Basotho Meetlo ya Rupisiwa

Thupiso ya Banna ba Basotho

©Dr Peter Magubane

Pele ga fa barumiwa ba tsenya dikolong, thuto e ne e diragala ka nako ya go rupisiwa, go tshwaya tsela ya go feta go tsena mo bogolong. Barumiwa ba ne ba ne na ganetsa thupiso, mme e ne ya nna e e tlhokegang ka nako ya bokoloniale, ntle le fa gare ga Batlokoa kwa dithabeng. Mo dingwageng tsa bošeng jaana, le gale, e nnile tsoseletso e kgolo thata, mme baša ba bantsi gompieno ba bolotse.

Mo dingwageng tsa pele ba ne ba bolotswa, basimane ba ne ba tsaya tsia go rupisiwa e le se se botlhokwa, karolo ya bona e e itumedisang, kwa ntle ga yona ba ne ba ka se kgone go tsaya karolo mo meetlong ya loago le merero ya selegae. Ntlha e kgolo ya semaka e ne e dikaganyeditse go sekolo sa go rupisiwa, se se neng se diragala mo tlhatlhela (Mophato) e agilwe kwa thoko mo dithabeng, mme basimane ba ne ba sa itse se ba neng ba tshwanetse go se solofela.

Mophato o ne o bulwa ka motseletsele wa meetlo le meletlo e e nnang gona malatsi a le mararo; batsadi ba barupisiwa le ba masika ba en ba kokoana, gape go ne go nowa bojalwa bo bontsi. Mo bisogagareng, ba ne ba etelwa kwa pele kgakala le lefelo leo mophato o tla bo o tlhomilwegn kwa gone.

Mo tlhatlogong ya letsatsi mosimane mongwe le mongwe ba ne ba tsewa ka tatelano mo lefelogn leo le fitlhegileng, fao ba neng ba rupisiwa ke matsholo a banna ba ba neng ba katisitswe mo go kgethegileng, ba ba neng ba diragatsa dintlha tsotlhe tsa go rupisiwa.

Fa thupiso e ne e fedile, basimane ba ne ba tlogelwa mo nageng go fola. Morago ga fa, sejana se segolo sa melemo, se se dirilweng ka mafura a botoro a a besitsweng ka seritibatsi se se maatla se se dirilweng ka sejalo sa segwere sa leshoma se, se neng se neelwa bona go nwa, go bolaya botlhoko. Mophato o ne o agilwe ke banna ba ba nang le maikarabelo a thulagayno ya mo go rupisa, mme barupisiwa ba ne ba tsenngwa mo go yona.

Mo dikgweding tse tharo tse di latelang ba ne ba laelwea ka pina, go bina, hisetori, le maitseo a tsa loago, go akaretsa le boitshwaro le maitsholo. Go se robale le mosadi, boikanyego, bopelokgale, boikobo, le ka go tlotla batsadi, bagolo le kgosi di ne di gatelelwa. Thuto ya tsa dikobo e ne e tsaya popego ya tlhotlheletso ya go se dire boaka. Boitshoko ba mmele bo ne bo lekolwa ka dipagamo tse di bokete go ralala dithaba, le bopopota ba maikutlo ka bo tsosiwa ka diura tsotlhe go boeletsa dipina le go araba dipotso.

Boroko ba bona bo ne bo sa siama, ka ba ne ba na le kobo ya letlaloa e le nngwe fela, mme thupiso e ne e tshwarwa ka nako ya mariga, fa gantsi dithempheretšha di ne di wela kwa tlase ga ntlha ya boswakgapetla.

Ka letsatsi la bofelo la thupiso, dipitsa tsa mmopa tse di neng di dirisiwa go boloka dijo di ne di thubiwa le mophato o ne o fisiwa, go supa phetogo go tswa kwa kgale go ya go tse ntšhwa. Barupisiwa ba ne ba amogelwa ke kgosi kwa moletlong o o tseneletseng.

Thupiso ya Basadi ba Basotho

©Dr Peter Magubane

Basetsana ba Basotho bo mo magareng ga 15 le 20 ba ne ba rupisiwa; thulaganyo e ne e se boima go gaisa ya basimane', mme maikaelelo e ne e le selo se le sengwe: go dira moletlo o o tla tlisang basetsana mo lefatsheng la bogolo. Gape e ne e le e e eletsegang, le fa e se botlhokwa, e ne e le kitsiso go ya lenyalong, jaaka go ne go dumela ka dinako dingwe gore e rotloetsa monono.

Mo mabakeng a mangwe, fa mosadi o a sa rupisiwang a se tshole bana monna wa gagwe o tla mo romela kwa thupisong. Gopieno thupiso e ne le tshwaro e e etiileng entšhwa, e e golagantsweng le maikemisetso a go dirisa ditiro tsa setso jaaka letshwao la Basotho le boAforika. Le fa e latela dipaterone tse di tshwanang tseo di fetileng, di fetotswe go amogela maemo a segompieno.

Phetogo e e lomigiwang thata ke gore dikolo tsa sešweng di na le nako e khutswane go feta mo nakong e e fetileng, le fa e le gore diteko tsa bononofo di santse di le tse di gagametseng.

Translated by Lawrence Ndou