Mefuta ya mmu ya Tshimo ya Morara

© Louise Brodie
Young vines planted in rocky soil.
Mefuta ya mmu mo Afrika Borwa e farologana thata. Mengwe ke motlhaba, e mengwe e seloko mme gona gape le mmu o o matlapa. Mmu ga o farologane fela ka tebege le mmala, mme fela le ka go nna dikotla ga ona le go kgona go tshwara metsi. Motlhaba le mmu o o matlapa di ka tshwara dikotla le metsi tse di kwa tlase gona le mmu o o seloko. Go feteng fao, selekanyo sa tlhokakhabone mo mmung se tshameka karolo e e botlhokwa thata.
Dipharologantsho tsa dingwe tsa dijadi tsa terebe di ka itlhagisa ka bogolo fa dimedisitswe mo mmung o o rileng. Kopano magareng ga seemo jwa bosa, lefatshe, kitso ya matlapa le mofuta wa mmu di rotloetsa ntsho ya mefeine wa boleng jo bo kwa godimo, fela maemo sa tikologo le mofuta wa mmu gape di ama mokgwa wa mefeine. Ka jalo go botlhokwa thata go itse gore mofuta wa mmu ke o o feng gore go kgonwe go o laola le go tlhagisa mefeine ya boleng jo bo kwa godimo.
Go netefatsa mofuta wa mmu ke tiro e e matswakabele e e kgethegileng. Gore go kgonwe go bonwa tshedimosetso, mesimana ya dipatlisiso e tshwanetse go epiwa. Mesimana e ya dipatlisiso e tshwanetse go epiwa go ralala karolo e e rileng mme tshekatsheko e e feletseng ya mmu e diriwe ke moitseanape.

Motlhaba

Mmu o o nang le seloko se sse ka fa tlase ga 6% o na le kganetso e le nnye ya kgolo ya modi, fela bokoa jo bo golo jwa mmu ono ke bokgoni jwa yona jo bo kwa tlase jwa go hupa metsi le dikotla tse di mmalwa. Ka jalo motlhaba o tshwanetse go nosetswa ka metlha mme menontsha e tshelwe gangwe le gape. Bontsi jwa metsi a a nosetswang a mowafala mo mofuteng ono wa boalo. Ka ntlha ya dithoro tse di kgolo tsa motlhaba, metsi a elela ka bonako mo mmung. Tshomarelo ya metsi e ka fitlhelelwa ka mokgwa wa dijalo tse di khurumetsang kgotsa kobelo – boalo jo bo kima jwa seresemela – go fokotswa mowafalo.
Mofero o o melang o inola bontsi jwa metsi le dikotla tse di leng teng, ka jalo jalo ya dijalo tse di khurumetsang le taolo ya mofero ke mekgwa e e êlêdiwang mo mmung wa motlhaba. Go tsenngwa ga ditlhokakhabone tse e leng motshotelo go oketsa mmutele mo mmung mme ka jalo bokgoni jwa go hupa metsi. Nosetso e e siameng thata ya mmu wa motlhaba ke ya mokgwa wa go rothetsa gangwe le gape mo nakong e khutshwane. Le fa mmu wa motlhaba o repile, o ka kitlana thata mme wa subelega fa morago ga pula e ntsi le pharakano ya dijanaga. Temô ya gangwe le gape ya mmu wa motlhaba ka mogoma kgotsa ege e ka senya sebopego sa mmu.

Seloko

Mmu wa seloko gantsi o fitlhelwa fa thoko ga dinoka kwa gantsi o tlogelwang ke metsi kgotsa merwalela. Seloko se na le bokgoni jo bo siameng jwa go hupa metsi le dikotla di le di ntsi mme merara e e mediswang mo mofuteng o wa mmu gantsi e gola ka nonofo. Matlapana a mmu a borethe thata mme dipharologano tse di kgolo di diragala mo mealong e e farologaneng. Seloko ka nako dingwe a lebega jaaka borôthô jwa motlapisô fao mealo e kgaoganngwang ke boalo jwa motlhaba o o magwata. Pharologanyo e kgolo ya kutlotshwaro e thibela tsenelelo e e siameng ya modi, mmogo le phatlhalatso ya metsi. Metsi a tsamaya mo selokong le mo boalong jwa motlhaba go tsenelela mo mmung-tlase, fela medi ga e kgone go tsenelela boalo jwa motlhaba o o magwata.
Petleko mo mmung wa seloko e tshwanetse go rulaganngwa sentle go efoga tshenyego ya sebopego sa mmu ka papatlelelo. Bometsi jwa seloko bo botlhokwa thata fa go rulaganyiwa temo ka metshine. Tshenyego ya sebopego sa mmu e ka bakwa ke motsamao wa sejanaga fa seloko se le metsi thata. Mo mmung wa seloko, tlhokakhabone e rotloetsa kelelo ya metsi e e siameng le go hema ga mmu. Fa mmu o omeletse thata, dingatana tse kgolo di ka bopega. Mealo ya mmu e e nang le bothata e tshwanetse go tlhakatlhakanngwa ka mogoma.

Mmu o o Matlapana

Moduta ono wa mmu o tlwaelegile thata mo mmugodimong. O bidiwa dorbank kgotsa 'koffie klip'. Paakanyo e e siameng ya mmu e botlhokwa gore go ntshiwe mealo e e dikarolwana e e sa tsenelegeng e e tlhagelelang mo boyatlaseng ka go farologana. Mealo eno e ka thibela tsenelelo ya medi. Paakanyo ya mmu mo dikarolong tse di matlapa gantsi e tlhwatlhwa godimo ka ntlha ya gore didirisiwa tse di kgolo tse di turang di tlhoka go diriswa ka nako dingwe go ntsha boalo jo bo fa godimo. Mme dorbank e e thata e gomiwe ka mogoma wa mmutlase kgotsa peke. Fela, kêlôtlhôkô e tshwanetse go netefatswa gore sebopego sa mmu o o setseng o baakantswe se seke sa senngwa. Mmu o o matlapana o o baakantsweng sentle o na le bokgoni jo bo botoka jwa go hupa dikotla le metsi.