Taolo ya Metsi

© Roger de la Harpe
Percent ele someasupa ya boalô jwa lefatshe e apesitswe ke metsi. Percent ele somearobongwe le bosupa ya metsi otlhe mo lefatsheng ke metsi a letswai.
Mo 3% ya metsi a a foreshe, ke fela 0.3% a e leng metsi-boalông a re a fitlhelelang bonolo go nwa kgotsa go a dirisa mo tlhagisong ya dijo le ditlhagiswa tse re di tlhagisang go ka itshedisa. Mo go setseng:
69% - A boswakgapetla
0.7% - A mo lefaufaung
30% - A ka fa tlase ga lefatshe
Metsi ke sediriswa se se nang le bokhutlo. Bontsi jwa metsi a a neng ale mo lefatsheng dingwaga di le le million tse di fetileng bo santse bo le teng gompieno mme bo ka se oketsege. Se se tshwanetseng ke go fetoga, ke ka fao re dirisang sediriswa seno se se tlhwatlhwa mme se neelanang ka botshelo gore re tswelele go tshela. Re tlhoka go ithuta go se a dirise botlhaswa. Mo metsing a a foreshe a re a dirisang:
70% e dirisetswa temôthuo
20% e diriswa kwa madirelong mme
10% e diriswa mo malapeng le go nowa ke batho.
Go tlhagisa dijo re tshwanetse go bopa sešwa ka metlha go bona ditsela tse di ntšhwa tsa go dirisa metsi ka bonnye le go a senya ka bonnye mo tlhagisong ya dijo tsa rona.
Go tlhagisa kilogram ele nosi ya nama ya kgomo, go tsaya 15 000 litres kgotsa 15 m³ ya metsi.
Go tlhagisa kilogram ele nosi ya reisi, go tsaya 3 500 litres kgotsa 3.5 m³ ya metsi.
Re lesego gore mo temôthuong ya sešweng, popôsešwa ere tliseditse mekgwa e ka yona re ka tlhokomelang bometsi jwa mmu ka matsetseleko. Seno se letlelela nosetsô e e matsetseleko ka tiriso ya dithulaganyo tsa nosetsô tse di ntšhwa tse di tlhokang tshenyô, jaaka nosetsô ya thotiso ya mo boalông jwa mmu le ya ka fa tlase ga lefatshe. Le fa go le jalo, go feta 60% ya metsi a a dirisetswang nosetsô mo temôthuong e senngwa ka ntlha ya botlhoka-matsetseleko. Ka go meta ka matsetseleko metsi a a leng teng mo karolwaneng ya medi ya dimela tse di farologaneng, o tlile go kganetsa ditatlhegelô tseno.

Go Kgobokanya Metsi a Pula go tswa Marulelong

Go kgobokanya metsi kgotsa ‘puno ya metsi a pula’ go tswa marulelong ka ntlha ya mo ntlong le serapa o diriswa ka bophara go kgabaganya Aforika Borwa – kwa mafelong a dinagamagaeng e bile o oketsega thata kwa ditoropokgolong....more

Botlhokwa ba Puno ya Metsi a Pula le Pabalelo

Mekgwa e e bokoa ba pabalelo ya mmu le phediso ya dikgwa di isa kwa kgogolegong e kgolo ya mmu le go fokotsega ga boleng ba naga....more

Nosetsô

Nosetsô ke thebolo ya metsi mo lefatsheng e e itiretsweng ke motho go godisa dijalo kgotsa dimela dingwe le dingwe ka mokgwa wa diforo...more

Mekgwa ya go Lekanyetsa Bometsi jwa Mmu

Go botlhokwa go itse maêmô a bometsi jwa mmu gore mojadi a kgone go nosetsa sejalo ka nako e e tshwanetseng, ele go netefatsa fa go na le bometsi jo bo tlhokegang mo mmung jo medi ya sejalo e ka bo gogang....more

Dithulaganyo tsa Go Buna Metsi a Pula

Go na le dithulaganyo tse tharo tsa go buna metsi a pula. Kgobokanyo e kgolo ya kgobokanyo ya metsi a pula go tswa ka ntle ga melelwane ya polasa. Kgobokanyo e nnye ke kgobokanyo ya meetse a pula go tswa mo metseng a elelang mo polaseng...more

Metswedi, Poloko, Tsamaiso le Pompo ya Metsi

Metsi otlhe a fitlhelela boalô jwa lefatshe ka mekgwa e e farologaneng ya komotiso e e jaaka semathana, pula, sefako kgotsa mouwane....more

Go Buna Metsi a Pula Ke Eng?

Go buna metsi a pula ke go tsamaisa le poloko ya metsi a pula go tswa mo lefatsheng kgotsa kwa marulelong a meago ka dipeipe kgotsa meedi ya marulelo go ya kwa tankeng ya go boloka metsi....more