Caracal

© Nigel J Dennis

Leina

Caracal (Felis caracal)

Popego

Katse e ya mmala o o borokwa bo bo setlha, e na le ditebe tse dintsho tse di nang le boa bo bontsho, mmala wa mpa ya yona o jaaka lebese mme e na le mebala e maronthotho ya namune mo maotomg a matelele. Tebego e ntle ya matshwao. Phologolo e, e tshwanetse go tsewa jaaka nngwe ya dikatse tse dintle tse di itumedisang mo lefatsheng. Caracal e tsamaya ka bopelonomi ebile e ipela ka maatla. Ke moitseanape mo go pagameng le go tsaya polokesego mo ditlhareng. Di Caracal di bontsho mmele o otlhe mme le tsona di setse di begilwe mebala e manontlhotlho.

Dijo

Ka go tsoma, Caracal e tsoma bosigo, mme gape e tla dirisa diura tsa mo maitsiboeng go bona ditswasetlhabelo. Ditiro tsa yona tsa mo motshegareng le tsona di a bonwa. segolobogolo mo go tsomeng ga dinonyane. Mo bogolong ba yona, Caracal e maatla e bile e bonako, mme gape le go dibolawa tsa yona tse dinnye jaaka Jerboas, Magotlo a motlhaba le mmu, Borašekokotwe jwa peba, Rock hyrax. E kgona go ka tlisa Reedbuck e kgolwane le Duiker. Katse e ya naga e na le bokgoni. E kgona, go tlhoma dimitara di le 4-5 mo moweng ka go dirisa maatla a matsogo a yona le bonno. E dira jaana gore e kgone go fofa e fithlele sebolawa sa yona se se leng mo mo moweng.

Maitsholo a yona

Go le gantsi Caracal e bonwa bosigo e rata go nna mo sephiring e le nosi Ke phologolo e e bogale. ka ntlha ya go nna le bothata jwa go tsoma ke balemirui. Ke ka lebaka le go leng bokete go e bona.

Mo di nnang teng

Katse e e fitlhelwa mo maemong a a omileng, le mo ditlhareng, sekweng le mo dithabeng tse di boitshegang, mo dikgaolong mo go itsege go tshela jaaka a a kwa godimo ka dimitara di le 3000.... Jaaka dikatse tse di fitlhelwang mo maemong a a omileng, a a kgwatata kgotsa mafelong a a farologaneng jaaka sekaka. Caracal e ka tshela lobaka lo loleele kwa ntle ga metsi, mo boemong jwa ona, go nna le tlhokego ya metsi ya metaboliki ya motswasetlhabelo ya yona.
Di fitlhelwa mo Aforika Borwa, le mafelo a a bulegileng o mo dikgweng gammogo le mo mebotong.

Dipalopalo tsa botlhokwa

Boima (sesadi): 11 kg
Boima (monna): bo ka nnang dikilogeramo tse 15
Boleele (sesadi): 109
Boleele (monna): 117
Popego: 117
Nomoro ya bašwa: 2 - 4 ka dinako tse dingwe 5
Tolamo: Carnivora
Lelapa: Felidae

Tsadiso

2 - 4 (5) ka dinako tse dingwe go belegwa go tsweng kgwedi ya Diphalane - Mopitlwe morago ga nako ya go dusa di ka dikgwedi di le 2.

Tlhaloso ya fa e gatileng gona

Fa go bapisiwa le tse di mmalwa, motlhala wa caracal o aname, ledikgato kwa pele ya bogare di tlhagelelang thata.