Bakokoanyi ba Metlheng kwa Richtersveld

Gordon’s Bay

©Shem Compion
Mo go boeng ga gagwe gotswa kwa go tlhatlhobeng Molomo wa Noka ya Orange ka 1779, Mokolonele Gordon e ne ya nna molaodi wa Dutch Garrison kwa Cape Town. O ne a tswelela go bolola, go tshwantshisa le go tlhaola dikgagamatso tsa tlholegô tse di farologaneng tse a neng a di bona. Semela sa Hoodia gordonii se reeletswe ka ene. Mme ka 1795, Napoleon o ne a simolola go dira moferefere kwa Yuropa mme a diga ntlo ya segosi ya Orange.
BaBrithane ba ne ba amogela kgosi ya Dutch e e kwa botshabelo mme ba romela mokoa wa dikepe goya go thopa Kapa mo boemong jwa gagwe. Boikanyego jwa ga Gordon ka jalo bo ne jwa gagoga magareng ga lolapa lwa segosi lo lo digilweng le baokamedi ba gagwe ba ba ntšhwa ba ba laolwang ke Napoleon, eleng Dutch Republic. Morago ga gore Brithane e fenye masole a ba-Dutch kwa Ntweng ya Muizenberg, ketsaetsego ya ga Gordon e ne ya kgalwa thata. O ne gape a lwala mme gape a na le mathata a mangwe a botshelo. Ka jalo, ka 1795, moragonyana fela ga go ineela ga ba-Dutch, RJ Gordon o ne a ipolaya. Gordon’s Bay, gaufi ya Cape Town, e reeletswe mo tlotlomatsong ya gagwe.
Mo dingwageng tse di latetseng, banetetshi/batlhatlhobi ba bangwe ba le mmalwa gotswa go ralala lefatshe ba etetse Namaqualand le Richtersveld. Bo na ba akaretsa moithuta-dinonyane yo o nang le go tlotlomatswa go feteletsa eseng Francois le Vaillant (1783), Carl Ludwig Phillip Zeyher (1830) leJohann Franz Drège (1833/4). Yo o umakilweng labofelo o itsagale jaaka ‘rraago phytogeography mo Afrika Borwa’ (phasalatso ya mefuta ya dimela). Seno se ka tswa se sa utlwalege jaaka maemo a a kgatlhisang, fela dimela tse di fetang 100 di reeletswe tlotlomatsa Drège – selo se se seng maswe.

Kgatlhiso ya Namaqualand

Ka ngwagakgolo wa bo-20, kgatlhiso ya Namaqualand, le Richtersveld ka boyona, e tsweletse go ngoka bakokoanyi ba maitlhomo a bona e neng ele go supa ditshedi tse di ntšhwa. Bo na ba akaretsa Rudolph le Max Schlechter, Dr. Louis Leipoldt le Selmar Schönland – morati o motona wa dihupametsi, jaaka rona rotlhe. Se se kgatlhisang, bontsi jwa babatlisisi bano bo ne bo tswa kwa dinageng-ntle, mme dikokoanyo tsa bona di ne di romelwa kwa dikemeng tse di kwa moseja. Dithuto tsa Afrika Borwa tsa dimela di tota di simolotse fela morago ga gore rrakgwebo le moithuta-dimela wa setlabošweng, eleng Harry Bolus, a tlhome setulo mo thutong ya dimela kwa South African College (e ga jaana e bitswang University of Cape Town) ka1902.
Motho wa ntlha go tshola maêmô a Bolus Chair e ne ele Harold Pearson, yo a neng a na le kgatlhego ya leruri mo dimeleng tsa Namaqualand. O bolotse maeto ale mabedi goya kwa kgaolong (ka 1908-09 le 1909-10) mme a kokoanya tshedimosetso e ntšhwa ele ntsi ga mmogo le dikai tsa dimela. Pearson o ne a tswelela go nna mokaedi wa Kirstenbosch Botanical Gardens ke 1913, mme a thusa go tlhama National Botanical Institute (e ga jaana e bitswang National Biodiversity Institute). Aloe pearsonii e e sewelo e reeletswe ka ene.

Translated by Nchema Rapoo