Common Duiker

© Roger de la Harpe

Leina

Duiker [sylvicapra grimmia]

Tlhagiso

Duiker ke leina la seAfrikaans la tlwaelo le le filweng phologolo ya go e iphitlha mo gare ga ditlhatsana fa e le mo kotsing. Di ka nna da tshela ka go ikemela kwa ntle ga metsi mme da ja matlhare, maungo le peo. Ke tse dingwe tse di mmalwa fela tsa diphuti tse di itsegeng ka go ja ditshenekegi le nama ya diphologolo tse di suleng.

Popego

Duiker e e tlwaelegileng kgotsa e tshetlha ke e nnye, ke phuti e e ditlhong mme tse di tona di na le fela di na le dinaka tse di khutshwane. Leina le la tlwaelo le kaya mokgwa wa go tloga ka lebelo le le kwa godimo ka motseletsele wa go tlola le go iphitla fa di tshositswe. Tse ditona tse digolo di boemo jwa dimilimetara tse di 500 ka magetla mme tse di namagadi di ka nna dimilimetara tse di 20 go ya kwa godimo. Tse di tona di na le boima jo bo ka nnang dikilogeramo tse 15 le 18, tse di tshegadi gare ga dikilogeramo tse 16 le 21. Mmala wa kwa dikarolong tse di kwa godimo o farologana go tswa mo go serolwana le bo borokwa (S.g. caffra) go ela go bo hibidu le boserolwana (S.g. splendidula). Go farologana go go bonalang go ya ka mmala go fitlhelwa mo dikgaolong tse dingwe. Dikarolo tse di ka fa tlase gantsi ke tse di bosweu. Bontsi bona le karolo ya bontsho e e ganelelang le gaufi le diphatla tsa nko.

Dijo

Ba leba mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhatsana tse di nang le matlhare a a bophara, ditlhare le ditlha tsana dingwe, gape di ja le maungo, makape le peo, medi,kutu, dithunya, difankase, megokolodi le dinonyane tse di nna mo dintlhageng. Mo nageng e e kgwatata magapu a a tlhaga a jewa ka ntlha ya go nna le metsi. Di ka nna bothata mo dijalong, temomaungo, diterebe le ditshimo.

Dipalopalo tsa botlhokwa

Boima (Tshegadi): 17 - 25 kg
Boima (Tona): 15 - 21 kg
Boleele (Tshegadi): 110
Boleele (Tona): 110
Popego: dikgwedi di le 6
Nomoro ya dipotsane: 1
Tlhakana ga e Tona le e Tshegadi, go gola: 8 dikgwedi
Boketetsalo: 175 digrama
Tolamo: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Dinaka: 10 disentimetara (rekoto - 18 cm)

Tsadiso

Tshadi e tla naya botsalo go potsane ka gale morago ga nako ya go dusa mo dikgweding di le 6. Konyana e le ngwe, ga se gantsi go belegwa mafatlha, ka nako nngwe le nngwe ya ngwaga, gongwe ka go oketsega ka selemo. E godile kabotlalo fa e le dikgwedi di le 7, ditshadi di a itlhaganela go tsenela tsa go tlhakana ka botona le botshegadi, ka dikgwedi tse di 8 go ya go 9, le go tsala ka ngwaga o le mongwe.
Thulaganyo ya go tlhakana ga tshadi le e tona go ka diragala gore e faralogane ka lefelo le Bonnotlhago, ditlhopha tseo e leng e ngwe ya tonal el e ngwe ya sthadi go ya go e tona e le ngwe le ditshadi tse di mmalwa. Dikonyana di tsalwa ka nako nngwe le nngwe mo tsamaong ya ngwaga. E tshegadi e iphitlha ma nageng e e kitlaneng pele ga go belega. Le mororo dikonyana di fitlhwa ke bomma tsona, di tlhaga di itekanetse sentle morago fela ga go tsalwa mme di siana diura di some a mabedi nne.

Maitsholo a yona

Gantsi di matlhagatlhaga fa letsatsi le wela le mo bosigong ka dipaka tse dingwe mo phakela ka diura tsa tiro. Ditshadi le tse ditona di rata go busa tikologo mme di leleka tse dingwe tsa bong jo bo tshwana le tsona, ditona le ditshadi rata go kgaoganya mafelo fela di tlhakanafa di batla go tlhakanela botona le botshadi. Gongwe ke diamusi tsa leloko loo kgomo tse di atlegileng thata mo Aforikaborwa.
Paka ya botshelo jotlhe jwa yona ke dingwaga di le 8 go ya go 11. Ke setswasetlhabelo se se botlhokwa sa diphologolo tse di jang nama tse di fa gare le tse di kgolo. Ke ditshela nosi kgotsa e ka nan tshadi le konyana, ka sewelo ko ditlhopha tsa e ditona le ditshadi. Mebala ya monko e tlhagisiwa ke kgeleswa e e fitlhelwang mo diphologolong tse di tshwanang le dikatse le kgeleswa e bogareng jwa maoto.

Bonnotlhago

Ga di tshele mo dikgweng, le fa di ka senka polokego mo dikgweng fa di iphitlhela dibatana. Di phasaladitswe thata mo Borwa jwa Aforika, mme ga di teng mo dikgaolong tsa sekaka. Duiker e tlwaelegileng gantsi e bonwa mo mesong kwa mafelong a a tletseng ditlhatsana mo nageng. Di tila go fula bojang fa go se nang tshireletso. Di fitlhelwa mo Borwa jwa Aforika ya Sahara, kwa ntle dikgwa tsa pula mo Aforika Bogare.

Tlhaloso ya fa e gatileng gona

E na le tlhakwana e kgolo go gaisa tse Di-Duiker tse dingwe. Tlhakwanatse dingwedi di potokwe mme tse dingwe di supile kwa pele. Go ka nna fela e le 1 kgotsa tse 2 ka pharologano.

Dibatana

Di tila dibatana ka go patlama ka tidimalo kgotsa go ema jaaka sefikantswe e sa tsikinyege mme e bo e tlola ka lebelo ka motsi wa bofelo fa e iphitlhela e atumetswe thata. E siana ka mokgwa o o farologaneng e tlole, ka manyoke ke ka fao go bileng le tshitshinyo ya semmuso go e raya leina Duiker, e raya go tlola ka Seaforikanse. E dirisa dinaka le ditlhakwana tsa yona tse di bogale tsa kwa morago jaaka dibetsa tsa boiphemelo.
Go kua mokgosi ga yona e go dira ka nko, fa o tshwerwe e lelela kwa godimo, ngoka Di-Duiker tse dingwe le go tsibosa ditshadi go thusa dikonyana. Dikonyana di kgona go siana go tloga fela ka letsatsi la matsalo, mme di nna di fitlhegile ka fa tlase ga tshireletso e e bokete, le mmatsona a boe go tla go di gora le go di phepafatsa. Di tsewa ke dibatana tse mo magareng le tse dikgolo tsotlhe mme tse di leng kwa setlhoeng ke Dintsu, Dinkwe, Bophokjwe le Tlhware. Dingwe di tsewa ke Dikwena.
Duker e khibidu (Red Duiker)
Buisa go le gontsi ka ga Duiker e khibidu (Red Duiker)