Paakanyô ya Mmu

© Louise Brodie
Before planting grapes, soil should be as even as possible to ensure that the vines is even in terms of quality and ripening.

Tshobokanyô ya Paakanyô ya Mmu

Paakanyô ya mmu ke temô ya mmu pele go ka simololwa tshimo. Ga ya tshwanelwa go etsaetsiswa le taolô ya mmu, e leng tlhokomelo ya mmu morago ga gore tshimo e simololwe. Tshekatsheko e e tseneletseng ya mmu ka moitseanape e ka supa gore kgaolo e e umakilweng e lekalekane jwang, mme fa gona le dipharologano di le dintsi, paakanyô e ka diriwa. Seno ebile se ka dira gore mo boemong jwa gore go jalwe mo karolong e le nosi e kgolo ya tshimo, go ka jalwa mo dikarolong tse pedi tse di nnye gore boleng jwa mmu bo nyalallane.

Nngwe ya maikaelelo a a botlhokwa a paakanyô ya mmu ke go dira gore mmu o lekalekane mo go kgonegang go netefatsa gore merara e a tshwana go lebilwe boleng le go butswa. Tshekatsheko ya mmu ka moitseanape wa mmu e botlhokwa thata, ka gonne mokgwa o o siameng wa paakanyô ya mmu o ka kaiwa. Tlhokomelo e tshwanetse go nna teng gore go seke ga tlisiwa mmu o o letswatsana kgotsa o o seloko mo boalông, fela ka nako e le nngwe bontsi jo bo kgonegang jwa medi ya merara ya pele e tshwanetse go ntshiwa.

Mo paakanyông ya mmu, diphôsô le ditlhaelô tsa dikhemikhale ya mmu di tshwanetse go baakanngwa. Moitseanape wa mmu o tla dirisa tshekatsheko ya mmu go dira dikgakololô ka ga paakanyô ya dikhemikhale tsa mmu. Fa letswatsana le ka fitlhelwa mo mmung, le tshwanetse go baakanngwa ka motsi wa paakanyô ka go dirisa gypsum le moselemaswe. Gypsum ke sere se se tlhakanngwang le mmu go oketsa tlopelô ya calcium. Mmu o o nang le esiti o ka baakanngwa ka go lokela laeme ka motsi wa paakanyô ya mmu e le go timola esiti ya mmu.

Dituêlô tsa Paakanyô ya Mmu

Tshenyegô ya sebôpegô sa mmu e ka fediswa ka paakanyô ya mmu. Manno a modi a ka oketswa go ya boteng ka go ntshiwa ga dikganêlô tse di kwa tlase ga mmu. Fa go setse go supilwe gore gona le dikganêlô ka fa tlase ga mmu (sekai, tlhaelô ya tlhokakhabone kgotsa tlhokego ya minerale mongwe), dikganêlô tseno di tshwanetse go baakanngwa pele ga nako ya jalô. Ka jalo, paakanyô ya ditlhoka-tekatekanyo ka khemikhale jaaka e kailwe ka motsi wa tshekatsheko ya mmu jaanong e ka diragatswa. Taolô ya dibokwana tsa nematode, fa go tlhokega, e ka dirwa pele go ka simololwa tshimo. Sebôpegô sa mmu se ka kaonafadiwa ka go tsenya tlhokakhabone e e leng motshotelô. Tlhokakhabone e fokotsa kitlano ya mmu mme e tsholetsa dipalopalo tsa dibokwanammu le di microbes tsa mmu.