Dirisiswa tsa Tlhokomelo ya Mebutla

© Karoline Steenekamp

Karolo e, e samagana le dirisiswa tse ditlhokagalang go simolola Polase ya Mebutla (Rabbitry). Se, se akaretsa ditanka (containers), system ya metsi, totoma ya bojang jo bo omisitswe jwa dijo tsa mebutla, dikantina tsa go somarela dijo, didiriswa tsa go phepafatsa, sentlhaga, le dihoko tsa tsela, le kgetsana ya thuso ya ntlha ya tshoganyetso.

Dikantina tsa Dijo

O tshwanetswe ke go nna le dikantina ya go tshola mefuta yotlhe ya dijo tse o tla di thlhokang. Di-Pellets di siametse go fepa diphologo di itshwareletse mo terateng ya hoko, gore o kgone go difa tsone kgwantle ga go bula lebati la hoko. Dijana kgosa di-feed hoppers di tshwantse go tshwarelelwa le go bofelelwa mo dihokong, go thibella mebutla go ka di kgopa mme tsa tsholola dijo le mesti fa fatshe ebe dijo di senyega. O tshwanetse go dirisa feed container go fepa bomme le bana ba bone, kgotsa setlhopa sa mebutla se se nnang mo hokong ele esi.

E tshwanetswe ke go nna boleele jo bo lekaneng gore diphologolo tsotlhe tsa hoko eo di kgone go ja tsotlhe, mmogo ka nako ele esi. Dijana tse di ka diriwa ka galvanised metal, pottery, le dibotlolo tsa dinwamaphodi di ka dira (tse, mebutla e rata go ditlhafuna mme o ka kgona go bona tse dingwe mme o di busetse). Dijana tse o tla di dirisang fo fepa mmotlana di tshwane go nna dinnye gore bana ka seka ba tsena, go wela kgotsa go nna mo godimo ga dijo. Dijana tsoltlhe di tshwanetswe ke go phepafatsiwa ka metlha. (Buisa kgaolo ya tsa Bophelo).

System ya Metsi

Phitlhello ya metsi aa phepa e tshwanetse go nna teng. Tsela ee maleba ya go di abela metsi ke ka tiriso ya di-water nipples. Di-system tsa tiriso ya dimetsine go tsamaisa le go fepa diphologolo ka metsi di tlhofofatsa tsamaiso eo. Le fa ele gore di na le mosola o montsi, o tshwanetswe ke go e okamela go nnetefatsa gore di-nipples tsa tsone ga di thibege, ebile ga nke di tsholola metsi. Di tlhoka bookamedi (management). Bothata ba go dirisa system e ke gore rapolase o tla sokola go itse gore phologolo engwe le engwe e bone metsi a makae mo sebakeng sa diaura (hrs) dile 24.
Se, se tlhokisa rapolase kitso ya selekanyo, mme seo se ka ama bophelo ba mebutla. Le fa gontse jalo, ga ditanka tsa metsi (overhead tanks) dile teng mme di nna di tletse ka metsi, di kgona go nnetefatsa gore diphologoolo tsotlhe di kgona go bona metsi ga di a tlhoka. Melemo e e tlhokwang le leruo lotlhe e difiwa ka tiriso ya dimetshine tsa metsi.

Totoma ya Bojang bo bo Emeletseng

Tlhaga ke sejo se se botlhokwa go boloka bophelo ba mebutla yotlhe. Go botoka ga di fa tlhaga ka go e tsenya mo setshwaring (holder) sa yone, mme se bidiwa “Rick”, go sa nneng jalo, diphologolo di tla itlwaetse go e palama mme di e kgotlhele. Di-hay ricks di ka bewa kwa ntle ga hoko mme mmutla a itseele tlhaga ae gogela kwa go ene ka diphatlha tsa hoko, mme o ka di bofelela mo hokong ka fa ntle.

Ditanka tsa Mabeelo

Dijo tsotlhe tsa diphologolo di tshwanetswe ke go bolokiwa mo ditankeng tse ditshwalegang di sireletsa kgatlhanong le go senyega le go thibelela borotwe, magotlho le magodu a mangwe go ka di fitlhelela.

Translated by Ikalafeng Maedi