Ke Dijalo Dife Tsa Phulo Tse o Tshwanetseng Go Di Jala?

© University of Maryland Extension

Go tlhopa dijalo tsa phulo go laolwa ke:

Maemo a bosa le maemo a mmu
Go nna teng ga metsi
Ke diphologolo dife kgotsa kopanyo ya diphologolo di tlo dirisang mafulo
Tiriso ya mafelelo ya phulo - sekao, a phulo e tla dirisiwa go fula fela kgotsa e tla dirwa furu kgotsa letseto?

Dijalo Tsa Phulo Mo Aforika Borwa

©Kamrul Islam Shahin

Go ya ka Kgoro ya Theknoloji ya Furu ya Mokgatlo wa Dipatlisiso tsa Temothuo (ARC), dijalo tsa phulo gantsi di dirisiwa ka ntlha ya furu ke bojang ba lerato bo bo lelang (Eragrostis curvula) le Eragrostis tef. Ka ntlha ya letseto, mmidi gantsi di a dirisiwa, le fa go le jalo, furu ya mabelethoro le yona e a dirisiwa.

Majang a tumileng thata a selemo ke bojang ba ulu (Anthephora pubescens), bojang ba Rhodes bojang ba monwana. Majang a mariga a akaretsa leoto la mokoko, bojang bo bo tala bo botelele, outse le lebele le le thunyang. Menawa mo lenaneong la ARC e akaretsa nawa ya dolichos le stylo (jaaka menawa e e jetsweng selemo) le tlabere e tshweu, luserene le ditlhare jaaka menawa e jetsweng mariga. 

Metswako e e tumileng ya bojang ba menawa e atlenegisitswe ke ARC ke tlabere ya majang a lebele a Mantariana, erekisi ya kgomo ya mabelethoro kgotsa nawa ya mabelethoro a dolichos le kopanyo ya outse ya vetch - e ntsho e e nang le moriri ya Daikon ya rediši.

Khamphani efe kgotsa efe ya peu e tla kgona go go eletsa ka ga dijalo tsa phulo tse maleba go di jaala kwa tikologong ya gago le mo mofuteng wa mmu wa gago. Kopa keletso.

Mefuta Ya Dijalo Tsa Phulo

©Pannar Saad

Dijalo tsa phulo di arogantswe ka ditlhopha di le pedi - thempheretšha le mafulo a boboatsatsi.

Mafulo a boboatsatsi
Mafulo a boboatsatsi a jalwa kwa mafelong ao pula e nang selemo mo Aforika Borwa, ka tlwaelo ka kgwedi e pula e nang selemo go tloga ka Diphalane go fitlhela ka Tlhakole. Dijalo tse di a ikhutsa mariga ka morago ga go boloka dikotla mo meding ya tsona ka nako ya letlhabula, seo se di dirang gore di siamele kgolo e ntšhwa ka dikgakologo.

Sejalo se se tumileng sa ngwaga ke teff (Eragrostis Tef). Teff, eo e leng ya maleba mo ntshokunog ya furu, e mela mo mebung yotlhe e bile e ka ntshwakuno mo maemong a masimo a a omileng. Mo furung ya go fula mabelethoro le pheta ya leotsa le tsona di tumile.

Majang a mafulo a ngwaga a akaretsa bojang ba monwana ba Smuts (Digitaria eriantha), bojang ba Rhodes (Chloris gayana), bojang ba lerato bo bo lelang (Eragrostis curvula), Paspalum le bojang ba kwa Guinea ba tatso (Panicum bogolo), gape bo bidiwang bojang ba nare e tshweu. Kwa mafelong a mangwe a seomisi a Aforika Borwa, bojang bo botala ba nare le bona bo akareditswe sentle. Mo pula e leng e ntsi, kwa mafelong a tsiditsana kgotsa ka fa tlase ga nosetso, Kikuyu e dira sentle mo mmung o nonnneg.

Menawa ya kwa boboatsatsi jaaka dijalo tsa phulo di akaretsa mefuta ya ditshedi e e jaaka desmodium ya letlakala le le tala, dinawasoya tsa ngwaga otlhe, siratro (nawa ya mmala o moperese ya kwa nageng), stylo le luserene.

Mafulo a a mo Magareng
Mafulo a a mo maemo a bosa a tsiditsana a matlhagatlhaga le go ba matala ka nako ya mariga mme a lwesa serame. Fa go bapiswa le mafulo a boboatsatsi, dijalo tse di mo magareng tsa phulo di na le tatso thata, di na le dikotla mme di na le tshilego e e kwa godimo. Tshilego e ra gore kelo ya dikotla e phologolo e ka e ntshang go tswa mo phulong.

Dikao ya mabjang ya sehla se fodilego ke Westerworld le bkang bja raye bja Mantariana, bjang bja lebele ba ngwaga o otlhe, bojang bja mabele bjo botete le leoto la mogogonope. Ditlabere – tlabere ya berseem,ditlabere tse tshweu le tse di khibidu – ke menawa e e maleba go e tswakanya le majang a a mo magareng.

Menawa

©Pannar Saad

Menawa - ditlabere, dinawasoya le dierekisi – ke dijalo tseo, ka tsela ya botsalano le twatsi ya mmu e e bidiwang Rhizobium, e ka thusa go oketsa naetrojene mo mmung. Jaaka dijalo tsa phulo, gantsi menawa e tlhoka monontsha o monnyane go feta majang.

Menawa e na le meditona e e tsenelelang mo boteng ba mmu go fitlhelela monola mme di na le ditlakalaphara. Ka go farologana, majang a na le medi e e seng boteng le matlaka a masesane a matelele. Dikao tsa menawa ya boboatsatsi e akaretsa stylo le luserene, gape e bidiwa alfalfa kwa Amerika. Dikao tsa menawa e e leng maleba mo maemong a mantsi a bosa ke ditlabere tse khibidu le tse ditshweu.

Tswee tswe ela tlhoko: Tshedimosetso e ke ya maikaelelo a thuto le tshedimoso fela mme ga e a tshwanela go rarollwa jaaka keletso ya monontsha. Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga phepo ya mmu wa gago le nontsho ya mafulo ikgolaganye le mothekeniki wa temothuo kgotsa morekisi.

Translated by Lawrence Ndou