Honey Badger
Matshwane

© Karl Svendsen

Leina

Matshwane [Mellivora capensis]

Ponalo

Matshwane di ka nna dimilimitara tse di 250 go ya kwa godimo le boima jwa dikilograma tse 12. Letlalo la bowa la yona le sephara le na le bowa jo bo makgwakwa ka mmala o mo setlha, bowa jwa go tswa godimo ga matlho go ya kwa fatshe ga mogatla wa yona, e tshwaana ga bo setlha le diaparo tsa yona tsa kwa fatshe tse di ntsho.
E na le mmele o o sephara go ela kwa tlase, le ditsebe tse di nnye le maoto a makoko a a dinala tse di golo. Ke tsona tse di dirang gore e nne tlwaelo go yona go epa mesima le go tsamaya nako e ntsi kwa tlase mo mesimeng ebile e dirisa jaaka dibetsa tsa yona. Le ge e le phologolo e tshelang mo fatshe, e kgona go pagama setlhare segolo setona fa e gogelwa ke tswina.
E tsamaya ka go siana go se nene e bile ga e lape go latela phofu go fitlhela e lapa.

Dijo

Ke seja nama se se jang diphologotswana tse di nnye tsa mefutafuta, jaaka diphepheng le dipeba. Di ka ja le masaledi a diphuti tse nnye tseo di bolailweng ke diphologolo tse dingwe tse jang nama. Ga go itsege gore go tlile jang di je tswina. Go dumelwa gore di etwa pele ke nonyane e e jang dinotshi moo e yang gona. Nonyane e e tshwanela ke thoriso ka masaledi a sentlhaga sa tswina ke Matshwane.

Pelego

Matshwane go naganwa gore e belega ngwaga otlhe, mme tshadi go dumelwa gore di belega bana ba babedi. Dipatlisiso kwa Borwa jwa Kalahari bo bontsha gore bana ba dula le bo mmabona nako e e lekanang dikgwedi tse 14, pele di ka ipusa. Seo ke sesupo sa gore ga di tshwane le badger ya Yuropa le Asia e newa boipuso ka kgwedi tse 3.

Boitshwaro

James Stevenson-Hamilton yo e leng motsamaise wa pele wa Phaka ya setjhaba ya Kruger, o begile tiragalo tse pedi mo phakeng fa Matshwane e tlhasetseng phala le polo meetse ka go latelelana, mme ya di loma mo mapeleng. Ka ntlha ya dikgobalo tse, diphologolo tse pedi tse di sule. Ga go na pelaelo ya gore phologolo e ke e maatla, le gore e sebete sa ntwa.
Matshwane ke phologolo ya e sasankang e le noši ge e sela, go sela ga yona ke go go kgethegileng ka modikadikwe fa e tsamaya e tswelela pele ka go dupelela dipeba le digagabi tse di nnye mo mesimeng. Kwa Borwa jwa Kalahari, Matshwane di fetoga go ba tseo di tsamayang bosigo fa e le Selemo kgotsa motshegare fa e le Mariga. Fela moo di tshwenywang ke batho di kgetha go itsamaela bosigo.

Di Fitlhelwa Kae?

Di fitlhelwa Afrika Borwa ka bophara, fela teng kwa tikologong tsa Lebowa Bophirima mo mabopong.

Dibata

Tse kgolo ga ntsi di bolawa ke dinkwe le ditau. Mebala ya tsona e e mentsho le bošweu ke temoso go dibata dingwe go lemoga matla le bongapo jwa tsona.

Tsa Di Kgatlhisang

Matshwane e bonala e na le tshireletso mo boltholeng jwa dinoga. Fa e lomilwe ke noga ya Lebolobolo e e botlhole o o kotsi gantsi e bontsha matshwao a bokowa mme morago ga di-iri di le tlhano e tla boela e nne sentle. Tshireletso e ka oketsega nakong eo fa Matshwane e le gare e tlhakana le bolthole jwa dinoga, diphepheng, le dinotshe.
Tse di nnye di thibelwa go tshwara dinoga tse di nang le bolthole ke bommatsona go fitlhela di nna le matlhale le kitso. Matshwane e bonala e na le tshireletso kgatlhanong le dinotshe, fela di na le go fitlhelwa di sule kwa mesimeng ya dinotshe di lomilwe ke dinotshe.