Dinotshe le go Dulafatsa

©Marinda Louw
Dinotshe di ‘tumileng’ ka tswine ya tsona (le dikuno tse dingwe) tseo di ntsha kunong. Mme go ntse go na le go oketsega ga kitso ya dinotshe tsa tirelo ka go tlamela ka tulafatso ya dimela. Boleng jwa dinotshe tsa tswine ya dinotshe jaaka badulafatsi di ka feeketsa kgakala boleng jwa tsona jaaka bantshakuno ba tswine ya dinotshe.
Mo Aforika Borwa, dijalo tse dingwe di ikaegile gotlhelele mo dinotsheng ka go dulafatsa ka ntlha ya go kgona go uma maungo. Tseno di akaretsa diterooberi, borekhu jo botala ba loapi le borekhu bo bontsho, dijalo tsa mafura tse di jaaka disonobolomo, gammogo le dialemonte le ditamane tsa makadamia. Maungo a a latlhang matlhare jaaka diporeimi, dipere le diapole le tsone di tlhoka dinotshe go dulafatsa dithunya tsa tsona go ntsha kuno ya maungo.

Baruanotshe kgatlhanong le Balemirui ba Dijalo

©Louise Brodie
Thulaganyo e e fa gare ga baruanotse le balemirui ba dijalo go tswa mo ditirelo tsa go dulafatsa di farologane le tsa mong wa lefatshe ebile le mofuta wa dijalo, go bolela jalo Ngaka Tlou Masehela wa South African Biodiversity Institute (SANBI).
Ka monamune le kanola fa dulafatso ya dinotshe e sa tlhokegeng, ga go na tuelo go tswa go molemirui go ya go moruanotsheng, mme molemirui a ka dira kopo ya mokgwa wa pusetso madi go tswa mo moruanotsheng jaaka tswine ya dinotshe.
Ka dijalo tse di ikaegileng mo dulafatsong jaaka diapole le dipereimi, molemirui o duela moruanotshe. Fa go na le tlhakatlhakano ya dijalo le dimela tsa tlhago, molemirui le moruanotshe ka bobedi ba ka neelang ka sengwe ka thefesanyo.
Mo kgetseng nngwe le nngwe e, go ka nna le tumalano ya semmuso (konteraka) kgotsa sepe, fela gantsi fao ditirelo tsa go dulafatsa di ne di duelelwa fa go rebolwa gore go na le konteraka magareng ga maruanotshe le molemirui.

Tlhotlhwa ya Ditirelo tsa Go Dulafatsa

Mafulo a tlhago a dinotshe a a neng a fokotsega ka leruri mo Aforika Borwa a lekanyetsa ntshokuno ya tswine ya dinotshe e ka nnang 10-12 ya dikilogerama mo tshelammogong ka ngwaga. Se se kwa tlase thata fa e bapisiwa le USA (30kg/ngwaga) le Australia (50 kg/ngwaga). Mo godimo ga moo, tlhotlhwa ya tswine ya dinotshe mo Aforika Borwa e kwa tlase le go nna ka fa tlase ga kgatelelo go tswa mo dueleng diromelwateng tsa tlhotlhwa e e kwa tlase ka R50/kg (2017). Gape, fa go bapisiwa le ditlhotlhwa tsa kwa USA (R75/kg) le Australia (R80/kg).
Kumo e e kwa tlase le tlhotlhwa ya tswine ya dinotshe e oketsa botlhokwa jwa ditirelo tsa go dulafatsa tse di duelelwang tsa baruanotshe mo Aforika Borwa go nna e e tswelang kwa pele.
Patlisiso e e dirilweng ke Mike Allsopp wa Mokgatlho wa Patlisisiso wa Temothuo (ARC) le Ngk Masehela ka 2017, ba tlhalosa gore tlhotlhwa ya tirelo ya go dulafatsa e laolwa ke patlego le go nna teng mme ga e a tlhomama magareng ga dijalo le setlha.
Kwa Amerika dijalo tse di thunyang ka pele ka dikgakololo tse di jaaka borekhu ba mmala wa loapi le dialemonte di gaisanela dirirelo tsa go dulafatsa, se se oketsang tlhotlhwa ya go dulafatsa. Patlisiso ya bone e supa gore mo dingwageng di le mmalwa go dulafatsa alemonte go oketsegile go tswa go $35 go ya go $180 ka tshelammogo. Dijalo tse di thunyang morago ga nako mo setlheng (sk. diapole) di ka nna di le bontsi jwa ditshelammogo tse di leng teng ka tlhotlhwa e e kwa tlase e e latelang ya go dulafatsa.

Dituediso tsa Go Dulafatsa

©Forest and Kim Starr
Mo Aforika Borwa, go na le tuediso e e atlanegisitsweng ya go dulafatsa. Kelotefo e ke kaedi mme ga e a go amogelwa ke baruanotshe botlhe, go ya ka dijalo. Dijalo tse dingwe di baka kgatelelo mo dinotshe jaaka borekhu, maphutse le dilitšhi tsa makadamia mme ka jalo baruanotshe ba bangwe ba ne ba ka duedisa go feta ka ditirelo tsa go dulafatsa tsa dijale tse.
Tuelo ya tulafatso e badilwe go ya ka fomula e e matswakabele e akaretsa ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa boruanotshe tse di jaaka dipalangwa, tshukiri (dijo) le badiri.
Tuelo ya go dulafatsa e e atlenegisitsweng ka 2018 e ne e le R802 ka yuniti ya go dulafatsa. Yuniti ya go dulafatsa ke motshitshi o le mongwe mo bogolong jwa malatsi a le 21. Se gape se bidiwa makhubu a go dulafatsa. Morago ga nako e, moruanotshe a ka duedisa kelotefo e e lekanang kgotsa go fetola kelotefo morago ga ditherisano le molemirui.

Translated by Lawrence Ndou