Ditlaleletsi tsa Vitamin tsa Dipodi

© Marinda Louw

Dipodi ke diphologolo tse di botlhale mme di tsamaya ka kgololosego go ja mere, mefero le diredimela tse dingwe tsa medi e e boteng, tse di nang le seelo sa diminerale se se kwa godimo. Dipodi di tlhoka maatla, protein, di-vitamin, diminerale, fibre (ka bontsi) le metsi, mme go tsona tsotlhe protein ke yona e e tlhwatlhwa-godimo thata. Go sa lekalekane ga di-vitamin le diminerale go ka kganetsa go diragatsa ga phologolo le go isa kwa mathateng a a farologaneng a boitekanelo. Fibre e botlhokwa go tshola tikologo ya lela la rumen e e itekanetseng le go thibela dikgoreletso tsa tshilodijo, fa metsi ele sefepi se se tlhwatlhwa-tlase go gaisa mme nako dingwe se se ikgatholoswang.

Di-Vitamin tse di Tlhokwang ke Dipodi

Vitamin A e neelana ka twantsho kgatlhanong le malwetse mme tlhaelo ya yona e ka baka go dusa go go bokoa, tatlhegelo ya boimana, malwetse a matlho, mathata a khemo le letshololo. Thulaganyo ya tshilodijo ya podi e tlhagisa Vitamin A gotswa go carotene, e e leng teng mo mmopong, digweteng le matlhareng a matala, fela e a tlhaela mo furung ya kgale le phulô.
Vitamin D e botlhokwa mo go gôpêgeng go go tshwanetseng ga calcium le phosphorus mme letsatsi le le ntsi le a tlhokega go bona Vitamin D e e lekaneng. Tlhaelo e ka baka kgolô e e bokoa.
Vitamin E e botlhokwa go boleng jwa mašwi le tsadiso. Vitamin E e fitlhelwa mo bontsing jwa difepi tse di foreshe, fela e bona oxidation ka pele, mo furu ya kgale le dithoro tse di fa fatshe di nnang metswedi e e bokoa. Tlhaelo e baka nyemetlhano ya mesifa ya pelo le letlhotlholo. Fibre tsa mesifa di a timpala mme ke ka moo leina ‘bolwetse jwa mesifa e mesweu’. Bothata jono bo ka se diragale kwa mafulong mme diphologolo tse di sa fuleng di tshwanetse go neelwa furu ya boleng jo bo siameng.
Di-vitamin C le K di teng mo tlhageng le mo furung. Di ka dirwa gape ke bacteria e e mo leleng la rumen (Vitamin K) kgotsa mo sebeteng le diphilong (Vitamin C).
Dipodi le diotli tse dingwe di na le bacteria mo leleng la tsona la rumen, e e kopantshang di-vitamin tsa B, fela metlhampepe mo maleng e ka ntsha di B vitamin tse di rileng. Tlhaelo ya di-vitamin tseno e ka isa kwa cerebrocortical necrosis, bothata jo bo bakang matshwao a bolwetse jwa ditshika. Seno ke ka ntlha ya necrosis (go swa) ya disele mo karolwaneng ya boboko ya cortex ka ntlha ya tlhaelo ya thiamine (vitamin B1).

Translated by Nchema Rapoo