Shiraz

© Glenneis Kriel

Thanololô

Shiraz ke sejalwa sa mofeine o mohibidu ka tatsô e e itshupileng ya mosi. E tlhamiwa ka go kopanya mefuta e mebedi e e leng gaufi le go nyelela ya Dureza le Mondeuse blanche.

Tlhôlegô

Kgale gone go dumelwa fa Shiraz e tlhôlegile kwa tôropong ya Persia ya bogologolo eleng Shiraz, e e kwa Iran wa sešweng. Fela dipatlisiso tsa DNA mo dingwageng-thari tsa bo1990 di netefaditse fa France e le yona naga ya nnete ya tlhôlegô, ka ntlha ya gore mefuta-tsadi ka bobedi e Shiraz e tlhamilweng ka yona e tlhôlegile kwa borwa botlhaba jwa France.

Mofuta ono o ntse o jalwa kwa kgophung ya Rhone mo dingwageng di le makgolo a le mmalwa tse di fetileng. Go tuma ga ona kwa teng go ile godimo ga e sale kwa bokhutlông jwa bo1960, jaaka motswako le Grenache noir mmogô le Carignan.

Maina A Mangwe

Mo bontsing jwa lefatshe lotlhe, mofuta ono o bidiwa Syrah. Batlhagisi ba sešweng, jaaka Afrika Borwa le Australia, ga jaana ba simolotse go dirisa mareo ano go supa mofuta wa mofeine.

Syrah e diriswa go kaya mefeine ya setso sa Rhone ya ditatsô tse di gogegileng tsa leungo, fa Shiraz e diriswa go kaya mefeine ya sešweng e meretlwa ya yona e kgetliwang fa e butswitse thata mme di na le tagi e e kwa godimo le ditatsô tse di itshupileng.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Ga go a totobala gore Shiraz e fitlhile leng mo Afrika Borwa. Go ya ka nngwe ya dikakanyo, molaodi Simon van der Stel o e tlisitse mo Afrika Borwa kwa bokhutlông jwa bo1600. Kakanyo e nngwe e dumela fa James Busby, mojadi wa diterebe yo o simolotseng ntshô-tlhagiso ya Shiraz kwa Australia, a tlogetse dikalana kwa Kapa fa a ne a tswa Europe mo dingwageng tsa bo1840.

Merara ya ntlha e ne ya jalwa kwa Groot Constantia go ya kwa bokhutlông jwa dingwaga tsa bo1890, fela go tuma ga mofuta ono go ne go se kalo ka ntlha ya ntshô-tlhagiso e e kwa tlase le gore batlhagisi ba ne ba sa bone dipoelo tsa boleng jwa ona. Bontsi jwa sejalô bone bo tseneletswe gape ke mogare ka dinako tseo.

Bernard Podlashuk, yo o kaiwang fa e le “Rraago Shiraz mo Afrika Borwa”, e ne e le ene wa ntlha go tsenya Shiraz mo lebotlolong jaaka mofuta-nosi wa mofeine ka 1957. Mo magareng a 1992 le 2016, kgaolo ya ntshô-tlhagiso e oketsegile go tswa go 900ha go fitlha gaufi le 10 000ha, mme seno sa dira gore Shiraz e nne mofuta wa bobedi o mohibidu o o jalwang ka bontsi mo nageng.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Mofuta ono o diragatsa bontle mo mmung o o mo magareng le o o boleta, mme o kgona go tshela mo maemong a a farologaneng a bosa. Merara e fitlhelwa mo dikgaolong tsotlhe tsa ntshô-tlhagiso mo Afrika Borwa, mme Paarl e na le bogolo jwa karolo ya ntshô-tlhagiso, e selwa morago ke Stellenbosch le Swarland. O dira bontsi jwa mefuta e e tlhagisiwang kwa Cape South Coast.

Kgolô

Merara e gola ka go nanabêla mme e nonofile sentle. Ntshô-tlhagiso ke e e itekanyetseng go ya kwa go e e kwa godimo, ka ntshô magareng ya 10t/ha le 15t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa thari mo gare ga setlha, go simolola mo bokhutlông jwa Tlhakole go fitlha ka seripa-gare sa ntlha sa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa e bonnye jo bo mo magareng, e motôpô mme mmala ke o o botala jwa loapi jo bo ntshofetseng. Letlapi le lesesane fela le tiile mme leungokobolwa le matute thata. Meretlwa e a tsutsunana fa e tlogetswe mo merareng nako e e oketsegileng.

Matlhare

©Glenneis Kriel
Matlhare a botala jo bo timpetseng, a magolo, a maleele ka ditsebe tse tlhano.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono ga o tshabelwe jalo ke malwetse, fela bolwetse jwa Shiraz le go fokotsega ga Shiraz e ka nna bothata mo dika-mefuta tse di rileng.

Tirisô

E dirisetswa go tlhagisa mefeine ya mofuta-nosi le palô e e kwa godimo ya mefeine ya metswako, jaaka motswako wa Kapa, o o tshwanetseng go nna le bonnye 30% le go sa fete 70% ya Pinotage, kgotsa metswako ya segologolo ya Rhone. Gape e dirisetswa go dira mofeine o o galakang o mohibidu.

Tatsô

Tatsô ya Shiraz e ikaegile ka mabaka a a farologaneng, a a akaretsang maemo a bosa, kgaolo ya ntshô-tlhagiso, mokgwa o merara e neng e tlhokometswe ka teng mmogo le tsela e mofeine e bedileng ka teng. Mefeine gantsi e na le ditatsô tse di mosi, pherefere, tse di babang le tse di maungo, mme dikgaolo-gare tse di bothithô di tlhagisa ditatsô tse di itshupileng tsa maungo.

Merara e e sa khurumelwang, ntshô e e mo magareng le diterebe tse di tlogetsweng gore di butswe thata di golaganywa le ditatsô tsa moretologa o o butswitseng le tsa moretlwa, fa tse di tserweng kwa merareng ya ntshô e e kwa tlase di tlhagisa meutlwalo e e babang. Tirisô ya logong le yona e na le seabe mo ditlamoragong tsa mofeine, go ikaegile ka mokgwa o logong lo dirisitsweng ka ona le mofuta wa logong.

Translated by Nchema Rapoo