Gamay Noir

© Glenneis Kriel

Thanololô

Gamay noir ke mofuta wa terebe e ntsho ya mofeine e ka setso e dirisetswang go tlhagisa mefeine e mehibidu e e nwegang bonolo ya mo tafoleng. E tlhamilwe mo go kopanngweng ga Pinot noir le mofuta wa segologolo, Gouais blanc.

Tlhôlegô

Gamay noir ke mofuta wa kgale go tswa Burgundy o o neng o ileditswe ke Philip The Bold, molaodi wa Burgundy, ka 1395 ka ntlha ya gore o ne a tshaba gore e tla senya serodumo sa kgaolo sa go tlhagisa mefeine ya boleng jo bo magoletsa, segolo thata go tswa mo Pinot noir.

Balemi mo kgaolong ba ne ba jala Gamay noir ka bontsi go feta Pinot noir, ka ntlha ya gore Gamay noir e ne e na le thôbô e e kwa godimo ebile e le bonolo go mediswa. Kiletso e ne ya atlega ka go sireletsa serodumo sa kgaolo, fela ya dira gore botlhoki bo oketsege. Balemi ba kgaolo ya Beaujolais, kwa borwa jwa Burgundy, ba ne ba kgona go efoga kitsiso ya molaodi mme ba tswelela go tlhagisa Gamay noir.

Mofuta ono o ne wa itshupa fa o siametse kgaolo eo, mme wa feleletsa e le one mofuta o mohibidu o o tlhagisiwang thata kwa Beaujolais go simolola ka ngwagakete wa bo 17. Tumo ya mofuta ono e ne ya gola ka kwa ntle ga kgaolo ka dingwaga tsa bo1980, jaaka batlhagisi ba ne ba baya mefeine mo marekelong e ka nna letsatsi morago ga kotulô.

Ga e sale ka nako eo, go tuma ga mofuta ono go ile tlase thata, fela batlhagisi ba ikarabetse ka go tlhama mefeine ya Gamay noir e e marara.

Maina A Mangwe

MaFora a dirisa leina la Gamay noir à jus blanc go o farologanya le mefuta e mengwe ya Gamai.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Mofuta ono o latlhegetswe ke maemo kwa go wa Cinsaut noir, ka ntlha ya gore wa Cinsaut noir o a ikanyega ebile ona le thôbô e e kwa godimo.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Kgaolo ya ntshô-tlhagiso ya Gamay noir mo Afrika Borwa e wetse tlase go nna ka fa tlase ga 10ha ka 2016. Bontsi go ya bojotlheng jwa dijalô tseno bo kwa Stellenbosch.

Kgolô

Morara o gola ka nonofô. Dika-mofuta tse di ša di nonne, ka ntshô magareng ya 12t/ha go ya go 15t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa go sale gale mo gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa ntlha sa Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e mennye, kgolokwe mme e na le mmala wa loapi o o phepôle.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Matlhare a bogolo jo bo mo magareng, kgolokwe, gantsi ka tsebe tse tharo mme a na le mmala wa botala jo bosetlha.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono o tshabelelwa ke malwetse a fungi, a a akaretsang phori, Botrytis le go bola ga dikala.

Tirisô

Mo Afrika Borwa o dirisetswa go dira mefeine ya mofuta-nosi kgotsa metswako e mehibidu e e boleta ya mokgwa wa nouveau, le diterebe di etsa Zinfandel, Tempranillo, Pinot noir le Riesling.

Tatsô

Bogolo jwa sebopego sa mofeine se bonwa go tswa mo meutlwalong ya ona ya leungo le lelomo, ka matoditodi a maungo a mahibidu jaaka moretologa le raspberry, le malomo jaaka violet le peonies.Translated by Nchema Rapoo