Mathata a Mangwe a Tshilô-Dijo mo Dikolobeng

Go Ngakiwa

Go ngakiwa gantsi go diragala mo dinamagadi tse di dusang thari, ka matshwaô a a kgonagalang a a akaretsang mantle a a tiileng a a omeletseng, mokwatla o o serota kgotsa dikolobe tse di gogang ka thata le go bokolela ka ntlha ya setlhabi fa di ntsha mantle, ka tlhagiso e potlana kgotsa e e seyong gotlhelele.
Kalafi
Ngakego e ka thibelwa ka go oketsa fibre ya phepô mo selekanyetsong. Dibeke di le mmalwa pele ga pelegô, sefepi se se tala le/kgotsa bran, di ka tsenngwa mo sefeping go thibela dinamane gore di se ngakwe. Tlhokomela e tshwanetse gape go ka tsewa go netefatsa fa dikolobe di nnang le metsi a a lekaneng ka metlha.
American Pig Association e gakolola balemirui go alafa dikolobe tse di ngakilweng ka go di neela motswako o o nang le kotara ya matute a apole, prune kgotsa cranberry ka ¾ ya metsi. Go tsenya maphutshe kgotsa maungo mo phepông le gona go tlile go thusa.

Phapogo ya Dirwe

©Glenneis Kriel
Phapogo ya dirwe e ka diragala ka dingwaga dingwe le dingwe, fela gantsi, go ama dinamagadi fa di fetsa go pepa kgotsa dikolobe tse di santseng di gola fa di le bokete jwa magareng ga 25 kg le 100 kg. Mateng a dikolojane le ona a ka fapoga kgotsa a sokeletsega fa di tshwerwe ke letshololo le le masisi.
Dikolobe tse di amegileng gantsi di tla nna le mpa e e rurugileng, gantsi ka kutukwe e e tseneletseng. Serwe se se amegileng se tlile go ruruga mme se ka phatlhoga, mme seno se bake setlhabi se se masisi, letshogo le dintshu tsa ka bonako. Ka tshekotsheko ya sebaki sa leso, serwe se se amegileng, gantsi lebete, mala kgotsa sebete, di tlile go kukumoga mme gantsi go tlile go nna le madi mo phatlheng ya mpa.
Goya ka NADIS Animal Health Skills, phapogo ya dirwe e ka bakwa ke go ja go feta selekano, phepô ya mariga ya sefepi se se metsi se se belang, phepô e e dirwang nako nngwe le nngwe, diphepô tsa bokete jo bo kwa godimo kgotsa colitis.
Kalafi
Taolô e e siameng ya tsêô ya sefepi e tlile go thusa go thibela phapogo ya dirwe. Go thibela phapogo ya dirwe, South African Pork Producers Organisation in mo bukaneng-kaedi ya bona ya tlhagiso, Pigs for Profit, e tsitsinya gore balemirui ba fepe dikolobe tsa bona gararo ka letsatsi go tila mafolofolo ka dinako tsa phepô, le go tshola dinamagadi di retibatse go efoga gore di tlole ka bonako morago ga go tsala.
Letshololo le tshwanetse go ka alafwa le go thibela ka bonako jo bo kgonegang.

Go Lepelela ga Kutukwe

Ka go lepelela ga kutukwe, kutukwe e tlile go tlhagelela gotswa mo moteteng. Seno gantsi se bonwa mo dikolobeng tse di nnye. Goya ka Pig for Profit, seno se ka tswa se bakwa ke kgatelelô mo mpeng kgotsa go gogega, gantsi ka ntlha ya kokoano le kgobakano tse di feteletseng tsa dikolobe tse di nnye ka mariga. Botlhole, jaaka mycotoxins e e bakwang ke mouta mo sefeping le bona bo ka bakela dikolobe bothata jono.
Kalafi
Dikolobe tse di amegileng di tshwanetse go tlhaolwa mme di neelwe dijo tse di metsi fa go kgonega. Pigs for Profit e tsibosa gore balemirui ba seke ba leka go ntsha kgotsa go buseletsa karolo ya kutukwe e e lepeletseng: “Gantsi e a tleboga, go tlogela phatlha e tshesane fela e dira.” Bokete jwa mmele jwa tlhabô jwa dikolobe bo tlile go amega mo go maswe.

Translated by Nchema Rapoo