Metswedi, Poloko, Tsamaiso le Pompo ya Metsi

Metswedi ya Metsi

©Louise Brodie
Metsi otlhe a fitlhelela boalô jwa lefatshe ka mekgwa e e farologaneng ya komotiso e e jaaka semathana, pula, sefako kgotsa mouwane. Go na le metswedi e megolo ele mebedi e re e dirisang mo mabakeng a temôthuo le tiriso ya fa gae, yona ke metsiboalông a a fetiswang ka mosele goya le boalô jwa lefatshe mo melatswaneng le dinokeng goya kwa lefelong la tiriso, ga mmogo le metsi a a ka fa tlase ga lefatshe a a tsamayang goya le mafika a metsi le manga a a mo mmung go fitlha kwa a nnang teng mo boalông jwa lefatshe ka tlhagô kgotsa ka go gogwa ke batho ka tiriso ya dipetse kgotsa didiba.

Poloko ya Metsi

©Louise Brodie
Metsi a bolokelwa mo matamong mme gotswa fao a pompiwa kgotsa fa mokgokolosa o letla a gogelwa tlase go nosetsa mafatshe. Ditatlhegelô ka ntlha ya mowafalo di ka nna kwa godimo fa matamo a na le bogolo jwa boalô jo bo golo. Metsi a ka fa tlase ga lefatshe a pompiwa gotswa kwa dimetareng di le makgolokgolo ka fa tlase ga lefatshe goya kwa matamong, mme go tswa fao a dirisetswa go nosetsa kgotsa mo mabakeng ale mantsi a pompelwa ka tlhamalalô mo dijalong le masimong gotswa mo mafikeng a metsi a a ka fa tlase ga lefatshe. Metsi a a ka fa tlase ga lefatshe gape a ka fitlhelela boalô jwa lefatshe mme a bope metswedi. Mo mabakeng mangwe matsha a tlhagô a bopega gotswa mo metsweding kgotsa mo dinoka di phatlhalelang gona mo mafatsheng a a phaphati, mo sebopego sa lefatshe se letlelelang teng.

Tsamaiso ya Metsi

©Eric Miller
Metsi a tsamaiswa ka diforo tse di bulegileng, dikanale kgotsa dipeipi goya kwa metsi a bolokelwang le go diriswa teng. Maatla a go tsamaisa metsi a bakwa ke maatlakgogedi kgotsa go pompelwa. Metsi a botoka fa a tsamaiswa ka dipeipi go na le fa a tlogelwa go elela mo diforong tse di bulegileng kgotsa dikanale, ka ntlha ya mowafalo le tshutlhelelo mo mmung.

Go Pompa

©Louise Brodie
Dipompo ka bontsi tsa nosetso di kgweetswa ka motlakase, lookwane kgotsa diesel. Go na le mefuta ya dimpompo ele mebedi e megolo, dipompo tsa centrifugal le dipompo tsa displacement.
Dipompo tsa displacement di dira ka mokgwa o mo go ona metsi a tsenang mo bogareng jwa karolo ya motšhine ka matseno a pompo, mme morago a ntshiwe ka go gatelela pisitene kgotsa setshwafu go tsena ka mo gare ga bogare jwa karolo ya motšhine ka maatla, mme seno se tsenye kgatelelo mo metsing gore a tswe ka mo gare ga karolo ya motšhine ka kgôrô e e tswang. Metsi a a ka mo gare ga karolo ya motšhine a laolwa ke menatlana e e sa busetseng metsi ele mebedi e e mo matlhakoreng a a thulanang. Maatla a a diriswang a ka fetlhwa ka mekgwa ele mentsi ya maatla jaaka phufudi, mowa, diesel le gasoline, kgotsa jaaka mo lobakeng lwa pompo ya hydraulic ram, ka maatlatsamao a a fetlwang ke metsi ka boona.
Mo mabakeng a nosetsô go diriswa dipompo tsa centrifugal gantsi. Pompo ya centrifugal e na le impeller e e nang le dikomiki tse di amogelang metsi mo bogareng jwa yona mme e a dikolose ka mo gare ga karolo ya motšhine, mme ka maatla a centrifugal a ntshwa mo bogareng jwa impeller go tswela goya kwa letlhakoreng le le kwa ntle, mme gotswa fao a tsamaiswe go tswela kwa ntle ka kgorontshetsantle e e bopilweng ya pompo, e e ntshetsang kgotsa go “latlhela” metsi kwa ntle goya kwa peiping ya bontshetantle.

Translated by Nchema Rapoo