Tshimologo ya ga Nelson Mandela

© Eric Miller

Karolo ya kwa Tshimologong ya ga Mandela

Nelson Rolihlahla (Madiba) Mandela ke monna yo o gakgamatsang yo o fetotseng histori mo Afrika Borwa, mme a tlisa temokrasi kwa setšhabeng. Nelson Mandela o tsetswe ka di 18 Phukwi 1918, kwa motsaneng wa Mvezo, gaufi le Umtata kwa Transkei, Afrika Borwa. Rraagwe e ne e le Mogakolodi-mogolo go kgosi-kgolo ya baThembu. Fa e ne e le mosimanyana, o ne a godisetswa gore a tseye marapo jaaka kgosana ya baThembu. Ka go tlhokafala ga rraagwe ka 1930, o ne a bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhokomedi le ntsalaagwe, David Dalindyebo, kgosana ya namaosatshwere ya baThembu.

Fa kwa gaabo a ne a baakanyetswa lenyalo le le rulagantsweng. Go tila go nyala, Mandela le ntsalaagwe e leng Justice ba ne ba fudugela kwa Johannesburg kwa teng a neng a dira jaaka motlhokomedi wa tshireletso. Maikaelelo a ga Nelson Mandela e ne e le go nna rramolao. Kwa Johannesburg, o ne a kopana le Walter Sisulu yo a neng a mo thusa ka go mmatlela tiro jaaka mokwaledi wa fêmê ya molao. Morago ga gore a fetse dithuto tsa grata ya BA ka go ithuta a le gae ka 1941, Mandela o ne a ikwadisetsa dithuto tsa LLB kwa University of Witwatersrand.

Defiance Campaign ya 1952

Mmogo le Walter Sisulu le Oliver Tambo, Nelson Mandela o thusitse mo go tlhamiweng ga African National Congress Youth League (ANCYL) ka 1944. Ka 1948 o ne a setse a tshwere maemô a bokwaledi-kakaretso jwa bosetšhaba. Ka 1949 African National Congress (ANC) e ne ya tshegetsa 'Lenanêô la Tiragatso' le le neng le rebotswe kwa konforenseng ya yona ya ngwaga le ngwaga. Maloko a a mafega jaaka Mandela le Sisulu a ne a tlhophiwa go nna karolo ya lenanêô.

Mandela le Sisulu ba ne ba sa tshepe ditlhopha tsa lotso lo longwe, fela dipônô tsa ga Mandela di ne tsa fetoga ka motsi wa Defiance Campaign ya 1952. Mandela o ne a dirwa 'Moithaopi-mogolo' wa bosetšhaba wa Defiance Campaign. Jaaka karolo ya tiro ya gagwe, o ne a bolola go ralala Afrika Borwa a ngoka baithaopi ba ba neng ba ikemiseditse go roba melao ya tlhaolele. Jaaka sesupo sa bona sa ntlha sa lenyatso kgatlhanong le tlhaolele, Mandela le baithaopi ba le 51 ba ne ba simolola go roba melawana e e neng e kganela batho go tsamaya mo mmileng ka nako e e rileng.

Bodirimmogo jwa Molao jwa Ntlha jwa Bantsho

Ka Sedimonthole 1952, Mandela le Oliver Tambo ba ne ba bula bodirimmogo jwa molao jwa ntlha jwa bantsho mo nageng. Mo kgweding eo, Mandela le balwela-kgololosego ba bangwe ba ne ba latofatswa ka fa tlase ga molawana wa Suppression of Communism Act. Mandela o ne a atlholelwa dikgwedi di le robongwe kwa kgolegelong a dira tiro ya diatla e e bokete, mme katlholo e ne ya sekegwa dingwaga di le pedi.

Mo sebakeng sa dingwaga di le robongwe o ne a beilwe ka fa tlase ga ditaelô-kganetso. Mo nakong eno o ne gape a dirilwe Motlatsa Presidente wa bosetšhaba wa ANC. Le fa a ne a sa letlelelwa go tsenela dikopano tsa ANC, o ne a dira le ditlhotshwana tsa maloko a ANC.

Leano la M

Nelson Mandela o tshamekile karolo e kgolo mo tlhamong ya 'Leano la M' (le le theilweng leina ka ênê). Leano le ne le baakanyetsa ditlhopha tsa maloko a ANC gore ba kgone go kgonana le go dira ka bokhukhuntshwane. Ditaelô-kganetso tse di ntšhwafaditsweng di ne tsa dira gore Mandela a patelesege go latlhela seditse mo ANC ka Lwetse wa 1953. Go tloga ka motsi oo Mandela o ne a tshwanela ke go etelelapele ka sephiri, ntle fela le ka ngwaga wa Tsheko ya Boepapuso.

Ka Sedimonthole 1956, Mandela le balwela-kgololosego ba le 155 ba ne ba tshwarwa le go latofatswa ka boepapuso. Dingwaga di ka nna tlhano morago ga fao, Justice Rumpff o ne a se bone balatofatswa botlhe molato. Thari ka dingwaga tsa bo-1950 Mandela o ne a nna mopresidente wa bosetšhaba wa ANC Youth League. Ka 1959 tsheko ya boepapuso e ne e santse e tsweletse pele. Ka ona ngwaga oo, ANC e ne ya rulaganya lenanêô le le kgatlhanong le melao ya dipasa. Lenanêô le ne la ntshwa tseleng fa Pan Africanist Congress (PAC), e ne ya rulaganya ditshupetso tsa bontsi kgatlhanong le dipasa ka di 21 Mopitlwe 1960.

Seêmô sa Tshoganyetso Se Tsenywa Tirisong

Ka nngwe ya ditshupetso, matlhotlhapelo a Sharpeville a ne a diragala. Seno se ne sa lere kwa kiletsong ya ANC le PAC mme puso e ne ya tsenya tirisong seêmô sa tshoganyetso. Ka nako ya sebaka sa tshoganyetso, balwela-kgololosego ba ba fitlhang go 1 800, go akaretsa Mandela, ba ne ba golegwa ntle le tatofatso kgotsa tsheko. Ka Mopitlwe 1961, All-In Africa Conference e ne ya tshwarwa kwa Pietermaritzburg.
Ditlhopha tse di farologaneng tsa sepolotiki di ne tsa kopana. Taelô-kganetso kgatlhanong le Mandela e ne e ya bokhutlhong tsatsi pele ga konferense, seno sa mo letla go dira ketelô e e sa solofelwang. Morago o ne a bewa jaaka mokwaledi wa tlotlomatsô wa All-In National Action Council.

Translated by Nchema Rapoo