Di-Prune

Tshoboloko ya Setlhagiswa

©Louise Brodie

Di-prune, Prunus domestica, ke mefuta e e farologaneng ya Moretologa wa Yuropa. Prune gantsi e kaya meretologa e e omisitsweng kgotsa mefuta ya moretologa e e siametseng komisô. Mefuta ya moretologa e e dirisetswang go omiswa e enya maungo a a potlana a a bonolo go ka omiswa. Di-prune di tlhagisiwa lefatshe ka bophara gotswa mo mefuteng e e fetang 100. Thobo ka botlalo ya kgwebo ka tlwaelo e fitlhelelwa mo ngwageng wa bo 5 morago ga jalô. Go botlhokwa go laola tlhagiso ka ge go letlelela ditlhare tseno go enya thata mo ngwageng wa ntlha go tlile go baka gore di enye go le gonnye mo setlheng se se latelang. 

Paakanyô / Tshwarô

Di-prune di kgetlwa fa di le mo mobutsong o o gaisang go ka omiswa, eleng fa di fitlha magareng ga kgatelelô ya 3 le 4-pounds. Sukiri ka motsi ono e mo go gaisang pele leungo le butswa go feta selekano, le pele leungo le simolola go wela fatshe. Seno se thatanyana gore go kotulwe maungo otlhe mo legatong le le gaisang. Fa taolô-jalô e e siameng e tsentswe tirisong, leungo le tshwanetse go nna la bogolo jo bo ntle mme go butswa go go lekalekanang go tshwanetse go direga. Go botlhokwa go nna le bokgoni jo bo lekaneng jwa kotulô, e ka nna ka metšhine kgotsa ka diatla. Gape go botlhokwa gore go nne le bokgoni jo bo lekaneng jwa komisô gaufi le lefelo la tlhagiso. 

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

Motlhagisi yo mogolo go gaisa wa di-prune e ntse ele USA, mme bontsi jwa di-prune bo tlhagisiwa kwa California, le fa tlhagiso ya USA e wetse tlase mo dingwageng di le mmalwa tse di ntseng di feta. Dinaga tse dingwe tse di tlhagisang jalô tse di bonalang tsa prune ke Chile, e e tlhagising ditone di ka nna 100 000 tsa di-prune tse di omileng, ga mmogo le France le Argentina. Afrika Borwa ke motlhagisi yo o potlana go feta. 

Tlhagiso ya Afrika

©Louise Brodie

Bontsi jwa di-prune tsa Afrika Borwa bo tlhagiswa kwa Kapa Bophirima. Tlhagiso ya Afrika Borwa e fokotsegile, ka pedi-tharong, mo dingwageng di feta someamane tse di fetileng. Fela go na le kgatlhego e ntšhwa mo go godiseng bodirelo, go kgologela mebaraka ya Afrika e e mentšhwa e e tlhagelelang. 

Ditiriso

Di-prune di diriswa mo dijong tse di mmalwa go natefisa tatsô. Ke motswedi o montle wa Vitamin K mme gape di diriswa jaaka phukutsa ya go ngakiwa, ka ntlha ya go nna teng mo go tsona ga fibre ya dijo le Sorbitol.

Translated by Nchema Rapoo