Pipefish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Pipefish

Leina la Maranyane

Syngnathinae

Semeto

E ka nna 60 cm, fa bontsi bo ka nna 12 cm.

Ponalo

Mmele o motelele, o mosesane o kare mmele wa noga. O na le nko e telele le molomo. Mogatla wa mokwatla o le mongwe. Mogatla wa kwa morago o kgolokwe. Mebala e ya farologana. Tse dingwe tsa dibopiwa tse di ka nna le mabanta a mebala e e galalelang jaaka boshibidu, mmala wa lephutshe le mmala wa namune.

Dikitsiso

Lelapa la Syngnathinae la kwa tlase le na le mephato e ka nna 23 le dibopiwa dile 120. Ke nngwe ya leloko la lelapa la di-seahorses. Mogatla wa mokwatla o dirisetswa go thuma. Di dirisa mokgwa wa go monya go tshwara setlhabelo.
Tse ditona di na le kgetsana ya go elama mae, mme e tla a nonofatsa ka peo e be e a tshwarelela go fitlhela a thuba. Tse dingwe di tsalwa di bopegile ka botlhalo fa tse dingwe di simolola botshelo e le Larvae.

Dijo

E fepa ka di-invertebrates tse dinnye.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Black-breasted pipefish (Corythoichthys nigripectus)
Cleaner pipefish (Doryrhamphus janssi)
Ornate ghost pipefish (Solenostomus paradoxus)