Go na le dithulaganyo tse tharo tsa go buna metsi a pula. Kgobokanyo e kgolo ya kgobokanyo ya metsi a pula go tswa ka ntle ga melelwane ya polasa. Kgobokanyo e nnye ke kgobokanyo ya meetse a pula go tswa mo metseng a elelang mo polaseng, fa kgobokanyo e nnye ya kwa godimo ga marulelo, e leng kgobokanyo ya metsi a pula go tswa marulelong a meago.
Metsi a pula a kgobokanywa go tswa mo metsing ao a elelang gaufi le polasa kgotsa mo polotong. Metsi a ka fokotswa lebelo mme a romelwa kwa mathuding, a jaaka jessours tse di dirisiwan kwa Tunisia. Mathudi a a fitlhelwa mo meeleng e e sekameng mafelong a pula ya ngwaga e leng gare ga 100 - 200 mm. Go kgobokanya metsi a pula go ka kgona go oketsa go nna gone ga metsi go lekana le 400 - 500 mm ya pula e e nang ka ngwaga. Mabota matlapa a a bopang dijana tse di seng boteng kgotsa matamo le tselana e boreledi go lokolola metsi phetelela ke dikarolo tsa thulaganyo ya kgobokanyo e kgolo. Metsi a mangwe a a fetelelang a ka bolokwa. Mesola e mengwe e akaretsa go tsosolosa metsi a fa fatshe le go taolo ya morwalela.
Metsi a pula a kgobokanywa ka meretong ya mo tshimong e khutswane fela go ya ka botelele. Ka tlwaelo, se se dirwa ka go tlhoma dijana tse di seng boteng le mesima mo meeleng go kgobokanywa metsi. Metsi otlhe a bolokilwe mo mmung. Thulaganyo e e fokotsa kelelo go tswa mo tshimong le go thibela kgogolego ya mmu.
Metsi a pula a kgobokanywa go tswamo marulelong mme a romelwe ka meedi ya marulelo kgotsa dipeipi kwa tankeng ya go boloka.
Ka tlwaelo pompo e golagantswe mo tankeng. Metsi a fitlhelwa ka go akofa go dirisiwa mo gae.
Mokgwa wa puno ya metsi a pula mo tshimong (IRWH) o tsweleditswe ke babatlisisi ba Mokgatlho wa Khansele ya Dipatlisiso tsa Temothuo ka Mmu, Maemo a bosa le Metsi kwa Bloemfontein.
Mokgwa wa IRWH o na le moreto wa bophara ba 2 m magareng ga methaladi e mengwe ya dijalo le poloko ya metsi a go elela mo dijaneng kgotsa matamong a ma nnye. Kwa morago fa dijana di agilwe, ga go a tshwanelwa go nna le jalo le go lema - go lema le go suga mmu go dirwa kwa lefelong la kelelo mme legogo le a bopega, seo se thusa mo kgogolegong ya metsi. Metsi a kgobokanywang ka tsela e a ka monyelega kwa fatshe mo mmung kwa fatshe ga bokagodimo ba mmu, ka jalo go fokotsa moyafalo.
Mokgwa wa go buna metsi a pula o o kopantshang ditiragatso tsa temothuo tsa go buna metsi, go sa be le go lema sepe, go lema mo sejaneng le go khupetsa mo mebung ya mmopa e kotsi ya komelelo. Go lema mo sejaneng go ra gore mmu kwa lefelong leo metsi a kgoboketswang, sekao matamo a a seng boteng, a sugiwa. Se se ka dirwa ka haraka mme le go netefatsa gore metsi a monyegela mo mmung bonolo.
Mokgwa wa IRWH o ka fokotsa go elela ga metsi ka botlalo go ya go lefela gape le go fokotsa moyafalo go tloga mo bokagodimong ba mmu. Se se ka feletsa ka koketso ya dipoelo ka ntlha ya metsi a a fetang kwa karolong ya medi.
Dipatlisiso kwa Thaba Nchu, mo Profenseng ya Freistata di fitlhetse mokgwa wa IRWH o oketsang poelo ya dijalo tsa selemo: mmidi o oketsegile ka 40%, sonoplomo ka 30% le menawa e e omileng ka 90%.
Go atlanegisitswe go dirisa khupetso mo metsi a elelang go thibela mmu go tsamaya le metsi.
Mesola ya lefelo la sejana:
E thibela go elela ga metsi mo tshimong
Go isa tsenelelo ya metsi kwa godimodimo
Go boloka metsi a bunilweng mo mmung
Go dirisa dikhupetso mo dijaneng go fokotsa moyafalo
Mesola ya metsi a elelang mo lefelong:
Go tlhatlosa go elela ga metsi
Go dira jaaka lefelo la bobedi la bobolokelo ba metsi
Tiriso ya dikhupetso mo lefelong la metsi a elelang go fokotsa moyafalo le go thibela kgogolego ya mmu
Puno ya metsi a pula mo tshimong ga se gwa maleba mo mmung wa motlhaba mme a ka dirisiwa sentle mo mebung ya mmopa kgotsa mebu ya duplex – mebu ya dillaga tse di ganetsanang le go ba gona ga mmopa. Go itse kelo ya mmu wa mmopa, phuthela bontlhanngwe ba mmu mo sebopeng sa seboko mme o leke go se phuthela ka go C.
Moela ga o a tshwanela go feta 8% mo mmung eo e seng ya kgogolege, jaaka letlapa le pula ya ngwaga e tshwanetse go nna gare ga 450 le 700 mm.
Translated by Lawrence Ndou