Dipharologano Magareng ga Dikgomo tsa Mašwi

Matsopa a mašwi a magolo ale mane - Holsteins, Jerseys, Ayrshires le Guernseys, a farologana ka bokete jwa mmele, ntshô ya mašwi le dikarolwana tsa mašwi, fela dipharologano mo letsopeng le le rileng ke tse kgolo.

Holsteins

©Louise Brodie
Holsteins di na le matshwao a a itshupileng, gantsi ke a a bontsho le bosweu ka mmala, fela bokhunou le bosweu bo nna teng le bona. Ke kgomo e e tiileng e e bokete, ya bokete jo bo simololang go 550 goya go 750 kg, ka dielô tse di kwa godimo tsa ntshô-mašwi, e e ka nnang 8550 kg ka paka ya ntshô-mašwi ya malatsi ale 305 (palô-magareng ya 28 litre/letsatsi). Seêlô-magareng sa mafura a mašwi ke magareng ga 3.0% goya go 4.2% fa protein e farologana gotswa go 2.5% goya go 3.8%. Fa sefepi ele se se kwa tlase kgotsa ele sa boleng jo bo kwa tlase, dikgomo tsa sebopego se se golo tsa Holstein di ka se nne matshwanedi. Ka kakaretso, Holsteins di diriswa mo dithulaganyong tse eseng tsa phulô jaaka dithulaganyo tse di tseneletseng tsa dikagô kgotsa mo dikampeng tse di bulegileng.
Di fepiwa phepô e e kopakopaneng e e akaretsang furu (hay, bojang) le difepi tse di loileng (pellets tse di rekilweng tse di nang le maatla le protein tse di kwa godimo) tse di tlhakantsweng goya ka ntshô ya mašwi kgotsa legato la ntshô-mašwi.
Ka gonne letsopa la Holstein ele letsopa la mašwi le le golo mo lefatsheng, palô e e kwa godimo ya ditona e teng mo tsadisong ya maitirelo. Seno se raya gore go tlile go kgonega go tshola tswelopelo ya bosemadi ya ntshô ya mašwi fa go ntse go tokafatswa dimelo tse di jaaka botsadisi.

Jerseys

©Chris Daly
Dikgomo tsa Jersey di dinnye, diborokwa le bosweu ka mmala, mme di bokete jwa 350 goya go 450 kg. Ntshô ya tsona ya mašwi e kwa tlase fa go bapiswa le tsa Holsteins, e ka nna 5000 kg go ntshô-mašwi, le fa mašwi a Jersey a na le dielô tse di kwa godimo tsa dikarolwana tse di komota; dielo tsa mafura di mo 4.0% goya go 5.5% mme di-percentage tsa protein di farologana gotswa go 3.5% goya go 4.5%. Dikgomo tsa Jersey di na le mokgwa wa maitsholo o o retibetseng le fa dipoo tsa Jersey go itsiwe di le dikgoka.
Jerseys ka kakaretso di diriswa mo dithulaganyong tse di ikaegileng ka mafulo, ka ntlha ya bokgoni jwa phulô jo bo siameng jwa tsona mme di tlhoka dielô tse di potlana tsa difepi tse di loileng, ka ntlha ya dielô tse di kwa tlase tsa ntshô ya mašwi.

Ayrshires

© Ayrshire Cattle Breeders’ Society
Ayrshires ke diphologolo tse di tiileng tse di boitshoko ka dithele tse di tshwareletseng sentle. Mmala wa boboa jwa tsona o farologana gotswa go bohibidu/borokwa jo bo setlhefetseng goya go jo bo tseneletseng, mme o kopantswe le bosweu. Bokete jwa mmele jwa dikgomo tsa Ayrshire tse di tshelang bo farologana gotswa go 400 goya go 600 kg. Dielô tsa ntshô-mašwi le di-percentage tsa mafura le protein di farologana ka go tshwana magareng ga tsa Holstein le tsa Jersey.

Guernseys

©Lucinda Morgan, The English Guernsey Cattle Society
Guernseys ke dikgomo tsa bogolo jo bo magareng ka bokete jwa mmele jwa tse di tshelang jo bo farologanang magareng ga 400 goya go 550 kg. Ntshô ya mašwi ya tsona le dikarolwana tsa mašwi (dielo tsa mafura le protein) di farologana ka go tshwana magareng ga tsa Jersey le tsa Ayrshire.

Translated by Nchema Rapoo