Temô ya Thuntshwane mo Afrika Borwa

© Marinda Louw

Dithuntshwane tse di jegang, tsa kalafi le tsa kwa nageng ke ditlhopha di le tharo tsa dithuntshwane tse di bopang bodirelo jwa lefatshe ka bophara jwa dithuntshwane. Fa dithuntshwane tse di jegang tse di jaaka tsa konopo-tshweu le tse di borokwa di itsagale thata mo dijong tsa segompieno tsa Afrika Borwa, dithuntshwane tsa botswantle tse di jaaka tsa kgetla le tsa shiitake di tswelela go bona serodumo. 

Motseletsele ono wa dikwalo o neelana ka tshoboloko ya tlhagisetso-kgwebo e e ntshitseng magetla ya thuntshwane mo Afrika Borwa mme o leba ka boripana dithuntshwane tsa botswantle le tse di fulwang ga mmogo le ditiriso le dipoêlô tsa dithuntshwane tse di jegang tsa bogwebi. Ditiriso tsa kalafi le tsa setso tsa dithuntshwane ke lephata le le atologileng mme le kgatlhisa, le le sa atlhaatlhiwang mo motseletseleng ono.

Translated by Nchema Rapoo

Dipoêlô le Ditiriso tsa Dithuntshwane

Dithuntshwane di tlhwatlhwa e e namatsang le go nna boitekanelô, mme go tsenngwa ga tsona mo dijong tse di jaaka omelette le setšhuu go tl...more

Tsela ya go Tlhagisa Dithuntshwane

Dithuntshwane di jalelwa ka mo teng ga dikagô tse di kgolo tse mo go tsona seelô sa carbon dioxide, bongôla le themphoritšhara se laolwa...more

Motshotelô wa Thuntshwane

Motshotelô o bopa motheo wa temô ya thuntshwane. Tlhamo le boleng jwa motshotelô di tlile go ama boleng le ntshô ya thobô ya thuntshwan...more

Tlhagiso ya Thuntshwane

Tlhagisetso-kgwebo ya dithuntshwane tse di jegang e oketsegile go feta makgetlhô ale 30 fa e sale ka 1978, mme shiitake (Lentinus edodes) e...more

Ditlhagiswa tsa Thuntshwane

Tsela e e tlwaelegileng go gaisa ya go ja dithuntshwane ke fa di le tala mo disalateng kgotsa di apeilwe ka bôtôrô, oli kgotsa ghee....more

Temô ya Mahupu mo Afrika Borwa

Temô ya mahupu mo Afrika Borwa ke bodirelo jo boša fela jo bo golang, mme ka bogolo bo tsepametse mo tlhagisong ya mahupu a mantsho a Fora...more

Tlhagiso ya Mahupu mo Lefatsheng

'Dithuntshwane' tseno tse di monkgo monate tsa ka fa tlase ga mmu di beilwe tlhwatlhwa e e kwa godimo mo lephateng la dijo tsa maemô a a kw...more

Mefuta ya Dithuntshwane

Go na le makgolokgolo a mefuta ya dithuntshwane tse di lemilweng (ditlhopha tse di fetang 20) tse di leng teng boditšhabatšhaba, fela tlha...more