Go Dirisa Melemô ka Tshwanelô

©National Pork Board, USA
Go bona dipholô tse di gaisang, melemô, meêntô le kalafi nngwe le nngwe e tshwanetse go bolokwa, go rebolwa le neelwa goya ka ditaelô tse di mo setshwaong. Tlhokomelo gape e tshwanetse go ka tsewa go netefatsa fa temogo-bolwetse mo dikolobeng ele e e siameng pele o rebola molemô ofe kgotsa ofe ka bofofu. Go sa sele morago ditaelô, go tlile go iswa kwa go direng sentle ga kalafi, mme go neelane ka tshireletso e e potlana kgatlhanong le malwetse, selo se e tlabeng ele tshenyô ya madi.

Buisa Setshwao

©National Pork Board, USA
Pele o dira sengwe le sengwe, buisa setshwao gore o tlhaloganye gore kalafi e tshwanetse go rebolwa jang. Gape leba letlha la bofelo la tiriso, ka ntlha ya gore dikalafi tse di fetileng matlha a tsona a tiriso di ka se dire ka fa di tshwanetseng go dire ka gona.

E Tshole e Rurufetse

©National Pork Board, USA
Melemô gantsi e tlhoka go tsholwa mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase. E tshwanetse, ka jalo, go bolokwa ka tshwanelô go simolola ka tlhagiso ya melemô go fitlha e rebolelwa phologolo mo polaseng. Go thibela tshenyeg, balemirui ba tshwanetse go reka ditlamelo gotswa kwa motsweding o o tshepegang, mme ba boloke melemô mo lebokosing le le nang le kgapetlana fa e tsamaiswa go iswa kwa polaseng. Mo polaseng, molemô ka keletso o tshwanetse go ka tsholwa mo setsidifatsing se se notletsweng go fitlha o diriswa. Melemô ga e a tshwanela go tlogelwa mo letsatsing ka motlha ope, ka ge marang a ultraviolet a ka ama bomosola jwa yona.

Dirisa Selekano se se Tshwanetseng

©Roger de la Harpe
Go neela molemô o o fetang selekano kgotsa o o kwa tlase ga selekano go ka se fane ka ditlamorago tse di eletswang. Selekano se se kwa tlase se ka isa kwa goreng dikolobe di se sireletsege ka tshwanelô, fa selekano se se kwa godimo se ka ise fela ditshenyegelo kwa godimo mme se ka nna gape le ditlamorago tse di maswe.
Fa o tswapola dikalafi, jaaka di-dip le digasi, tlhokomelo e e kgethegileng e tshwanetse go ka tsewa go netefatsa fa go tswakanang jaaka go kailwe mo setshwaong. Metsi ga a tshwanela fela go nna phepa fela gape a tshwanetse go nna a boleng jo bo siameng, ka ntlha ya gore dielo tse di kwa godimo tsa diminerale le dielemente tse di rileng mmogo le metsi a a esiti go feta di ka dira gore kalafi e se dire ka botlalo.

Neela Kalafi ka Tshwanelô

©National Pork Board, USA
Netefatsa fa dikalafi di rebolwa goya ka ditaelô tse di mo setshwaong. Motho yo neelang kalafi o tshwanetse go katiswa sentle, e seng fela ka go neela molemô ka tshwanelô, mme gape go baka kgatelelô-maikutlo e e potlana ka fa go kgonegang go dikolobe. Kgatelelô-maikutlo ga ena fela le ditlamorago tse di maswe mo loagong lwa phologolo, fela gape e dira gore diphologolo di tshabelelwe ke malwetse mme e ka baka gore dikalafi di se dire sentle.
Fa kalafi e tshwanetse go ka neelwa ka moêntô, moêntô o tshwanetse go dirwa mo karolwaneng e e tshwanetseng mo mmeleng wa phologolo, gantsi mo molaleng. Syringe se tshwanetse go fetolwa mo magareng a êntô nngwe le nngwe go tila kanamô ya malwetse.
Mo lobakeng lwa melemô e e nwewang, tlhokomelo e tshwanetse go ka dirwa go netefatsa fa diphologolo di nwa bontsi jwa molemô jo bo tlhokegang fa kalafi e neelwa ka go tlhakanngwa le sefepi kgotsa metsi. Fa o nwesa kolobe ka tlhamalalo ka molomo, South African Pork Producers Organisation (SAPPO) e tsitsinya mo bukaneng-kaedi ya yona Manual for emerging Pig Farmers gore balemirui ba lebise tlhogo ya kolobe kwa godimo mme ba dirise syringe. Ntlhana ya syringe e tshwanetse go tsenngwa mo letlhakoreng la molomo ka fa tlase ga leleme, gore molemô o metswe mme o se tsamaye ka kgôkgôtsô.

Antimicrobials

©Roger de la Harpe
Ka di antimicrobial segolo thata, tiriso e e fosagetseng e ka baka go bopega ga kemelano ya antibiotic, seno se raya gore setswakwa se se matlhagatlhaga mo kalafing se tlile go dira ka bonnye le go se dire ka gotlhelele mo taolông ya di-pathogen tse di rileng.
Matshwenyego a a golang boditšhabatšhaba ka ga kemelano ya anti-microbial e isitse kwa go goleng ga kgatelelông mo balemiruing go dirisa antimicrobials ka bosesane le fela fa go tota go tlhokega. Mo Afrika Borwa, segolo thata, antimicrobials tse di rileng di rebolwa fela ka tetla gotswa go ngaka ya diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo