Civet
Katse ya naga e e bitswang Civet

© Nigel Dennis

Leina

Katse ya naga e e bitswang Civet [civettictis civetta]

Popego

Civet ya seAfrokira ke e khutshwane, bowa jwa yona ke jo bo gamaletseng le bosetlha ka mmala, ka mebala e e mentsho e ntseng mo gareng ga mmela mo mmeleng wa yona. Maoto a bona le tikologo ya 2 / 3 ya tsona ke e e bontsho, le mogatla go ka nna karolo ya boraro ya mogatla wa yona di na le mebala ya methalo. Sefatkhego sa yona se na le mmala o o tsepameng o o bosetlha kw ntla ga nko e e leng mabala a masweu le bo ntsho go dikologa matlho go ya kwa tlase ga sefatlhego. Di na le methalo e e meseu le bontsho mo melaleng ya tsona e e me telele e fitlha kwa tlase mo mathokong gantsi di a pagamana. Di na le bowa jo bo mo molaleng jo bo khutswane jo bo yang kwa morago mme bona bo ka nna disentimetara tse di 3-10. Di-Civets na le meno a le 40.
Di na le menwana e e metlhano kwa maroon le menwana e e sa kgonegn go e busetsa kwa morago. D-Civets di na le matsele a le thataro. Tlhogo le mmele ya tsona e boleele jo bo ka fitlhang go 680-89ya dimilimetara, mogatla o boleele jo bo ka fitlhang dimilimetara tse di 445-63, le bokete jwa di gorama di le 7-20. Mmala ke o montsho le bosweu kgotsa mebala e leng bo serolwana, methalo le bokgolokwana. Le moriri o magelejwa le monsti teng mo mogatleng. Go tswa go Di-Viverra, Di-Civettictis tse di tlhomologileng ka bogolo segolo ka meno a a kwa tlase.

Dijo

Dijo tsa rsona di akaretsa go ja nama ya diphologolo tse di suleng, magotlo, dinonyane, mae, digagabi, digwagwa, makakaiye, ditshenekegi, dimela tse dingwe. Dikoko le dikonyana ka dinako tse dingwe. Diphologolo tse di tlhaga tse tsa bosigo e ka nnang matlhagatlhaga ura e le nngwe fela bosiog, fa di a go tsoma ditshenekegi, dipeba, digagabi, digwagwa, dinonyane mme di kgona gape go tsaa maungo a oleng.

Tsadiso

Di-Civet tsa seAforika tse di namagadi di matlhagatlhaga fa go fitlha kwa go tlhakaneng ga e tona le e namagadi, mo ngwageng o le mongwe di tsala gabedi. Go tlwelegile gore di tsale katsana e le ngwe go ya go tse tharo. Tsa tshegadi di rata malao mem di kgona go tsala ga bedi go ya go tharo ka ngwa. Gantsi di tsala dikatsana e 1 go ya go 4. Tse di potlana tsa Di-Civets di tsalwa ka nako eo di tlhalefileng tota go bapisa le dijanama tse di ngwe.
Di tlhaga di na le boa jo bo feleletseng le mororo boa jwa tsona bo le bolete, bo le tshwaana, bo le bokhutswane go feta jwa tse di kgolo. Tsona di tlhalosiwa fa matshwao a le di bokoa fa a bapisiwa le a tse di golo. Tse di nnye di kgona go gogoba fa di sena go tsalwa, Maoto a a kwa morago a kgona go e tshegetsa ka letsatsi la bo 5. Di simolola go tlogela sentlhaga magareng ga matsatsi a le 17-18, le sesupo sa ntlha ya maitsholo a go tshameka se bonwa ka dibeke di le 2. Tse di nnye di ikaegile ka mašwi a bo mmatsona mo dibekeng di le 6. Morago ga malatsi a a ka nnang 42 mmatsona o di tlamela ka dijo. Ke kgwedi ya bobedi, ke dilo ka bobona.

Maitsholo a tsona

Civet ya seAforika ke mophelanosi, ntle le fa e le nako ya go tlhakana le e tona. Kitso ya mekgwa ya civets e lekanyeditswe ka ntlha ya gore ba na le sephiri tsa bosigo le mokgwa wa botshelo. Ba na le ditlhokego tsa bona le go dira papatso ya go nna teng ga bona ka go kopana gangwe le gape mo perineal secretions dikgeleswa tsa dilo tse di ka nnang 350 fa godimo ga mmu. Se se na le maatla go ntsha glandular musky odour e e ka fitlha go dikgwedi di le tharo tse di fetileng. Civets solitary mme di na le mefuta e e farologaneng tsa pono, olfactory auditory, le ditsela tsa tlhaeletsano. Batho ba ka tlhaloswa e le well-marked. Dikgeleswa tsa go utlwa monko na le karolo e kgolo ya loago, go tlogela iphitlhang go bapa le tsela ya go fetisa tshedimosetso jaaka fa mosadi a oestrus. Civets ke go docile ya maitsholo.

Mo di nnang gona

Civet ya seAforika e tshela mo dikgwen le mo nageng e e bulegileng, fela go lebega di tlhoka bojang jo bo telele kgotsa mo ditlhareng tse di ntsi go di neela pabalesego mo letsatsing. Ga go bonolo go di fitlhela mo dikgaolong tse di kgwatata tsa lefatshe la Aforika. Bogolo di ka nna mo mafelong a a nang le metsi a leruri. Go lebega fa di dirisa mesima wa leruri kgotsa sentlhaga fela go tsala. Ke diphologolo tse di sasankang bosigo le go batla gotlhelele go nna mo lefelong la yona mme tlwaela metsi bonolo e bile e thuma sentle.

Kwa di fitlhelwang gona

Civet ya seAforika, e fitlhelwa kwa mafelong a a nang le bojang jo bo ntsi le kwa dikgweng tsa kwa Borwa le Aforika Bogare. Civetya seAforika ga e fitlhelwe mo mo tikolong tse di kgwatata, le fa go ntse jalo, e ka fitlhelwa go bapa le noka ya mo mafelong a ma kgwatata a alebeling Niger, Mali, le Chad.

Dibatana

Ba bolaiwa ke Ditau, Diphiri le Lengau. Bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga Civet.