Jalô ya Basil

© Marinda Louw

Mediso

Mediso ya basil ke gotswa mo peong fela mesegô le yona e ka jalwa. Bajadi ba kgwebo ba tlile go jala peo ya basil ka jalô ya tlhamalalô, kgotsa se se tlwaelegileng thata ke go dira matlhogela mo tikologong e e sireleditsweng kgotsa mo ntlwaneng ya dijalo, mme a jalololwe morago ga dibeke di le tharo goya go nne.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya matlhogela a basil le jalô ka tlhamalalô ya peo di dirwa ka seatla kgotsa motšhine. Jala peo ka tlhamalalô mo boteng jwa 10 cm mo moleng go netefatsa fa o bona sejalo se se feletseng sa basil, mme o se fokotse morago go bona bogolo jwa sejalo jo bo eletswang.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go bewa ka katoganô ya 30 cm mo meleng e e katoganeng ka 50 cm. Seno ke magareng ga dijalo tsa basil di le 65 000 le 67 000 mo hekethareng. Balemi bangwe ba kgwebo ba oketsa bontsi jwa sejalo goya go dijalo di le 80 000 goya go 100 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Jala dipeo tsa basil kwa tshimologong goya kwa bogareng jwa dikgakologo, go netefatsa fa o fosa digagane tsa bofelo. Mo Afrika Borwa, seno ke thari ka Phatwe go fitlha Diphalane.

Nako ya Jadisô

Go dira matlhogela a basil ka mo gare ga ntlwana ya dijalo ka Phukwi go tlile go iponela dibeke di le mmalwa tsa nako ya tlhagiso. Jalolola matlhogela fa ale boleele jo bo ka nnang 150 mm, fela morago ga digagane tsa bofelo go simolola ka tshimologo ya Phatwe go fitlha Diphalane.

Paka ya Kgolô

Go tloga mo nakong e dipeo tsa basil di jalwang ka yona go fitlha fa kotulo ya ntlha e ka dirwa e ka nna dibeke di le lesome. Morago ga fao basil e ka kotulwa gabedi gape. Sega basil 15 cm gotswa fa fatshe mme o sadise kutu e e lekanetseng kgolôsešwa.

Kumisô

O seke wa ungwisa go feta selekano ka ge seno se tlile go potlakisa kgolô le thunyô. Ungwisa goya ka ditshekatsheko tsa mmu tse di dirilweng mo mmung pele ga jalô. 3:1:5 e e ka nnang 200 goya go 300 kg fa dijalo di ka nna boleele jwa 20 cm e tla siama go fitlha kwa kotulong ya ntlha. Tshela mo go lekanang le fao morago ga kotulo nngwe le nngwe e e latelang. Difepi tsa matlhare le tsona di siame go ka rotloetsa matlhare a a itekanetseng.

Nosetsô

Basil e tshaba thata kgatelelô ya bometsi, ka jalo go botlhokwa thata go tshola mmu mo bometsing jo bo siameng jo bo gakololwang goya ka mofuta wa mmu. Lokela dikaedi tsa bometsi gore go lekolwe ka metlha. Kgatelelô e tlile go tlisa thunyô, e e leng kotsi go tlhagiso.
Basil e ka nosetswa ka segasi kgotsa serothisi. Serothisi fela, se botoka ka ge se tshola matlhare a omile. Matlhare a a metsi a ka baka kgolô ya mouta, o o senyang matlhare. Go ikaegile ka bosa le themphoritšhara, basil e ka gola ka 40 mm ya nosetsô ka beke. Go gakololwa gore nosetsô eno e phatlhalatswe go nna nosetsô di le pedi goya go tharo ka beke. Mo mebung e e motlhaba nosetsô e ka tlhokwa tsatsi lengwe le lengwe la bobedi. Kobelo e a rotloetswa ka ge e fokotsa mowafalo. Kobelo ya polasetiki kgotsa botswa-tsheding e ka diriswa. Seno gape se laola mefero.

Translated by Nchema Rapoo