Kwarrielaagte kwa porofenseng ya Mpumalanga ya Afrika Borwa ke motse-mogolo wa Bantwane. E rekilwe gotswa mo molemiruing wa mosweu kwa tshimologong ya ngwagakgolo ono, thulaganyo ya tshwantshôkago ya Kwarrielaagte, jaaka ditso, meaparo le mekgwa-tiriso ya botaki tsa badudi ba yona, e supa tatelano-maemo ya tsalano e e tsepameng. Leloko lengwe le lengwe la setlhopha le na le seêmô le maêmô a le a reboletsweng ka go gagamala, goya ka tlhagô le mokgwa-tlwaelô wa tsalano mo tikologong e e emeng, e e sa kgotlhelwang ke go suta ga makhubu a histori, botsalano le ngwao.
Dineeletsano tsa ngwao magareng ga Bantwane le Bapedi di ipaka ka ditshwanô mo moaparong (basadi gotswa mo ditlhopheng ka bobedi ba apara mosese o o tlisitsweng ke baanamisa-tumelo jaaka karolo ya moaparo wa setso), mekgwa-tlwaelô, mediro ya setso, thulaganyo ya tshwantshôkago (ditlhopha ka bobedi di dula mo metseng ya setso sa Sesotho sa Lebowa) le mo puong. Matebele le ona a itsagale fa a aroganya dikamano tse di gaufi le Bantwane, tse di nonofaditsweng ka nyalelano, go tsaya karolo mmogo mo medirong ya thupiso le ditshwano mo mekgabisong ya basadi, e e jaaka dibaga tsa ditalama tsa mo molaleng tse di rwalwang ke basadi gotswa mo ditlhopheng ka bobedi. Ditlhopha tsotlhe ka boraro di obamela kgaogano e e gagametseng ya ditiro tsa bong mme di ikaega mo ekonoming ya bolemi jwa kwa magaeng.
Jaaka Matebele a Transvaal le Bapedi, fa ngwagakgolo wa bo-19 o khutla, Bantwane ba ne ba lebagane le taolô ya bokoloniale le thulaganyo ya tiro-phudugo e e neng e direla go tlhatlhamolola ekonomi ya kwa metse-magaeng. Ditlamorago tseno tsa histori di nonofaditse kgatelelô ya makaedi-tshelo le ditso tse di tsepameng gore go somarelwe tsela ya botshelo e e neng e fetolwa.
Leina Ntwane (‘tlhogo-thata’ kgotsa ‘motlhabani’) le katswa le tswa mo leinaneng le le dikaganyeditseng kgaogano ya setlhopha se se ikarogantseng gotswa go Bamangwato. Gatwe, mongwe wa barwa ba kgosi o tlotse moila mabapi le go ja nama ya poo. O ne kwa morago a kgaolwa mo morafeng mme a tsamaya le setlhopha sa maganagobuswa mo botharing jwa dingwaga tsa bo-1780 go tlhama morafe wa Bantwane. Gompieno morafe ono ka bontsi o dula kwa kgaolong ya Moutse, kwa borwa jwa Groblersdal kwa porofenseng ya Mpumalanga. Le fa Bantwane ba dira bontsi jwa badudi ba Moutse, kgaolo eno e dulwa gape ke Bapedi, BaSwati, Basotho le Matebele.
Go fitlha ka 1986 merafe e e farologaneng e ne e dula ka kagiso, ba arogana ka bogolo dithulaganyo tsa makaedi-tshelo, ba diragatsa dineeletsano tsa ngwao tse di tshwanang mme ebile ba nyalelana. Kutlwanô eno e ne ya phutlhamiswa ka 1986 ka go akaretswa ka dikgoka ga Moutse mo nageng-selegae ya maloba ya KwaNdebele. Bantwane ba ne ba ganana le phuduso; jaaka morafe o o kileng wa be o ithobile ka tsa sepolotiki o nna dikgoka, kgaolo e e gaufi le Dennilton le Kwarrielaagte e ne ya fetoga lebala la ntwa, eseng fela magareng ga matsholo a puso le a a kgatlhanong le puso, fela gape le magareng ga baagisani le masika. Mme fela, mo gare ka moruso, ditso tsa Bantwane di le di ntsi di ne tsa tswelela pele, segolobogolo mo basading. Mo go sa nneng teng ga banna ba bona – bontsi ba bona ba ne ba fudugile ka ntlha ya tiro – basadi ba ne ba pateletshega go tlhokomela ekonomi ya selegae fa ba ntse ba tsweletse ka dikarolo-setso tsa bona jaaka bahumagadi le babelegi.
Translated by Nchema Rapoo