Sweet Pepper ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Capsicum Annuum
Maina a Tlwaelô: Sweet Pepper kgotsa Bell Pepper

Tlhalosô ya Sejalo

Sweet pepper ke sejalo se se boleta ka matlhare a matala a sebopego sa lee a a nnang bosesane go fitlha a nna motsu kwa ntlhaneng. Sweet pepper ke sejalo se se maikaelelo se se golang mo setlheng sa sona sa kgolô mme se swe morago ga go tlhagisa leungo la sona. Go na le mefuta ya sweet pepper e metala, khibidu, serolwana, tshweu, phepôle, borokwa le ya mmala wa namune.
Go na le di sweet pepper tsa sebopego sa bêlê ke ka moo leina bell pepper, go na le tsa sebopego sa khounu le tse nnye tsa cherry. Go na le mefuta e mentšhwa e e iseng e kaiwe, e e ka segwang go tlhagisa dikalana, matlhare le dithunya tse diša le go ntsha maungo a mantšhwa kgapetsa kgapetsa. Gantsi di jalwa mo dikagông tsa dijalo kgotsa mo boseng jo bo thuthafetseng jo bo letlang paka tse di telele tsa ntshô-tlhagiso.

Ditiriso

Sweet peppers di ka diriswa mo go apeêng go lokela tatso mo nameng le merogong. Di jewa di le tala mo disalateng mme di ka beswa le go katelwa le go beikhwa ka metlapisô e e farologaneng.
Di kaiwa fa di na le seelo sa Vitamin C se se fetang sa namune gararo.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Di tlhoka mebu e e nonneng ya motlhaba e e serokwa goya go e e serokwa e e tswang metsi sentle. Jaaka ge medi e kokoane mo bogodimong jwa 30cm jwa mmu, di tshaba maêmô a komelelô le tamô ya metsi. Nosetsô e tshwanetse go ka laolwa sentle. Go tshwanetse ga nna le mmutele o o siameng mo mmung kgotsa motshotelo o tshwanetse wa tswakanngwa le mmu pele ga jalô. pH ya mmu e tshwanetse go nna magareng a 6.2 le 7.0. Fa mmu ole gautshwane le pH e e bogareng ke teng fa sweet pepper e tlileng go diragatsa sentle.

Bosa

Sweet peppers ke dijalo tsa bosa jo bo bothitho mme di tshaba segagane, kgolô e diega thata fa dithemphoritšhara di ya kwa tlase ga 15°C. Di diragatsa bontle fa dithemphoritšhara tsa motshegare le tsa bosigo di ya tlase le godimo mo magareng ga 20°C le 30°C. Fela fa leungo le sena go butswa e ithatela seêmô sa bosa se se omeletseng ntle le pula jaaka e rotloetsa kgolô ya mouta le matsapa a taolô ya nosetsô.

Dijadi

Go na le makgolokgolo a dijadi fela ele mmalwa ke e: California Wonder, King of the North, Jupiter, Pip, Chocolate Beauty, Keystone, Florida, Banana, Marconi Red, Ballito Sweet Golden, Cape Medallion Cherry le King Arthur.
Go na le mefuta-tlhakanngwa e mentšhwa e e bopiwang le go tlhagiswa ka metlha go gatisa dimelo tse di itlhaotseng le go nonofisa twantshô ya disenyi le malwetse.
Go botoka go golagana le moitseanape wa peo ya dijadi le agronomist mo kgaolong ya gago go ka go thusa ka go tlhopha dijadi tse siameng maêmô a gago a bosa le mmu.

Translated by Nchema Rapoo