalo e ka dirwa ka mekgwa ya tlwaelo kgotsa ya go se leme. Mo mekgweng ya tlwaelo ya go jala, lekidi le jalwa le go lemiwa ka mogoma wa sediko go rulaganya lekidi mme mo mekgweng ya go se leme, peu e jalwa kwa ntle le go sisinya mmu ka metšhene.

Mokgwa wa tlwaelo wa go jala o tshwanetse go dirisiwa fa lekidi le le tshwanang le tlhokega. E kgaola makwete a magolo a mmu e bila balemerui ba bangwe ba dumela gore e thutafatsa mmu ka lebelo e bile ge thusa go tlhoma phulo e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, mokgwa wa tlwaelo wa go lema o ka fetola popego ya mmu le go tlhola kgogolego ya mmu.

Go sa leme go akaretsa go tsenya peu ka tlhamalalo mo disaleleng tsa mafulo. Disalela lwa ntlha di tshwanetse go fokotswa ka go fula thata kgotsa go tlosa furu. Mekgwa ya go sa leme e fokotsa kgogolego ya mmu le go sireletsa bongola fela dijalwana di ka mela ka go naanya le go sa tshwane.

Nako e e Gaisang Ya Go Jala

Ge go jalwa mafulo, nako ya go jala e botlhokwa thata. Go mo pontsheng, gore tlhopho ya mafulo – a melang ka selemo - kgotsa a melang mariga e tla tlhomamisa nako ya gago ya go jala. Tota tota, molemirui o tlhoka go nna le phulo e e leng gona ka dinako tsa tlhlokego ya dijo kgotsa ka dikomelelo.

Thulaganyo ya nako ya go jala le yona e tla tlhomamisa nako eo phulo e ka bunwang. Ela tlhoko gore mafulo a ka se fulwe fela, fela gape a ka bunwa le go bolokwa ka mokgwa wa letseto kgotsa matlhokwa. Mefero e ka tlhomamisa setlha sa go jala, sekao, go jala mafulo ka dikgakololo le mo tshimologong ya selemo e ka fokotsa kgolo ya mefero ya mariga.

Mekgwa Ya Go Jala

©AnnaJB

Peu ya phulo gantsi e a phatlalatswa fela ka dinako tse dingwe go jala mafulo ka mela go a tlhophiwa. Mo ntlheng e, boro ya peu e e tlwaelegileng le yona e ka dirisiwa go jala mo meleng e e bophara, sekao, moo mafulo a tshwanetseng go tlhomiwa mo meleng e e bophara magareng ga dijalo tsa thekiso.

Go botlhokwa go jala peu mo boteng bo bo tshwanetseng go letla go tlhoga go go tshwanetseng. Go jala go ka dirwa ka seatla kgotsa ka motšhene wa peu o o diriswang ka seatla. Sejalo sa korong go tswa go, menong/dithipa e tlositswe gape e ka dirisiwa. Ka tsela e, peu e tla wela mo bokagodimong ba mmu. Mo letlhakoreng le lengwe, sebjalo sa peu e sesane se se dirisiwang mo ntshokunong ya merogo se ka dirisiwa. Gape peu e ka tswakanywa le fosforo kgotsa kalaka mme e jalwa ka go dirisa sephatlalatsi sa kalaka.

Go bora ka tlhamalalo go ka dirisiwa. Sekao, go na le kgonagalo ya go oketsa bojang ba mabele le tlabere mo phulong e e tletseng monawa ka boro ka tlhamalalo kgotsa go jala mo khupetsong ya dijalo tse di fetileng. Se se dirwa go kokomosa phulo kgotsa go oketsa bojang bo bo tletseng menawa. Mokgwa o ka se dire le leoto la mokoko, matlhokwa kgotsa luserene.

Translated by Lawrence Ndou