Buffalo Thorn
Mokgalo

© Shem Compion

Leina

Mokgalo

Leina La Se-Latin

Ziziphus mucronata

Thanololo

Seno ke setlhare se se tlhotlhoregang, se se golang go fitlha go 17m ka boleele. Ke setlhare se se golelang ka pele, se tlhotlhorega mme se kgona go falola komelelo le segagane. Lekwati le makgwakgwa ka mmala o o bosetlha jo bo tseneletseng go ya go borokwa. Dithunya di botala jo bo seleferanyana, mme di fitlhelwa ka ngatana e e kitlaneng mo gare ga matlhare. Dithunya di ka fitlhelwa go tloga ka Diphalane go ya Moranang, mme leungo le fitlhelwa go tloga ka Tlhakole go ya go Phatwe. Mebitlwa e fitlhelwa ka dipara mo dikaleng, mmitlwa o le mongwe o tlhamaletse ka huku e le nngwe.
Mo pakeng tse dingwe ditlhare tse di setseng di godile di ka latlha mebitlwa ya tsona gotlhelele. Dithunya di gogela ditshenyekegi di le dintsi, di gogela gape le dinonyane tse di jang meretlwa e khibidu e megolo e e tlhogang mo setlhareng.
O dira matlhaku a a siameng tota, ka ga mebitlwa ya ona e nna mentsi fa o le monnye mme e se bonolo go e bofolola ka ga mmitlwa o monngwe o supa kwa pele fa o mongwe o supa kwa morago. Di na le matlhare a a botala jo bo sa tsenelelang jo bo phatsimang, ke ka moo leina la ona la SeAfrikaans e le Blinkblaar (Letlhare Le Le Phatsimang).

Ditiriso

Dikala di dirisiwa jaaka matlhaku a lesaka la dikgomo mme nako dingwe mo mabitleng a baswi. Legong le diriswa jaaka tlhotlhetso ya molelo. Matlhare, lekgwati le medi di dirisiwa jaaka molemo go retibatsa setlhabi, go alafa mafatlha le malwetse a letlalo, segolo bogolo mathata a mafatlha le mala. Matlhare fa a tšhwetlilwe a ka dirisiwa go thibela go tswa ga madi. Merafe e mengwe e dumela fa setlhare seno se bolokesegile go ka tshabela tladi ka fa tlase ga sona.

Di fitlhelwa kae

Di fitlhelwa go simolola kwa Arabia go fitlha kwa Kapa Bophirima.

Dintlha Tlhagiso

Setlhare seno se bidiwa gape Blinkblaar Wag-'n-bietjie, seno ke gore 'letlhare-phatsima ema pele' go kaya mebitlwa ya sona ya huku e go seng bonolo go ikentsha mo go yona fa e go tshwere. Mokgalo o tshameka gape karolo e kgolo mo tumelong tsa MaAfrika, mme ba kwa Zulu ba dirisa kala ya ona go tsaya mowa wa motho o a tlhokafetseng, go tswa kwa a tlhokafaletseng kwa teng go ya kwa a yang go bolokwa teng. Fa go tsamaiwa ka sejanaga kala e beiwa mo setulong sa yona go fitlha go gorogiwa. Kwa Botswana go dumelwa fa setlhare seno se ka go sireletsa kgatlhanong le tladi.