Botshola-Rekoto jwa Polase

© Chris Daly
Balemirui ba le ba ntsi ba efoga tiro ya botshola-rekoto ka ge e ka ja nako. Fela, ke tiro e e botlhokwa gore o nne molemirui yo o botoka.
Dibanka, ditheo tsa puso le baetleletsi ba bangwe ba batla botshola-rekoto jwa polose jo bo siameng pele madi le madi-kadimo a ka rebolwa. Mo godimo ga seo, botshola-rekoto jo bo siameng mo temôthuong bo tlile go thusa molemirui go rulaganya botoka le go dira diponelopele tse di nepileng thata.
Botshola-rekoto jwa tshologo ya pula le diphêthêne tsa bosa di ka thusa gape balemirui go bonelapele bosa jwa setlha sa jalô se se latelang. Go nna le direkoto tsa ditshenyegelo le lotseno go ka thusa mo go rulaganyeng tsa matlotlo.
Go tshola rekoto ya dielô tsa melô ya dipeo tse di rekilweng mo setlheng seno go ka thusa molemirui go tlhopha dipeo tse di botoka mo setlheng se se latelang. Mo lobakeng lwa leruo, go tshwanetse ga nna le botshola-rekoto jwa tshika, disenyi le malwetse, mefuta ya sefepi le mojô. Seno se ka thusa go thibela tsadisano-teng, sa thusa gape mo taolông e e botoka ya disenyi le malwetse mme sa rebola sefepi se se gaisang sa kgolô e e tokafetseng.

Direkoto tsa Polase ke Eng?

Direkoto tsa polase gantsi di akaretsa ditokomane tse di jaaka lenaanethoto, tatlhegelô-boleng, diresiti le ditlankana tsa tuelo, direkoto tsa badiri, dintlha ka ga metšhine, direkoto tsa ntshô-tlhagiso jalo le jalo.

O Simolola Jang Botshola-Rekoto?

Botshola-rekoto mo polaseng bo tshwanetse go akaretsa lenaanethoto, tshupô-boleng ya dithoto (le tatlhegelô-boleng ya tsona) le rekoto ya matlotlo. Thoto ke sengwe le sengwe se se nang le boleng se se ka fetolelwang go madi.
Lenaanethoto
Dira lenaane la dithoto tsotlhe mo polaseng le boleng jwa tsona ka ranta. Dikai tsa dithoto ke lefatshe, dikagô, metšhine mo polaseng, dijalo tse di kotutsweng, dijalo tse di mo tshimong le leruo.
Tshupô-boleng ya thoto
Kgatô ya bobedi mo botsholeng-rekoto ke tshupô-boleng ya thoto - e e dirwang ka diranta. Mokgwa o o dirisiwang mo tshupô-boleng ya thoto o ikaega mo mokgweng le tirisong ya thoto, fela netefatsa fa o dirisa mokgwa wa tshupô-boleng o le esi ngwaga mongwe le mongwe.
Rekoto ya Matlotlo
Lotseno lotlhe le ditshenyegelo-madi tsotlhe mo polaseng do tshwanetse go ka rekotiwa.

Mekgwa ya Tshupô-Boleng jwa Thoto

Mekgwa ya tshupô-boleng ya thoto e e diriswang ka kakaretso ke:
Boleng jwa Mmaraka
Thoto e bewa-boleng ka tlhwatlhwa ya ga jaana ya kwa mmarakeng. E diriswa go supa boleng jwa leruo le dijalo.
Tlhwatlhwa
Mokgwa ono o dirisa tlhwatlhwa ya kwa tshimologong ya thoto mme o dira bontle mo ditlamelweng tse di jaaka lookwane le sefepi se se tswang go rekwa mme tlhwatlhwa ya sona e santse e itsege.
Dithoto tse di latlhegelwang ke boleng fa nako e ntse e tsamaya jaaka didiriswa tsa mo polaseng di bewa-tlhwatlhwa mo go sa tshwaneng.
Tlhwatlhwa e e kwa tlase kgotsa tlhwatlhwa ya kwa mmarakeng
Mokgwa ono o supa tlhwatlhwa ya selwana ka tlhwatlhwa ya kwa tshimologong le tlhwatlhwa ya kwa mmarakeng ka bobedi. Tlhwatlhwa e e kwa tlase go gaisa ke yona e tlhophiwang.
Tlhwatlhwa ya Ntshô-Tlhagiso ya Polase
Mokgwa ono o diriswa mo dijalong tse di jadilweng mme di isi di kotulwe.
Tlhwatlhwa, ntle le tatlhegelô-boleng
Mokgwa ono o dirisetswa dilwana tse di diriswang mo tsamaisong ya ntshô-tlhagiso, fela di latlhegelwa ke boleng fa nako e ntse e tsamaya jaaka metšhine.
Boleng bo fokotswa ka seêlô sa tatlhegelô-boleng ya ngwaga oo.

Tatlhegelô-Boleng ke Eng?

Botshola-rekoto mo temôthuong bo tshwanetse go tshola motlhala wa tatlhegelô-boleng ya dithoto.
Tatlhegelo-boleng e kaya phokotsego mo boleng jwa dithoto tse di jaaka dijanaga, metšhine le didiriswa.
Tatlhegelô mo boleng e bakwa ke bogodi, konalô le tlhoko-tiriso (go se nne le mosola). Tatlhegelô-boleng ga se tlhwatlhwa e e tshwarwang ya madi, fela ke phokotsego mo boleng jwa thoto e e kgapelwang thoko mo tsamaong ya nako ya thoto.

Direkoto tsa Ditshupatlotlo

Go bona botshola-rekoto jwa matlotlo jo bo nepagetseng mo polaseng, go botlhokwa go tshola motlhala wa lotseno lotlhe le ditshenyegelo tsotlhe mo polaseng. Tshola direkoto ka bonosi go rekota lotseno le tshenyegelo ya thoto nngwe le nngwe ka boesi mo polaseng. Sekai, tshola direkoto tse di kgaoganeng tsa mmidi le tsa ditapole.
Thulaganyo ya botshola-rekoto e a tlhokega go bala lotseno lwa morago ga kgôgô lwa polase le lotseno lo lo kgêthôlwang la ngwaga wa madi, go sekaseka motsamao wa madi, go dira tekanyetso-kabo ya isago le go tshola motlhala wa setlhagiswa sengwe le sengwe go netefatsa fa se tlhagisiwa ka tlhwatlhwa e e siameng.
Metswedi e ditshupatlotlo tsa rekoto e ka tsewang gotswa mo go yona e akaretsa:
Tshupatlotlo tsa banka
Buka ya tshekotsheko-madi - akaretsa diresiti le dituelo fano.
Buka ya madi-seatleng - go rekotiwa fela dikgwebisano tsa madi mo bukeng eno.
Buka ya dituelo - e supa dituelo tse di duetsweng, disuga le dipusetso-madi.
Buka ya madi-letloleng - diresiti tsotlhe tsa madi di tshwanetse go ka rekotiwa fano.
Ditshupô tsa tuelo, voucher tsa kolotiso le disilipi tsa thekiso, ditshupotlotlo, di-invoice le disilipi tsa kgoroso-thoto.

Ditshupatlotlo le Botshola-Rekoto

Direkoto tsa polase di dirisetswa go dira ditshupatlotlo. Ditshupotlotlo di akaretsa balance sheet, tshupatlotlo ya lotseno le tshupatlotlo ya motsamao wa madi.
Balance sheet e bontsha se polase e se kolatang le se eleng sa polase mme e neelana ka tshobokanyo ya seêmô sa madi sa polase mo nakong e e rileng.
Tshupatlotlo ya lotseno e bontsha ditshenyegelo le lotseno gotswa mo balance sheet ele esi goya go e nngwe.
Tshupatlotlo ya motsamao wa madi e bontsha motsamao wa madi go tsena mo polaseng le gotswa mo polaseng.

Translated by Nchema Rapoo