SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedDijothoro tsa Mariga mo Afrika Borwa

Dijothoro tsa Mariga mo Afrika Borwa

©Glenneis Kriel

Dijothoro tsa mariga tse di botlhokwa thata ke korong, canola le barley, bontsi jwa tseno di tlhagisiwa kwa kgaolong ya tshologo-pula ya mariga ya Afrika Borwa - Kapa Bophirima. Tlhagiso mo porofenseng eno e diragala kwa Borwa jwa Kapa le Swartland, kwa korong gantsi e bopang lotseno lo lo golo.    

Ka ge go na le ditlhopho tsa dijalo tse di lekanyeditsweng go ka dikoloswa le korong, balemirui bano gantsi ba tshola leruo, le le jaaka dinku le dikgomo, go tsenya boleng mo dijalong tsa sefepi mo tikolosong, tse di jaaka lucerne, medics le lupines. 

Korong

©Glenneis Kriel

Afrika Borwa ke moreki-ntle yo mogolo wa korong, seno se raya gore re reka-ntle dielô tse di kwa godimo tsa korong go tswala phatlha ya tlhagiso e e kwa tlase ya selegae. Kgaolo ya tlhagiso e fokotsegile mo go maswe mo dingwageng tse di ntseng di feta, ka ntlha ya dipoêlô tse di bokoa le matshosetsi a a kwa godimo a a golaganngwang le tlhagiso, le fa dielô tse di tlhagisiwang ka heketara di oketsegile ka ntata ya tokafalo mo mekgweng le bodiragatsi tsa temô. 

Korong e tlhagisiwa go ralala Afrika Borwa, le fa ele ka dielô tse di potlana mo diporofenseng tse dingwe, mo lefatsheng le le omeletseng kgotsa ka fa tlase ga nosetsô. 

Free State mo kgaolong ya tshologo-pula ya selemo e kile yabe e lejwa jaaka tlatlana ya senkgwe ya naga, ka ntlha ya dielô tse di kwa godimo tse di neng di tlhagisiwa kwa teng, fela tlhagiso mo kgaolong e fokoditswe go utlwala mo ngwagasomeng o o sa tswang go feta ka ge balemirui ba bona fa go le botoka go tlhopha dijalo tse di ka nnang le lotseno lo lo kwa godingwana le matshosetsi a a kwa tlase a a golaganngwang le tsona. 

Ka dikemisetso tsa tlhagiso tse di lekanyeditsweng, Kapa Bophirima kwa kgaolong ya tshologo-pula ya mariga, e e akaretsang Swartland le Borwa jwa Kapa, e tsere morwalo ono mme ga jaana e tshotse bogolo jo bo ka etsang halofo ya palogotlhe ya kgaolo ya tlhagiso ya Afrika Borwa. Korong mo porofenseng e tlhagisiwa ka fa tlase ga maêmô a lefatshe le le omeletseng. 

Canola

©Glenneis Kriel

Canola ke sejalo sa mariga mme ka jalo e tlhagisiwa ka bogolo mo kgaolong ya tshologo-pula ya mariga - Kapa Bophirima. Diteko le gale di a oketsega go senola dikgaolo tse dingwe tse di ka tlhagisang sejalo seno, ka ntlha ya tlhoko e e oketsegang ya oli ya canola.  

Tlhagiso e kile yabe ele dipoelo tse di kwa tlase go feta tlhagiso ya korong, ka jalo balemirui gantsi ba ne ba e jalela dipoelo tsa yona jaaka sejalo-tikoloso. E thusa go roba ditsheko-lwetse tse di golaganngwang le korong e e tlhagisiwang jaaka sejalwanosi mme e letla balemirui go dikolosa diboloyamofero tsa bona go tokafatsa taolo-mofero. Ditiragatso tse di tokafaditsweng le gale di tokafaditse go dira lotseno ga Canola, go e fetola sejalo se se ka jalwang ka bosona.

Barley ya Momela

©Glenneis Kriel

Barley e jalwa mo Afrika Borwa ka ntlha ya ditiriso tsa yona tsa momela, ka ge boleng jwa yona jaaka sefepi bo sa buelele matshosetsi a a kwa godimo a a golaganngwang le tlhagiso. Bogolo jwa barley bo rekisetswa motitiedi ale esi yo mogolo, AB InBev. Fa dielo tse di potlana di ka rekisetswa batitiedi-potlana, seno gantsi ga se fe botlhale jwa moruo. 

Barley e jalwa ka fa tlase ga nosetso kwa Kapa Bokone le mo lefatsheng le le omeletseng kwa Borwa jwa Kapa. Go nna teng ga mefuta ya dijadi e mentshwa go isitse kwa tlhagisong e ga jaana e atologetseng kwa Swartland kwa Kapa Bophirima. 

Translated by Nchema Rapoo