Tsessebe

© Nigel Dennis

Leina

Tsessebe

Ponalo

Dipoo di na le bokete ba 140kg ka boleele ba 1.2 m kwa magetleng, ka jalo di dikgolwane mo go tse di namagadi ka fa tsone di ka nna 120kg ka bokete.
Mmogo e tona le e namagadi di na le manaka, fa a poo one a imela go feta a kgomo. Ga o ka e lebele kwa pele manaka a yone o kare a sebopego sa “Halfmoon” Ka sefathego se se lefifi le ditsubaba tse di selaole (phepole) kwa magetleng, Fa di-withers le mmele kwa godimo o le boshibidu ba ntlhwa.

Dijo

Phologolo e e fula ka ditlhaga tse di farologaneng, Di ikhethela matlhare eseng kgopu. Di rata ditlhare tse ditalana fa mafelo a sheleng ke kgogedi mo go tsone.

Tsalo

Mono Afrika Borwa di tsala namane e le esi ka kgwedi ya Lweetse/Phalane morago ga go ima dikgwedi dile 7. Ka nako ya thobalano, di poo maitshwaro a dipoo a fetoga go kgetha balekani.

Mekgwa

Tsessebe ke phologolo e e social mme lekoko la tsone le ka nna le tse ding tse di tsalang, makoko ao a ka na le dikgomo di ka nna 6-10 le dinamane tsa tsone. Makoko a tse ditona fela di akaretsa dikgope le tse di teritorial le ka nna go fitla go 30 ya tsone.
Se se bonala thata kwa mafelong a a leng gaufi le metsi le kwa mafulong. Makoko a tse di tsalang di na le dikgomo ga di kgoreletsiwe go tsamaya kae le kae kwa di batlgang teng. Kwa ma felong a Tsessebe dileng ka bontsi kwa teng, dipoo disimolola “lek” system mo ele gore.
Dipoo tse dinye di kobiwa mo morafeng ga di tshwa ngwaga gore di itlhamele lekoko la tsone la makgwatlha

Kwa di ka Bonwang kwa Teng

Ke nngwe ya leloko la lelapa la bo wilderbeest, haartebeest ka ele gore tsotlhe di na le sebopego se se tshwanang ka Magetla a a kwa godimo ga di-withers tsa tsone. Ele ngwe fella ya di-subspecies tse di itsegeng e bonala kwa di-subregions.
Mono Afrika Borwa Tsessebe e felela kwa di-savannah woodlands tsa kwa bokone. Bontsi ba tsone di lotleletswe kwa Kruger Nationala Park le di-Provincial game serve. Go na le tse di setseng di amogetswe ke di private game reserves.

Vital Statistics

leina la seLatini: Damaliscus Lunatus
Bokete (Mosadi): 126 kg
Bokete (monna ): 140 kg
Bolele (mosadi): 170 cm
Boleele (Monna): 170 cm
Gestation Period: 10 months
No of Young: 1 calf
Sexual Maturity: 26 - 40 months
Birth Weight: 11 kg
Order: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Lebelo: 60 km/h
Manaka: 35 cm (record - 47 cm)
Tsalo: Ngwana a le esi o tsalwa go tlogel ka Lweeste-Ngwanatsele morago ga +/- 8 months ya go ima ga kgomo.

Motlhala wa Yone

Ga di patrola mafatshe a tsone tse di tona bonswa motsamao o tsepameng mme di tlogela ditotoma tsa boloko gotlhe mo ditsamayang teng. E tona le e namagadi ditshwaya mafelo ao ka di preorbital glands tsa tsone le fa ele tse ditona tse dirang jaalo mo nakong ele ntsi.
Di rata go fogotlha difatlhego tsa tsone mo mmung kgotsa mo go leng thotana ya makeke. Di khubama ka mangwele gore di kgone go dira jaalo. E tona le e namagadi di rata go tlhoma ka dinaka fo fatshe, bogolo setonna kwa morago ga pula.
Phologolo e e na le interdigital gland kwa maotong a kwa pele.Tse ditona di tla fata lefatshe ka tsone e le tsela ya go tshwaya mafelo a yone.