Afrika Borwa ka 1984 ka Mor. Desmond Tutu

Di-Casspir di a Duma

©Eric Miller

Ka 1984 Puso e itsisitse Molaotheo, se e neng e le setlhoa sa melawana ya go sa akarediwe ga bantsho. Batho ba ne ba e gana gotlhelele mme Phatwe 1984 e bone tshimologo ya lephoto la dikhuduego. Bantsho ba ba fetang 1200 ba tlhokafetse go tloga ka kgwedi ya Phatwe 1984 le 1986. Bantsho ba bolailwe bogolo ke matsholo-tshireletso, go tshwana le dintsi.

Bana ba ne ba tlhatlhelwa. Bana ba ne ba bolawa. Go ne ga kaiwa gore someamatlhano e ne ya thuntshwa kwa morago kwa ntle ga kgotlatshekelo. Ga ka ke ka utlwa go lelanyana go tswa mo basweung ba itlhoma ba ne ba bantsho ba amega ka tshotlego ya bantsho. E ne e le tshotlego ya nnete, e seng gore go ka nna ga ba le tshotlego kwa isagong.

Ba rile maemo a tshoganyetso a tsholeditswe. Ka Sontaga ya Paseka, ke e bone Casspir e duma kwa Tselafefong ya kwa Soweto. Ka Mosupologo wa Paseka mo kgaolong ya rona ya Soweto, kgaolo e e didimetseng thata, di-Casspir di le nne le dirwala badiri di feta gaufi le ntlo ya me.

Mosadi wa me o ne a re,'Molelwane o fano' - mephato e ne e sa ntse e le mo metsesetoropong morago ga Khonferense ya Thuto ya kwa Durban e e neng ya tsaya tshwetso e e pelokgale ka ga bana ba ba nnang kwa sekolong mme re na le go tlhoka bosisi ya balaodi ba ba neng ba bontsha maatla a bona sesole fa ba ne ba itse go nna teng ga mephato mo metsesetoropong go ne go na le thumulano e kgolo.

Re le Mmogo jaaka Setšhaba

©Eric Miller

Go go sepe seo Rre Botha a se boletseng se se dirilweng ke dumele gore ene le Puso ba ne ba tiisitse ka go tlosa tlhaolele. O rile re setšhaba se le sengwe mme fela jaaka re ne re santse re itumetse jaanong a re re setšhaba sa makokopotlana — matlakala a a seng a bagolo mme a le kotsi a dinagamagae. Fa re le setšhaba se le sengwe, goreng Kwandebele e tsaya go ikemela ka nosi go go segn ga nnete, goreng batho ba Moutse ba ka swa go kgotsofatsa kakanyo ya bosemorafe?

Go tla nna le bofelo ba Melao ya Dibukana tsa Boiketsese mme re ba re re'Hurrah!' go tloga fao re utlwa gore go tla nna le ‘toropofatso ya tolamoi'' Ka ge bantsho ba ne ba emisitswe ka maitirelo go nna toropofatso, go toropafatsa ka tolamo go tla dira mo go bona ba le nosi, mme ka jalo maemonyana a thologelo a tla dirisiwa.

Mme go ne go na le tshenyego ya go ngala tiro ga Ngaka Van Zyl Slabbert le Ngaka Boraine. Metswedi ya dikgang e ne ya dira botlhokwa jwa bona bo nne kwa tlase. Borre ba babedi bano ba ne ba tshegetsa maikutlo a rona ao a tlhagisitsweng kgale a gore Palamente mo Afrika Borwa e ne e le motshameko fela.

PFP ga e bolo go neela lefatshe maikutlo a a seng a nnete gore re ne re na le Palamente ya temokerasi fa tota ba ne ba na le le puso ya lekoko le le nosi, se e leng kgatelelo e e setlhogo ya tlhoka bosiamisi le tiriso dikgoka ka go baya kwa tlase kganetso.

Re ne ra iletswa, ra tlhatlhelwa kgotsa go latofadiwa ka borukhutlhi jo bogolo! Bana ba rona ba ne ba swa. Lefatshe la rona le ne le tuka mme le tswa madi. Go ne go na le ntlha e kgolo ya keleletsomasego e e sa ntseng e le mo nageng ya rona fa gare ga ditso. A re se nne mo go batleng go le senya. Re ka nna mmogo jaaka batho ba le bangwe, lelapa le le lengwe, bantsho le basweu mmogo.

Translated by Lawrence Ndou

Desmond Tutu

Mongwe wa ditshwantsho tse di ratwang go gaisa mo Aforika Borwa, Desmond Tutu o itsege thata ka go nna motlhotlheletsi wa ditshwanelo tsa bo...more

Desmond Tutu Life at a Glance

Ka di 7 Diphalane 1931, Desmond Mpilo Tutu o belegetswe Zachariah (morutabana) le Aletta (modiralapeng) kwa Klerksdorp mo Porofenseng ya Bok...more