Mefuta Ya Menawa Ya Phulo

© Gary D Robson

Menawa e ka arolwa ka menaweng ya setlha se se bolelo le setlha se se tsiditsana, go ya ka setlha moo di golang sentle. Tlhopho ya menawa ya phulo e siameng go tshwanela maemo a bosa a polasa, kgonagalo ya metsi le mofuta wa mmu di botlhokwa thata. Tiriso ya mafelelong ya monawa le yona e tshwanetse go elwa tlhoko fa go jalwa phulo - a e tla dirisiwa ka ntlha ya phulo, furu kgotsa letseto?

Mafulo a Menawa Mo Aforika Borwa

Jaaka menawa ya ngwaga ya setlha se se bolelo tya boleng ba kwa godimo, bobedi dinawasoya kgotsa dierekisi tsa kgomo gabonolo di ka dirisiwa mo thulaganyong ya go fula furu ya selemo. Dierekisi tsa kgomo di ka nna le 14 - 24% ya proteine, di ikaegile ka kgato ya go gola.

Luserene ke monawa o melang ka setlha sa selemo gotlhelele ka diteng tsa proteine ya 16 - 18%. Mafulo a luserene a jetswe ka bophara fela a dirisiwa mo ntshokunog ya furu le fa e le gore a mela ka botlhokwa jaaka monawa wa naga ya phulo e e omileng mo dikarolong tse dingwe tsa Aforika Borwa.

Menawa te mengwe e e tumileng ya mafulo ke Medicago ya ngwaga le mefuta ya diphedi ya tlabere ya kwa Kapa Bophirima le tlabere e tshweu le e khibidu kwa mafelong a bokgoni jo bo kwa godimo le kwa fatshe ga nosetso e e tseneletseng.

Boladi Ba Menawa Jaaka Mafulo

©Commonwealth Scientific and Industrial Research Organisation (CSIRO)

Mafulo a menawa e batla bolaodi bo bo rileng. Baakanya diruiwa mo ngwageng wa masimololo morago ga jalo go fokotsa go fula go fitlhlela fa phulo e simolola go letlelela go fula go go nnye fela ga ngwe kgotsa gabedi mo nakong ya selemo/letlhabula.

‘Go pipitlelwa ga phulo’ mo diruiweng e tlholwa ke fa furu e na le go feta 50% ya menawa, segolo bogolo tlabere e tshweu le luserene kgotsa fa diruiwa di fula kwa mafulong a kolobileng. Tlabere ya Berseem ke ya kotsi e e kwa tlase ka go tlhola pipitlelo. Oketsa go jewa ga tše di omilego mme o abe selatswa sa go thibela pipitlelo.

Mafulo a menawa gantsi e ntshwakuno mo mengwageng e meraro go ya go ye metlhano mme kwa morago ga mo ‘tshenyego’ e ka bonwa fa naetrojene e le gona mo sejalong e sa tlhole e le gona mo mmung. Tiriso ya monontsha e ka fokotsa ‘tshenyego’. Fosforo, potasiamo le pH ya mmu di botlhokwa mo menaweng.

Tswee tswe ela tlhoko: Tshedimosetso e ke ya maikaelelo a thuto le tshedimoso fela mme ga e a tshwanela go rarollwa jaaka keletso ya monontsha. Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga phepo ya mmu wa gago le nontš\sho ya mafulo ikgolaganye le mothekeniki wa temothuo kgotsa morekisi.

Translated by Lawrence Ndou