Roan
Kunkuru

© Shem Compion

Leina

Kunkuru [Hippotragus equinus]

Tebego

Mmala wa mmele ke o o serolwana se se setlhana, fa dikarolo tse di kwa tlase tsa maoto di le borokwa jo bo tseneletseng go ya kwa bontshong. Bosweu le bontsho jo bo apesitseng sefatlhego ke lotshwao lo lo golo lwa phologolo eno.
Di na le ditsebe tse telele di le metsu. Bong boo bobedi bona le manaka a a gwaegileng a kobegela kwa morago. Bokete jwa dipoo ke 270 kg ka boleele jwa 1.4 m fa legetleng.
Dinamagadi di dinnye ka bokete jwa 170 goya go 210 kg. Di na le megatla e me leele e e kukomogileng kwa bofelong.

Phepo

Dikunkuru di a fula, mme di ithatela dintlhana tsa tlhaga, le fa dina le go fula dimela tse di kimanyana le mere. Di rata tlhaga e telele mo sekgweng se se bulegileng sa ditlhare tse di telele.

Tsadiso

Di-antelope tseno ga dina nako e e tsepameng ya tsadiso mme dinamane di tsalwa morago ga go dusiwa dibeke di le 40. Mo kgweding ya yona ya ntlha mo lefatsheng, namane e fitlhiwa mo gare ga ditlhatshana tse di kitlaneng mme fa dinamane di golagana le motlhape di ikokwaanya ka bonkane le namane tse dingwe.
Dinamane tsa Kunkuru di swa ka bontsi, diphesente di le 80 tsa tsona di swa mo dibekeng tsa ntlha tse supa morago ga tsalo. Mo bukeng ya Red Data, Kunkuru e kaiwa fa ele phologolo e e mo kotsing ya go nyelela.

Maitshwaro

Di antelope tseno di phela ka metlhape e bontsi jwa yona e bopiwang ke dinamagadi le dinamane. Gantsi metlhape e na le poo e le nngwe fela mme dipholo tse nnye di bopa metlhape ya tsona di le nosi.
Motlhape mongwe le mongwe ona le tatelano ya maemo, namagadi e e maatla go di feta mo motlhapeng ke yona mmusigadi. Dikunkuru di matlhagatlhaga thata fa letsatsi le simolola.

Tulo

Di dula gantsi mo sekgweng se se tletseng ditlhare tse ditelele, mafelo a a bulegileng a tletse tlhaga e e mo magareng, mme di na le metsi a go nwa ka bo gaufi.