Hedgehog

© Roger de la Harpe

Leina

Hedgehog (Atelerix frontalis)

Popego

Di-Hedgehog ke dija ditshenekegi mme di dinnye, di tlhaolwa ka sefatkhego tsa yona tse di supileng mme se le sekhutswane, di na le mokokotlo o o tletseng mebutla e e akaretsang mathoko le kwa morago seo e leng tshireletso kgatlhanong le dibata. Tlhogo le mmele e boleele jwa dimilimetara tse 200 le mogatla o o mokutshwane o o sa goleng wa dimilimetara di le 20.

Dijo

Di-Hedgehog di phela ka go ja ditshenekegi tse di jaaka dikhunkhwane, motlhwa, ditsie le ntlha ya dikgopa. Di ka nna di tsoma gape le dipeba tse di potlana, mae a dinonyane tse di nnyele le ditsuwane, digwagwa le megaditswane. Le fa ele nngadule le merogo di ka akarediwa mo dijong tsa tsona ka dinako dingwe. Go bonala di sa ikaega ka metsi a mphewafela.

Pelegiso

Setlha sa go tlhakanela ka bong go atoloswa go tswa ka kgwedi ya Diphalane go fitlha ka kgwedi ya Moranang. Tse di nnye di godisetswa mo dintlhageng kgotsa mo mesimaneng e e beetsweng matlhare a omileng le ka maswe. Go dusa go tsaa nako ya dibeke di le tlhano go ya go tse di thataro le tse dinnye di farologana ka palo go tswa go e le nngwe go ya go di le robongwe. Tse dinnye di tlhaga di se na meriri, di sa bone le mo ditsebeng di tswetswe.
Ka fa tlase ga letlalo la bašwa ba ba sa tswang go tsalwa, marapo a a santseng a le fokola a mokwatla e setse e bonala. Marapo a mokwatla a nang le mmala a tlhagelela morago ga letsatsi le le lengwe mme marapo a mokwatla a a tiileng a tlhagelela morago ga dibeke di le nne go ay go di le thataro morago ga tsalo. Tse di nnye di fudusiwa ka nako ya dibeke di le tlhano.

Maitsholo a yona

Di-Hedgehog ka kakaretso ke diphologolo tsa bosigo e bile ke batshelanosi.

Bonnotlhago

Di-Hedgehog di tshela mo mafelong a a bulegileng kgotsa mo dikgweng tse di tletseng dikutu tsa ditlhare. Di tshela mo mefuteng e mentsi ya manno, fela go bonala di tila manno a a tletseng dijo.