Tiro ya ga Desmond Tutu Kwa Ntle ga Afrika Borwa

Go Fitlhelela go Ruta

©Eric Miller

Desmond Tutu ka nako yotlhe o ne a batla go nna moalafi, fela fa a ne a kgaratlhela go bona madi a go duelela sekolo sa kalafi o itlhophetse go fitlhelela mokgele wa tiro mo go ruteng. O ne a simolola kwa Kholetšheng ya Tlwaelo ya Bantsho ka 1951. Fa a ntse a le gare mo seabeng sa merero ya baithuti, a thusa go rulaganya Setšhaba sa Terama le Go Bala, a duedisa Setšhaba sa Setso le Ngangisano a se direla jaaka ramatlotlo mo SRC.

Gape o ne a tsaya dithuto tse kgakala tse tlhano tsa kwa Yunibesithing ya Afrika Borwa. O weditse Lekwalo la Borutabana ka 1954 mme ka 1955 o amogetse Dikerii ya gagwe ya Bachelor of Arts. 1955 gape e ne e le ngwaga oo Tutu a simolotseng tiro ya gagwe jaaka morutabana kwa sekolong se segolo fa a neng a iponna la ntlha fa Molao wa Thuto Bantsho o o neng wa tsenngwa tirisong ka 1953.

Ka fa tlase ga Molao o, baithuti ba bantsho ba le ka fa tlase ga thuto e e kwa tlase, e e neng e lekanyeditse ditsholofelo tsa bona tsa isago thata. Tutu o ne a galifisitswe ke se mme kwa bofelong a tlogela go ruta ka go dira ditshupetso.

Dithuto tsa Thutabomodimo

Ka 1958 Tutu o ne a kwadisitswa Thutabomodimo kwa Kholetšheng ya St Peter’s fa a neng a ithutela Beibele, Moônô wa Anglicaca le Boitshwaro jwa Sekeresete. O amogetse leina la go nna botlhale jo bo kethegileng le go dira ka natla e ntse a tsweletsa tlhaloganyo ya boikokobetso.

Pampiri ya gagwe ya Sekeresete le ya Iselamo di fentse sekgele sa mobišopomogolo sa tlhamo ya ngwaga le ngwaga. Le fa e ne e le gore ditsitsipano tsa sepolotiki mo Aforika Borwa di ne di ya kwa godimo jaaka kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele di ne di gagametse, Tutu o ne a ntse a le kwa ntle ga dipolotiki.

O ne a amogela dikerii ya gagwe ya Licentiate ya Thutabomodimo mme a tlhomamiswa jaaka moruti ka 1960. Ka 1962 Tutu o ne a hudugela kwa United Kingdom go tsweletsa dithuto tsa gagwe tsa thutabomodimo kwa Kholetšheng ya King’s kwa London. Nako eo Tutu a e ntseng kwa London e mo letleletse thuso go tswa mo kgatelelong a neng a e fitlhela mo nageng ya ga gabo mme o ne a na le kgololosego ya go sekaseka dilo tse dingwe tse a di batlang tse di jaaka tsa kirikete, e a gotseng a e rata.

O ne a wetsa nako ya gagwe kwa ka didikerii tsa Bachelor ya Divinity Honours le Masters ya Thutabomodimo, lekwalo la gagwe le ne le le mo Iselamo kwa Bophirima jwa Afrika. Tutu o ne a tloge kwa United Kingdom ka 1966 go tla mo Aforika Borwa. Pele a boela gae o ne a etela Paris, Rome mme kwa bofelong a ya Botlhaba jwa Jerusalema fa a neng a fetsa dikgwedi di le pedi go ithuta Seheberu le Searab. Fano o ne a tshoswa ke dikgotlhang magareng ga batho ba Bajuta le Maarap eo a e boneng.

Go Itsesiwe mo Thutabomodimong ya Bantsho

©Eric Miller

Ka 1967, morago kwa Afrika Borwa, Tutu o kgaratlhetse go inyalantsha le setšhaba se se neng se amme ke tlhaolele e bogale le melao ya bukana ya boiketsese. Le fa go le jalo, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya go ruta le go leka go dira temoso ka ga seemo sa bohumanegi sa Maaforika Borwa.

O rutile kwa Seminara ya Thutabomodimo ya Bofederale 'FEDSEM' kwa Alice kwa Kapa Botlhaba pele a huduga go ya go simolola go dira tiro kwa Yunibesiting ya Botswana, Lesotho le Swaziland 'UBLS' ka 1970. Fa a ne a nna kwa Lesotho o dirile jaaka motlhatlhobi wa kwa ntle wa Fedsem le Yunibesithi ya Rhodes le go nna leloko la boto ya khudutamaga Mokgatlho wa Kemedi ya Dikereke Tsotlhe ya Lesotho.

Gape e ne e le fa mo a neng a itsese Thutabomodimo ya Bantsho mme o ne a tlhotlheletswa go e kopanya le Thutabomodimo ya Seaforika go e tsenya mo bokaong jwa Afrika Borwa joo a neng a bo itse.

Go Direla TEF

Ka 1972 Tutu ne a boela kwa Engelane go dira. O ne a tlhomiwa jaaka Modimmogo wa Mokaedi wa Afrika mo boemong jwa Letlole la Thuto ya Thutabomodimo 'TEF'. Maemo a, a mo litlile go ya go etela kwa dinageng tse di Tlhabologang, go akaretsa tse dintsi mo Afrika. O kwadile ka ga maitemogelo a gagwe kwa teng, a ntse a bala bobodu bo bo tlhatlogang le botlhoki kwa Zaire, kgolagano ya Bakeresetse-Mamoelemo kwa Nigeria, mmuso o o kgatlhang ka fa tlase ga puuso wa kwa Jomo Kenyatta gammogo le go kobiwa ga MaAsia ba kwa Uganda ka fa tlase ga Idi Amin.

Tutu o ne a direla Letlole la Thuto ya Thutabomodimo mo dingwageng di le tharo pele ga go boela mo Afrika Borwa ka 1975. O ne a tlhomiwa go nna Modini wa Kerekekgolo ya St. May’s kwa Johannesburg, go nna Modini wa ntlha wa montsho wa Anglican. Gape o dirile jaaka Mobišopo wa kwa Lesotho go tloga ka 1976 go ya 1978 fa a ne a nna Mokwaledi Kakaretso wa ntlha wa montsho wa Khansele ya Dikereke ya Afrika Borwa.

Go nna le Sewabe ga Boditšhabatšhaba

©Roger de la Harpe

Desmond Tutu o gakologelwa bontsi ka go nna le seabe ga gagwe mo kgololosegong ya Afrika Borwa, mme gape o ne a na le seabe se se tseneletseng mo mererong ya boditšhabatšhaba go akaretsa tse di latelang: Ka 1987 o ne a neelana ka puo e ebotlhokwa kwa Khonferenseng ya Dikereke Tsotlhe tsa Afrika 'AACC' kwa Togo, fao a neng a bua ka ga mathata a ba bagateletsweng mo Afrika, a rotloetsa dikereke di go thusa mo di ka kgonang.

Moragonyana o ne a tlhophiwa go nna Moporesidente wa AACC. Ka 1988 Tutu o ne a bua kwa Khonferenseng ya Lambeth a dira piletso ya tharabololo ya kgotlhang kwa Ireland Bokone. Ka 1989 o ne a etela Zaire, e jaanong e leng Democratic Republic of Congo, go rotloetsa dikereke go ipaya kgakala le puso ba babusaesi.

Ka 1989 o ne a bua ka kgotlhang ya Iseraele – Palesetina a gatelela tshwanelo ya mmuso wa Iseraele le seriti sa tikologo le tshireletso kgatlhanong le ditlhaselo ke bao ba ba tla ganelang tshwanelo ya bona go nna teng. O ne a supa go tshwana ga maemo a puso ya tlhaolele ya Afrika Borwa.

O ne a etela Liberia ka 1994 mo letsholong la go rulaganya khutlisontwa mo boemong jwa AACC. Ka 1995, o ne a romelwa kwa Nigeria ke Nelson Mandela go kopa kgololo ya bagolegwa ba sepolotiki mme mme morago mo ngwageng o o o ne a etela Rwanda morago ga kgailo ya batho go rera le go di ra piletso ya bosiamisi.

Translated by Lawrence Ndou