Didiriswa - Mabokisi a Mebutla

© Karoline Steenekamp

Mabokisi a go Amusa

Mabokisi a go amusa ke didiriswa tse di botlhokwa thata, mme di ka dirwa ka ditsela dile dintsi. Bo rapolase bale bantsi ba rata go dirisa mabokisi a legong. Ba ka le tsenya ka fa gare ga hoko, kgotsa a ka le tshwarisa kwa ntle ga hoko, mme le nne le phatlha gore namagadi (doe) a kgone go tsena le go tswa ka kgololesego (Bona Setshwantsho). O ka nna wa dirisa kgamelo tsa selakano sa metsi a 25ml ya polastiki go dira lebokisi la nest box. Le yone e ka dira bontle mme e bonolo go phepafatsa. (bona Setshwantsho).
O ka bona di’clips tsa polastiki tse di dirisetswang go tshwarisa mabiki mo dihokong. Le fa ele gore a bitsa madi aa kwa godimo aa thusa. (Bona Setshwantsho). Fa o tlhoko go itirela lebokisi le o ka sega phatlha ya selekano se se siameng mo lebokising la cardboard. O tshwanetse go nnetefatsa gore lebikisi leo le nne lele phepa, le omile mme le dirisiwe gangwe fela. Ga bana ba setse ba kgwisitswe, o ka nna wa kgagolaka lebokisi leo (kgotsa se se tlabong se setse ka gore mme mmutla a kanna a le tlhafuna ka makgetlho a mangwe) mme wa le latlhela kwa totomeng ya gago ya menontshane gore le yone e fetoge motshetelo.

Mabokisi a Tsela

Mebutla e tla tlhoka go tsamayisiwa ka makgetlho a mangwe, mme go maleba go dirisa mabokisi a tsela go dira seo. I ka nna hoko e nnye ya terata ee nang le mekgothi (handles), kgotsa e nna legong, mme le yone e nne le mekgothi gore e kgone gonkukega. Fa e le gore lebokisi leo le tla tlhoka go tshola mebutla e mentsi, o botoka fa e na le dikarolo tsa diphaposi dile mmalwa. Gongwe tse nne kgotsa tse tlhano mogo yone.
Fa ele gore o tla tsamaisa diphologolo ka sejanaga, o rotloetswa go nnetefatsa gore di kafagare ga mabokisi aa bolokesegileng, aa nang le ditlhatlha tsa mowa gore di kgone go hema leeto lotlhe. Tlhokomela gore o seka wa dipitlagantsha mo mabokising a tsela, mme ga o ditsamaisa leeto le le leele, nnetefatsa gore dina le digwete le diapole tse di lekaneng ka fa gare ga mabokisi ao kaga di tla thusa go difepa le go difa metsi a mmele a diatlhokang. Tsayatsiya, fa leeto le le telele, mebutla e seka ya nna mentsi mo lebokising le le esi. Di ka kgotlhelela maeto a botelele jwa diaura tsa kwa magareng ga 1 - 6hrs.

Thuso ya Ntlha ya Tshoganyetso

First Aid Kit e botlhokwa thata. E tshwanetswe ke go nna le meriana ee ka thokegang ka metlha yotlhe mme e nne bonolo go ka e fitlhela. Mateng a lebokisi a tla tlhalosiwa mo lekwalong la Bophelo (Health).
Dikarata tsa dihoko, sekale, tlhapiso ya diphologolo, dikwalo kgatiso (record keeping), le motshwao wa mebutla di tla tlhalosiwa kwa karolong ya Botsamaisi jwa Mebutla (Rabbit Management).

Translated by Ikalafeng Maedi