Dikgofa tsa Dikgogo

© Chris Daly

Le fa e le gore dokgogo di ka thusa go thibelea mefuta e mengwe ya dikgofa go thasela diruiwa tse dingwe tsa polase jaaka dikgomo, le tse di ka bonwang mo ntlong, di amega ke kgofa e e bidiwang Tampan kgotsa fowl tick. Gantsi dinwamadi tse ganke di bonala ga dikgogo di tlhodisiwa ka gonne mae a tsone a mannye thata go ka bonala ka leitlho mme di fepa bosigo ga dikgogo di robetse. Dikgofa tse di ka baka mathata a le mantsi ga di sa tlhokomelwe, bogolosetona ga dikgogo di nna ka bontsi di kgobokane mo lefelong le le esi.

Di bonala jang?

Dikgofa tsa dikgogo di sephaphathi, di bonolo, mme di tlhagelela ka mmele oo kgolokwe jwa lee (oval shaped). Tse o tla di bonang mo go diruiwa la mo lapeng jaaka dintshwa le dikatse tsone di tiile mmele. Fela jaaka motlhwa, di na le maoto a le robedi, mme e seng ga di santse di tswa mo leeng la tsone ga di santse di na le maoto a le thataro. Di ka farologana ka selekano ka ga di ka nna 3mm go fitlhellwa kwa 15mm ka boleele. E bile go tla ikanyega mo gore ke letsopa la mofuta mang le gore aa e setse e bone madi fa oe bona.
E ka iphutlha mo dijalong e emetse go bona motswasetlhabelo (host), mme gantsi di rata go nna mo mafelong a a nang le marulelo, le mo diphatlhaneng kgotsa mo sentlhageng. Lee la yone le ka falola sebaka sa dikgwedi di ka nna pedi kgotsa go feta, mmotlana (nymph) o ka kgotlhelela sebaka sa ngwaga fa ya mogolo e ka kgotlhelela sebaka sa dingwaga di ka nna tharo e sa bone sejo sa madi.

Matshwao a infestation?

Ga nke di baka “anaemia” mo dinonyaneng, mme di ka tsela malwetse a a ka di bolayang, jaaka go swa bogatsu kgotsa tick paralysis e e bakiwang ke megare ee bonwang mo matheng (saliva) a yone, Borrelia Anserine, Borrelia Spirochetes, Borrelia Spirochaetosis, Pastuerella le West Nile Virus.
Matshwao aa tla go bonthsang ga kgofa e le teng ke, go swa bogatsi ga phologolo, go ota le go fokotsega ga bokete ba mmele, fuffled plumage, diso mo letlalong, ga o ka di bona di jela kwa tlase le go tsolla ga tsone. O tla di bona di retelwa ke go robala bosigo mme sa nnisege. Dikgogo tsa free-range tsone di tla retelelwa ke go tsena mo dihokong (Coop)
Ga o tlhodisa (inspection) dikgogo, o leke go lebela gore ga di na matshwao a ditsubaba tse dinnye tse di tshibitswana. Gantsi dikgofa tse o ka dibona mo tlhogong, mo molaleng le mo mafelong a a senang mafofa a mantsi le kwa maotong. O gopole gape gore, ga di nke di itshwarelela mo mmeleng wa dikgogo mme difepa masigo, ka jalo, o ditlhodise bosigo ka fa tlase ga kganya e e siameng. O tlhodise hoko ya dikgogo go bona fa di sa iphitlhe mo go yone. O tla bona ditsubaba tse ditshibidu fa dile mo teng.

Translated by Ikalafeng Maedi