Tsamaiso ya Dijalo tsa Legapu

© Louise Brodie

Go Dikolosa Dijalo

Ke selo se se siameng go dikolosa magapu ka dijalo tse dingwe jaaka monawa kgotsa dijalo tsa matlhare. Leka go jala magapu dingwaga dingwe le dingwe tse pedi mo karolong e e tshwanang. Fa karolo e tshwanetse go jalwa magapu ngwaga mongwe le mongwe, go raya gore taolo e e gagametseng ya disenyi le go kubetsa mebu go tshwanetse go dirwa.

Bokana ba Kumo (ditone ka heketara)

Kelotlhoko: 15 ditone
Palogare: 30 ditone
Siameng: 40+ ditone

Go Roba

Go roba go simolola mo dibekeng di le 12 morago ga go jala mtlhogela ya kgotsa go tlhoga ga dijalo fa go tsenya go setse go dirilwe. Go roba go dirwa ka diatla mme go ka tswelela mo dibekeng tse tharo kgotsa tse nne. Go roba go dirwa mo dikgatong tse di farologaneng tsa “go jalwa ka go roba” gantsi ka tlwaelo “go jalwa ka go roba ka botlalo” le “le go jalwa ka go roba ka bontlhanngwe”. Seno se raya gore go ka nna bonolo go tlosiwa ga magapu mo kutung. Magapu go rekiswa ka ponyo ya leitlho le go jewa di robiwa ka go robiwa ka botlalo fa magapu a budule ka botlalo. Di tshwanetse go rekisiwa ka ponyo ya leitlho. Maungo a robilweng ka go robiwa ka bontlhanngwe ga a butswa sentle mme a ka dirisiwa go boloka le go rekisiwa kwa morago.

Poloko

Legapu kgotsa Legapu la khubu di senyega thata ka jalo go thata go a boloka. Poloko ka tlwaeloe mo magareng a 2 go ya go 4°C. Metsi a tlawelegileng a tshwanetse go ka nna 90% +. Go boloka ga go a tlwelega go nna go feta malatsi a le 14. Mefuta e mengwe e e robilweng ka go robiwa ka bontlhanngwe e ka bolokwa ka 0 go ya go 2°C go fitlha dibeke di le nne. Legapu le le letswegang go go maleba e sa ntse e le lengwe le le butswitsweng sentle go ya go gola mo morareng mme le jewa ka bonako fela morago ga thobo.

Disenyi

Nematodes, Sebokwana sa kgwele sa kwa Amerika, Dingadule le Dikhukhwane tsa matlhare.

Malwetse

Monyo o o bonolo o o kwa tlasenyana, Anthracnose, Monyo o o bonolo wa Lerole, Tshwabo ya Fusarium le Mogare wa Mosaiki, dibaketeria, Tshwabo ya baketheria le Dipatso mo matlhareng.

Translated by Lawrence Ndou