Go Etela Kgolokwe ya kwa Vredefort

© David Fleminger

Sebopego sa Kgolokwe ya kwa Vredefort

Kgolokwe e e feletseng ya kwa Vredefort e tswelelea mo karolong ya tshekeletsa le molagare wa dikhilometara tse 300. E taologa go tswa kwa godimo kwa Johannesburg kwa bokone botlhaba go ya kwa Welkom kwa borwa bophirima. Ka palogare ya bogare jwa Kgolokwe ke toropong e nnye e e bidiwang Vredefort.
Lefelo la Ngwaoboswa ya Lefatshe, le fa go ntse jalo, e feletse mo kgaolong e e botlhokwa e ntse dikhilometara tse 120 km borwa bophirima jwa Johannesburg, mo mabopong a noka ya Lekwa. ‘Naga e ya Thaba ya Kgolokwe’ ke e e setseng ya kokomogo e e bogareng e e neng e eme mo bogareng jwa tshimologo ya khuti.
Fano, Archaea ya letlapa le le tiileng la kgolokwe le kholoro ya tikologo ya yona ya matlapa a a fetotsweng a gogotswe tlhoma motseletsele wa mebotwana e mentle e e bapileng le melapo, e obegile mo arekeng e e ntle magareng ga Vredefort, Parys le Potchefstroom. Mafelo a kwa ditoropong ke a fa gaufi mme ga se karolo ya kgaolo e e botlhokwa, gore tlhabololo ya ditoropo tse ga e ka ke ya kgoreletswa ka molao wa tshireletso ya ngwaoboswa.

Melelwane ya Kgaolo e e Botlhokwa

Melelwane ya kgaolo e e botlhokwa e e ka nnang e tsamaelanang le ditsela tse di mmalwa tse do golaganyang ditoropo tse tharo tse. Molelwane wa kwa botlhaba ke tsela ya sekontiri ya Parys-Potch (R53). Tsela ya sekontiri ya Schoemansdrift-Potch (seripa sekontiri-seripa motlhaba) e kwa mathokong a bophirima.
Tsela ya motlhaba e e tsamayang go ya botlhaba go ya kwa bophirima (e bidiwa Tsela ya Schoemansdrift) e kopantsha ditsela tse pedi tsa kgaolo ya Potch mo letlhakoreng la Porofenseng ya Bokone Bophirima. Mme, kwa borwa, go na le ditsela tse mmalwa tsa motlhaba tse di dirang popego ya bontlhannwge jwa ngwedi kwa letlhakoreng la Foreisetata. Kwa tikologong ya bosekwere se se botlhokwa konokono go na le kgaolo ya kemelo ya dikhilometara tse di 5.
Ka fa bogareng jwa Kgolokwe kgaolo go tswelela Noka ya (bo kaya ‘bosetlha’ kgotsa ‘go nna lorole’) Lekwa, e e elang go tswang kwa botlhaba go ya kwa bophirima. Lekwa ke mosele wa metsi o mogolo wa maemo a Aforika Borwa mme a thusa go abela Joburg le tikologo ya lelapa la intaseteri ka metsi.
Bontsi jwa tirelo ya intaseteri e diragala kgakalanyana le noka go tswa kwa Kgolokweng, kwa ditoropong tsa Sasolburg, Vanderbijlpark le Vereeniging. Noka ya Lekwa e e itsegeng ka lefelo la metshameko ya metsi, go neelana ka go thaya ditlhapi, go relela mo metsing, kayaki le go ikakatlela mo metsing. Letamo la Lekwa, kgakalanyana le noka go tswa kwa Vereeniging, ke kgaolo e nngwe ya malatsi a boikhutso e e tlhomamisitsweng sentle.

Popego ya Mmugodimo e e sa Iketlang

Ka ntlha ya popego ya mmugodimo e e sa iketlang ya Naga ya Thaba ya Kgolokwe, kelelo ya ka bophara go le gantsi jwa Noka ya Lekwa e tshwentswe jaaka e elela kwa dillageng tsa matlapa.
Seno se tlhola gore metsi a itlhaganele mme a arogane ka palo ya melapo le meela ya ka bonako, e kgaogantswe go tswa go enngwe ke makgolo a ditlhaketlhake tse dinnye. Setlhaketlhake se segolo go gaisa tseno ke 150ha, mme e nngwe e na le lepatlelo la go tshamekela kolofo la mesimana e 9. Setlhaketlhake seno, ka tshwanelo se bidiwa Setlhakatlhake sa Go Tshameka Kolofo, se golagantswe le Parys ke borogotekelelo e nnye e ntle.
Ditlhaketlhake tsa boemakepe jwa Lekwa di humile ka diphologolo, dimela le binonyane. Gape di ne nna baipei ba batho le bangwe ba sa batlegeng sentle, segolo thata mo tikologong ya lefelo la Parys moo ditlhaketlhake di le digolo le go nna dintsi. Ka nako ya Ntwa ya Bobedi ba Maburu le
Maesimane, ditlhaketlhake tseno di ne tsa ya pele go nniwa ke batshabi le batlhanogi ba ba tantabetseng go kgabaganya noka le go iphitlha mo teng ga dimela tse di kitlaneng. Ntlha e ne e le gore, ditlhaketlhake di ne di se naga ya ope; naga ee e neng e sena mong e ne sa wele kwa Foreisetata kgotsa Teransefala.

Nna Pila

Kwa morago ga bo1800, boemo bo ne jwa gwetlhwa ke diripaboleki di le pedi, bobedi ba kopile gore ditlhaketlhake ke tsa bona. Ntwa ya semolao e e telele e tseneletse go leka go batlisisa gore ditlhaketlhake ke mang mong wa tsona.
Kwa bokhutlong, komiti e e kgethegileng e ne ya tlhomiwa dira patlisiso ya setlhatlhake sengwe le sengwe ya mme go tloga faoe neela puso nngwe kgotsa nngwe. Ka tlhaloganyo, ditlhaketlhake di ne di sa letlelelwa go kgaoganngwa fa gare. Ka 1895, ‘Tumalano ya Ditlhaketlhake tsa Noka ya Lekwa’ e ne ya saeniwa. Teransefala e bone ditlhaketlhake tse 100 mme Foreisetata e bone di le 90. Jaanong se ke se ke se bitsang tumalano ya dipuisano!
Gompieno, Noka ya Lekwa e tshwaya melelwane o o fagare ga Porofense ya Bokone Bophirima le Foreisetata. Ka jalo Kgolokwe e ntse matlhakoreng oo mabedi a bothati jwa porofense, mme se se dirile tlhabololo le papatso ya yone e nne bokete. Mo godimo ga moo, lefelo le le botlhokwa la Kgolokwe le akaretsa dipolase di le 100 tsa bong jwa poraefete le didika di le mmalwa tsa bommasepala.
Ke solofela gore mongwe le mongwe o tla kgona go tshameka pila mme a letla kgono ya Kgolokwe go ungwa. Tsweetswee ela tlhoko, le gale, gore dikgogleo di le dintsi tsa Kgolokwe jaanong jaana di mo nageng ya poraefete mme di ka se etelwe kwa ntle ga tetla ya mong wa lefatshe.

Translated by Lawrence Ndou

Go Kgweetsa go kgabaganya Kgolokwe ya kwa Vredefort

Tsela ya kgoro ya go ya kwa Kgolokweng ya kwa Vredefort ke Parys, toropo e e gogelang ya maikhutso e e agilweng go bapa le lebopo la kwa bor...more

Dimela le Ditshedi kwa Vredefort

Kgolokwe ya kwa Vredefort e ntse mo setšhabeng sa tlhago sa Naga e e Tletseng Bojang, mo ntlheng ya Nagagodimong le mmoto o sephara wa Tera...more

Le Toropo ya Vredefort

Le mororo toropo ya Vredefort e file leina la yona kwa go Kgolokwe, ga gona dilo tse dingwe tse dinnye tsa go ngoka baeng mo motseng o o did...more