Phepô ya Dijo tse di Latlhilweng go Dikolobe

©Glenneis Kriel
Ka jalo ke eng se se kaiwang fa ele swill? Swill ke leina la tlwaelô la masaledi a dijo kgotsa dijo tse di senyegileng tse di nang kgotsa tse di nnileng le kamano le nama kgotsa ditlhagiswa tsa nama. Goya ka Animal Disease Act (Act 35 of 1984), go kgatlhanong le molao gore balemirui ba fepe dikolobe masaledi a a jalo, go sa kgathalesege gore a tswa mo phaposing-boapelo ya bona, dikepe, restaurant, maokelo kgotsa dihotele, ntle le fa masaledi ao a bedisitswe bonnye sebaka sa ura go bolaya di-pathogen. Seno se raya gape gore dikolobe di tshwanetse go bewa kgakala le matlakala le diphologolo tse dingwe tse di suleng.

Ditswa-Ditlhagisweng Tse Dingwe

©Glenneis Kriel
Matlakala a mangwe le ditswa-ditlhagisweng tse dingwe, jaaka maungo le merogo e e sa batlweng, masaledi a dijalo, a a jaaka dikalana tsa mmopo, matlhare le dithu, le matlakala gotswa kwa madirelong, jaaka senkgwe se se senyegileng, dijo tsa ntša tse di fetileng letlha la tiriso, mašwi a a senyegileng, tlhoa gotswa mo bodirelong jwa cheese le dithoro tsa botitielo jwa bojwalo, tsotlhe tseno di letlelesegile. Fa go dirisa ditswa-ditlhagisweng tseno, balemirui ba tshwanetse go nna kelotlhoko go netefatsa fa ditswa-ditlhagisweng di sa kgotlelwa ke diphologolo tse di suleng le gore ga di na dikhemikhale kgotsa toxins tse di kotsi.
Go fepa ditswa-ditlhagisweng fela go tlile go nna le ditlamorago tse di sa siamang mo itekanelong le kgolô tsa phologolo. Goya ka buka-kaedi ya tlhagiso ya South African Pig Producers Organisation, Pigs for Profit, dikolobe tse di neelwang fela senkgwe se se senyegileng, di tlile go nna mafura go na le gore di nne nama, mme di ka nna le mathata a phôlô a mangwe. Seno se akaretsa gape sefepi se se tala, se se tshwanetseng go bonwa jaaka motswako wa vitamin go na le jaaka dijo.

©Glenneis Kriel
Selo se se gaisang se o ka se dirang fa o sweetsa gore o ka fepa dikolobe tsa gago eng, ke go buisana le moitseanape wa phepô ya diphologolo. Moitseanape o tla supa mosola wa kotlô wa ditswa-ditlhagisweng tse o batlang go di dirisa, mme a tlhame seelo sa phepô se se tsepameng se se tla thusang go thibela ditlhaelô tsa dikotla. Dikolobe tse di sa boneng seelo se se tsepameng sa phepô se se tlhametsweng ditlhokegô tse di rileng tsa tsona, di tlile go nna ka fa tlase ga kgatelelô ya tlhaloganyo, mme di tshabelelwe ke malwetse le go golela ka bonya.

Translated by Nchema Rapoo