Ditshwantsho tse di Takilweng kwa Magageng tsa Batho ba San

© Roger de la Harpe

Mahumo a kwa Dikgageng

Ditshwantsho tse di takilweng tse di gakgamatsang tsa badimo ba bataho ba San tse di setseng mo maboteng a legaga le tshireletso go na le pelaelo ya gore botaki bo bo itumedisang thata le e e dirilweng ka botswerere e e kgobokeditsweng ke motsumi mo lefatsheng.

Ka go lekana le tse di gabilweng ka bokgoni (mekgabo ya mo mafikeng) e e fitlhelwang thata mo bogareng jwa naga, mme ditshwantsho di tlhagelela di le dintsi tse di takilweng, segolo mo mafelong a a nang le mafika le dithaba jaaka Drakensberg (KwaZulu-Natal), Kapa Botlhaba, le kwa borwa-bophirima jwa Kaoa (go akaretsa Cederberg).

Ditshwantsho tsa batho le diphudufudu tse di kgolo gantsi tse di leng mme diponagalo tsa lenaga ga se gantsi di akarediwa. Go ya ka mabaka a a sa itsiweng, digabiwa di akaretsa tshobokanyo ya meakanyetso go feta ditshwantsho.

Kwa tshimologong, batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore botaki bo supiwa mfela ditiragalo go tswa mo matshelong a letsatsi le letsatsi, kgotsa direkoto tsa go tsoma, le fa kgopolo ya gore botaki ba ne bo lomagantswe le bodumedi le tlhamane e ne e le teng go tswa kwa tshimologong. Setso sa botaki se ne sa swa ka ngwagakgolong ono, mme tota le go sa le gale kwa dikarolong dingwe tsa naga.

Mebala e e dirisiwang ke batho ba San mo botaking jwa bona e ne e le gantsi e mekhibidu, go tswa go mmala wa namune, boorokwa le marunu; serolwana; bontsho le bosweu; le pheteletso tsa tsona. E se kitla e le botala jwa legodimo kgotsa botala bo bo neng ba dirisiwa. Mekgwa e e tlhabolotsweng ya go dirisa dikhemikale e a tlhokega go sekaseka diteng tsa mebalafatsi, le dipotso di le dintsi di tshwanetse go arabiwa.

Dimmalafatsi di ne di bonwa go tswa haematite (mmalafatsi wa mmopa o o khibidu) le go nna boserolwane go-tswa go limonite (mmalafatsi o o serolwane wa mmopa). Manganese okosaete le ka dinako tse dingwe malatlha a ne a dirisiwa go taka bontsho, fa mmalafatsi o mosweu, o o sa bolokeng sentle, e ka e dirilwe go tswa go kalaka kgotsa dithorwana tsa dinonyane. Ka bo1930, monna mogologolo wa karolo ya batho ba San, yo o neng a lemogile bataki ba batho ba San, o supile thulaganyo jaaka fa a e gakologelwa, mme a bolela gore o ne a tlhoka madi a phofu go tlhakana le mmalafatsi - kwa ntle ga pelaelo, ke setswaki sa sesupo sa boitseanape.

Go fa Botaki ba Batho ba San Letlha

Go fa botaki ba batho ba San go bokete thata. Gantsi go ke fewi letlha la khabone, ka gonne dimmalafatsi ga se tse di bolang (go nna le kahbone) le ka ntlha ya gore bontsi jwa dikarolo tse di bolang tse di dirisitsweng ke tse dinnye thata go dira teko.

Fa makakaba a mafika a a pentilweng a fitlhelwa mo masaleding a thutamatlapa tse di bolang mo llageng yone eo e ka newa letlha, go neelana ka letlha le le lekanyeditsweng. Lefelo le le ngwe la kwa Namibia le ntshitse matlha a mo dingwageng tsa go feta 26,000 tsa bokagodimo a lefika le mmalafatsi e ntsho mo go one, mme matlha a mangwe otlhe a wela mo dingwageng tse di 10,000 tse di fetileng.

Bontsi jwa ditshwantsho tse di takilweng tse di sa ntse di bonala mo sefatlhegong sa mafika le tsone gongwe di santse di le dišwa, jaaka pente le bogodimo ba lefika di le mo kotsing ya go senyega le go bola. Ditshwantsho tsa Drakensberg tsa dipitse le masole di supa gore ditshwantsho tse di takilweng di ka se nne letlha pele ga ngwagakgolo wa 19.

Karolo e e bonalang sentle ya botaki ba batho ba San ke ditshwano tsa mekgwa ya batho ya kgatelopele e e bophara, e e tshwantshang tiro le lebelo go se nene. Kgato e e bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng: tse di gakgamatsang, ka diphologolo tse di nwang metsi kgotsa di tlola, le go nna bofitlha, ka go tsoka mogatla kgotsa go somakisa molala. Ka dinako dingwe ditshwantsho tse di takilweng di tlhola maikutlo a kgatelelo ka go gatisa motsotso fela pele ga kgato, jaaka ramarumo pele fa a bofolola marumo a gagwe, kgotsa tau fa e tla tlola. Jaaka dintlha tse dingwe tsa botshelo jwa batho ba San le setso, go na le pharologano e kgolo le tsamao le bontsi, ka mokgwa o, setlhogo jalo jalo, go bapa le ditshwano tse di tshitshinyang gore di ne do tlhotlheleditswe ke ditumelo tsa sedumedi tse di tshwanang.

Ditshwantsho tse di siameng tsa mebala e e mebedi le tsa mebala e e fetang e mebedi ya phofu, phologolo e e botlhokwa thata ya bokao ya batho ba San ba borwa, ke sesupo sa mokgatlho wa bodumedi ya tse dingwe, gongwe go feta, ya botaki. Ditshwantsho tse di takilweng tsa go bina, fa basadi ba opang diatla fa banna ba bina, gape golaganya botaki go moetlo wa kalafo, jaaka di itsege go tswa go batho ba San ba Kgalagadi.

Ditshwantsho tsa masole, dikolotsana, le ditshwantsho tse di tshwanang di ka bo di ne di le karolo e e rileng ya boitseanape ka go dira, mme gape le go kwala ditiragalo tsa hisetori - go akaretsa tseo di bakileng gore kwa bofelong go khutliso ya setso sa botaki, le tsela ya San ya botshelo ba go tsoma-go kokoana mo Aforika Borwa.

Translated by Lawrence Ndou