Etela Robben Island

Mosepele ka Sekepe

©David Fleminger
Ke etetse kwa Robben Island lantlha ka 1989, jaaka karolo ya loeto lo lo kgethegileng lwa sekolo. E ne e santse ele kgolegelo e e dirang ka motsi oo, mme dikgakologelô tsa me ke tsa lefelo le le lefifi le le maswe kwa monkgo o o bosula wa boitlhôbôgô o o apesitseng mowa o o letswai. Ga jaana, Robben Island e tlhabolotswe go nna kgogedi ya bojanala, mme bagolegwa ba tsere marapo a felo-botshabelo.
Ka tshwanelo, sekepe sa bogologolo sa tshwarô se se neng se tsamaya ka iketlo mo godimo ga lewatle le le makhubu go ya kwa boemela-kepe jo bo nnye mo setlhaketlhakeng, se sutetse sekepe se se ntšha sa manobonobo se se lobelo se se thotang mokgobe wa bajanala gotswa le go ya ka phuthologo. Mosepele ka sekepe ka boôna o a kgatlhisa ka dipônô tse di tseisang maanya tse o di rebolang tsa Table Mountain le toropokgolo e e mo dinaong tsa yona. Fa o sena go fitlha mo setlhaketlhakeng, botlhe ba fologa mo sekepeng go pagama nngwe ya dibese di le pedi tse di letileng.
Jaaka motšhine o o tshetsweng mafura, dibese di go tsenya mo loetong lo lo fedisang pelo go se nene go ralala setlhaketlhake, fa mokaedi a ntse a supasupa mangwe a mafelo a a tumileng, go akaretsa mosima wa letlapa o mo go ona Mandela le bakaulengwe ba gagwe ba neng ba fokoletsa malatsi teng. E ne ele fano, mo legageng le le nnye le le gwailweng mo sefatlhegong sa lejwe le le fatlhang le le sweu, fa bagolegwa ba neng ba jela dijo tsa motshegare teng le go bua ka fao dilo di tlileng go rulaganngwa ka teng mo Afrika Borweng e ntšha ya temokrasi. Bangwe ba kaile mosima o o lefifi o o iphitlhileng ono jaaka 'phaposi-borutelo' ya Robben Island.

Lebelela Diphinkwini

©David Fleminger
Fa re ne re boela kwa kampeng ya kgolegelo-kgolo, ke ne ke itumeletse go fologa bese le go tsena mo mantlwana-fitshwana. Mokaedi mongwe le mongwe mo karolong enô ya loeto ke mogolegwa wa maloba wa kgolegelo, mme dikgakologêlô tsa bona ka ga botshelo ka fa tlase ga puso ya maloba di botlhoko-monate. Fa re dutse mo nngweng ya mantlwana-fitshwana a botlhe, mokaedi wa rona o re neile tlhaloso e e tlhamaletseng e e tenegileng ya botshelo jaaka a bo itse mo Robben Island.
Morago ga ntlwana-fitshwana ya botlhe, re ne ra etelelwa-pele go ya kwa lebaleng le kwa go lona Mandela a neng a dirile tshingwana ya gagwe. Mme jaanong ga fitlha kgogedi-kgolo: mola wa mantlwana-fitshwana a bagolegwa-nosi kwa Mandela le balatofatswa ka ênê ba Tsheko ya Rivonia ba neng ba golegetswe teng. Matsubutsubu a panyopanyo ya ditsayaditshwantshô e a latela, mme go sala fela nako ya tlhatlhelelo ya bofelo mo mantlwaneng-boithusetso pele le gololwa le go romelwa morago kwa sekepeng.
Fa o boela morago go ya kwa boemala-kepe, o ka tsaya mosepele go ithara le tselana ya bôrôtô e e etleleditsweng go lebelela diphinkwini, kgotsa o kwa lebaleba dilwana mo lebenkeleng la dimpho kwa boemela-kepeng. Mo nakong e e beilweng, o tlile go pagama sekepe go tsena mo loetong lo lo boelang gae, mme o lebe ka kobisô e e bohutsana jaaka bagolegwa ba ba ithaopileng ba ba latelang ba tletse bese go ka simolola loeto lwa bona go tsena ka dikgoro tsa Robben Island. Ka jalo, ka ditsela di le dintsi, ke motšhine o o botlhale wa bojanala, o o sekasekang batho jaaka Disneyland mo malatsing a boikhutsô a selemo. Ka tsela tse dingwe, ke loeto lo lo botlhokwa lo lo tshwanetseng ke go ka itemogelwa ke maAfrika-Borwa otlhe gore re kgone go tlhaloganya botoka bonnete jwa masisapelo a histori ya rona.

V&A Waterfront

Jaaka mojanala, loeto lwa gago go ya Robben Island lo simolola kwa Victoria and Alfred Waterfront. Leno ke lefelo la marekelo le le tlhanaselang, le tletsetletse mabenkele, marekisetso a dijo le dinô, matlo a dibaesekôpô le Majeremane. Tikatikwe e e tlhanaselang enô e aname go ya le kgaolo e kgolo mme, go ya ka dikgatlhegelo tsa gago, o ka tsaya diura di le mmalwa o lebaleba mo mabenkeleng pele kgotsa morago ga loeto lwa gago go ya setlhaketlhakeng.
Fa kwa tshimologong e ne ele segotlo sa bodirelo jwa dikepe le boemela-kepe kwa toropokgolo ya Cape Town, kgaolo ya Waterfront ya ngwagakgolo wa bo 19 e ne ya fetoga letlotla morago ga gore mafelo a dikepe a magolo a agwe kwa lôbôpong lo lo kwa pele ka ngwagakgolo wa bo 20. Mme, ka 1988, dikagô tsa dithoto tse di neng di senyega di ne tsa tlhabololwa go dira Waterfront e ntšha e re e itumelelang gompieno. Mo godimo ga ntlo-borekelo e kgolo e e tswalegileng, e e bitswang Victoria Wharf, tikatikwe e atologela go kgabaganya Victoria Basin, go neelana ka dipônô tse di boitshegang tsa boemela-kepe. Maeto a dikepe a kgatlhiso le maeto a helicopter a rebolwa, fela a ka se go ise kwa Robben Island.

Nelson Mandela Gateway

©Roger de la Harpe
Ikele kwa Nelson Mandela Gateway, kwa o tlileng go pagama sekepe se se yang kwa Robben Island. Gateway le bopagamelo di fa molomong wa Alfred Basin e potlana, mo o tlileng go bona dihotele tsa manobonobo di le mmalwa le mekoro e e seng ya botlhe, e athametse letsatsi. Pônô ya Table Mountain gotswa fa Alfred Basin e a boitshega. Gateway gape e eme fa thoko ga Clock Tower, kagô e e bohibidu jo bo galalelang, mme ka bobedi di supetswa ka matshwao a tsela go ralala Waterfront.
Fa o ka emisa sejanaga mo go lengwe la mafelo a magolo a go emisetsa dijanaga gaufi le ntlo-borekelo, gopola gore o tlile go nna le mosepele o mo leele go ya kwa Gateway. Fela o tlile go itemogela monate wa go kgabaganya leborogo le le kgatlhisang le le akgêgang, la boleele jwa mosele o o mo magareng ga Alfred Basin le lewatle. Lefelo le le siameng go emisa sejanaga, ka jalo, ke ka mo Clock Tower Centre, e e kwa letlhakoreng le le kgakala la tikatikwe ya Waterfront. Boemisetso-dijanaga jonô bo thatanyana go bonwa, jaaka bo fitlhelelwa fela gotswa ka kwa sêkêlêng e kgolo gaufi le toropokgolo, fela bo tlile go go latlhela mo kagông ya Gateway.
Clock Tower Centre le yona e na le mabenkele a le mmalwa le marekisetso a dijo le dinô ka boyona, mme e na le lefelo la tshedimosetso ya bojanala le le golo ka badiri ba ba lekaneng kwa boalông jo bo kwa godimo, le baemedi gotswa go ralala naga. Onô ke motswedi o o siameng wa tshedimosetso ka ga Cape Town, Kapa Bophirima le Afrika Borwa yotlhe. Tikatikwe ya Tshedimosetso e na le internet café mme o ka beeletsa dithekete tsa gago tsa loeto lwa Robben Island kwa tafoleng.

Translated by Nchema Rapoo