Seabe sa Desmond Tutu sa Go Tlosa Tlhaolele

Tlotlo ya Matsapa a Gagwe

©Eric Miller
Ka 1984 Tutu fentse sekgele sa Kagiso sa Nobel, mme a nna Moaforika Borwa wa bobedi wa go dira jalo. O ne a akgolelwa matsapa a gagwe a go tlosa le taolo ya kgatelelo mo Afrika Borwa. O dirile puo phatlalatsa e e neela Sekgele sa gagwe go “batho ba ba nnye” mo Afrika Borwa mme a abelana moputso wa madi a gagwe le lelapa la gagwe, badiri ba Khansele ya Dikereke tsa Afrika Borwa gammogo le go letlole la go thusa baithuti ka madi bao e leng Maaforika Borwa a a leng kwa botshabelo. Setšhaba sa Afrika Borwa se ne sa nna le ditsibogo tse di tswakaneng ka go amogela kabelo ya gagwe, ba bangwe ba ne ba keteka mme ba bangwe ba tshwaya phoso. Puso ka boyona e tsweletse go nna e didimetse ka tiragalo eno. Moragonyana o ne a tlhophiwa go nna Mobišopo wa Johannesburg mme a leboga tiro jaaka Moemanokeng wa United Democratic Front.

O ne a tswelapele go dira tiro ya gagwe ya go gasa lefoko ka ga se se neng se diragala mo Aforika Borwa, a neelana ka tharabololo mo tseleng. Kwa USA ena le Ngaka Allan boesak ba kopane le mosenatoro Edward Kennedy, mme ba mo laletsa go etela Aforika Borwa mme ba ema Khanseleng ya Tshireletso ya Ditšhabakopano gammogo le Congressional Black Caucus, Ntlo ya Baemedi le Senoto ka lefoko. O ne a tswelela go rotloetsa baeteledipele ba lefatshe go baya kgatelelong mo Pusong ya Afrika Borwa ka dikiletsokotlo tsa ikonomi.

O Ikemiseditse ka Tlhoka Tirisodikgoka

Tutu o neile bopaka mo boemong jwa sele e tlhatlhetsweng ya setlhopha sa badirisa dibetsa kgatlhanong le tlholele, Umkhonto we Sizwe ka 1984. O ne a gatelela gore o ne a ikemiseditse ka tlhoka tirisodikgoka fela o ne a tlhaloganya gore goreng bantsho ba Maaforika ba ba leng ka fa tlase ga kgatelelo ba ka dirisa dikgoka mo kgaratlhong ya bona ya kgololesego. O ne a bolelela puso ya basweu ka boitimokanying ba bona ka go akgola ditlhopha tse di lwelang kgololosego ka dibetsa kwa Yuropa fa ba kgala mefuta ya ditlhopha e e tshwanang mo Afrika Borwa.

Tirisodikgoka mo nageng ya rona e ntse e gola mme Tutu o ne a kopiwa go bua kwa diphitlhong le dintsi. Ka nako ya dithero tsa gagwe, o ne a tswelela go rera molaetsa wa tlhoka tirisodikgoka mme o ne a kgalwa ke bangwe ka go dira jalo a goeletsa gore boikokobetso jwa gagwe e ne e le sekgoreletsi go kgololosego. African National Congress 'ANC' e bileditse baagi go dira gore naga e se busege, babeeletsi ba boditšhaba ba ne ba oketsega go gogela peeletso ya bona morago mma ka 1985 PW Botha o ne a phasalatsa maemo a tshoganyetso mo Afrika Borwa.

Mo tlhakatlhakanong e, Tutu o nnile a dira ka natla. O eteletse pele ditshupetso, a ema nokeng Letsholo la Poelano la Bosetšhaba a ipiletsa go ngala tiro ya naga bophara go nna le seabe mo letsatsing la thapelo le go tshitshinya ngala tiro kgatlhanong le tlhaolele. O ne a eme Kokoano Kakaretso ya Ditšhabakopano ka lefoko kwa New York mme a kopana le Tonakgolo ya maloba ya Brithane Margaret Thatcher go ya pele ka go kgatelelo ya dikiletsokotlo tsa ikonomi mo Afrika Borwa.

Go Rotloetsa Thuto le Dikiletsokotlo

©Eric Miller
Ka 1985 Letlole la Bishop Tutu la go Thusa Baithuti ka Madi le ne la tlhamiwa. Maitlhomo a yona e ne e le go tlamela ka madi go Maaforika Borwa a a leng kwa botshabelo. Tutu o ne a tille ka ga botlhokwa jwa thuto. Kwa khonferenseng e e neng e rulagantswe ke Komiti ya Batsadi ba kwa Soweto ya Dikhuduego, o ne a lemosa ka ga dikotsi tsa losika le le ka se nneng le dikgono tse di tlhokegang go tsena mo maemong a a botlhokwa morago ga Aforika Borwa ya tlhaolele.

Ka 1986 Tutu o ne a etela United States gape go rotloetsa dikiletsokotlo. Gape o ne a etela kwa Japan, China le Jamaica ka ntlha ya lebaka le le tshwanang. Moragonyana mo ngwageng oo, o ne a tlhophiwa go nna Mobišopomogolo wa kwa Kapa pele a nna Moporesidente wa Khonferense ya Dikereke Tsotlhe tsa Afrika.

Tsereganyo ya Kgotlhang

Tutu, mmogo le baeteledipele bangwe ba kereke, o nnile motseregany wa kgotlhang fa gare ga badira ditshupetso le mapodisi. Ba ne ba phatlhalatsa kgagamalo mo Motsesetoropong wa Alexandra ka 1986 le kwa phitlhong ya Ashley Kriel ka 1987 magareng ga ditiragalo tse dingwe. Fa puso e ne e iletsa mekgatlho e 17 ka 1988, ba ne ba rulaganya ditshupetso tse le tsona di neng tsa di neng tsa iletswa le tsona. Karabo ya bona e ne e le, go tlhama Komiti ya Tshireletso ya Temokerasi le fa dirali tsa bone dii ne di ileditswe ba di fetosa ka tirelo ya kwa Kerekengkgolo ya St George.

Tutu o ne a tsaya theo ya Barataro ba kwa Sharpeville ka 1988. Setlhopha se ne se atlholetswe loso mmeTutu, ka go ganetsa kotlo e e kwa setlhoeng, o ne a gatelela PW Botha go baya matshelo a bona. O ne a kopana le Botha ka boena mme bobed bo new jwa lwa pele ga Tutu a atlega. Dikatlholo tsa Barataro ba kwa Sharpeville di ne tsa fokotswa. Go tsibogela ikgatholosomolao ya ga Tutu, puso e ne ya tlhama letsholo, ba ntsha matlhare a a neng a le kgatlhanong le Tutu le ditlhongwa, ba duela badira ditshupetso le go tlhorontsha mosadi wa gagwe.

Translated by Lawrence Ndou