Mandela mogo projekeng ya gagwe ya Global Leader

Botlhale ba ale mongwe le ba setlhopha

©Eric Miller

Ka letsatsi la gagwe la matsalo la bo89 Mandela o rile: “A re ba bitse Bagolo ba Lefatshe, e seng ka lebaka la dingwaga tsa bone, mme ka lebaka la botlhale ba bone bongwe ka bongwe le ka setlhopha. Setlhopha se ga se sa batho ba ba bonang matla a bone go tswa kwa sepolotiking, ga ikonomi kgotsa matla a sesole, mme ba a bona ka lebaka la go bipuso jwa bone le boammaruri ba bone.

Ga ba na ditiro tse baikgodisang ka tsone, dikgetho tse ba tshwanetsweng ke go difenya kgotsa setshaba se ba tshwanetsweng ke go se kgotsofatsa.Ba ka nna ba bua le mang le mang o ba rata go bua le ene, mme ba lokologile go ka sala motlhala o mongwe le o mngwe o bao bonang o ba siametse, le fa go sa kgotsofatse ope.

Lekoko la baetapele ba ba kemiseditseng

Fa a fetsa a tlhalosa tsela eo Richard Branson, monna yo a agileng kgwebo e kgolo ya Virgin Atlantic, ebile a keteka letsatsi la gagwe la matsalo le Nelson Mandela, le seopedi sa kwa Britain Peter Gabriel ba mo fileng leano la go tlhama lekoko le lennye, la baetapele, ba direla mabaka aa rileng mme ba sa lebelela go iponna maduo aa fetang a go bona ditharabololo tsa mathata aa bokete a a bonwang ke lefatshe. Gaesale letsatsi leo ke ntse ke bona leano leo le gola, le tiya mme le diragala, ga bua Mandela.

O tsweletse go tlhalosa tsela eo a bonang ba tlile go dira ka yone. Ba ka seka ba itshwenya ka mathata a mannye mme ba tlile go tshegetsa maano e long-term, go tshegetsa tswelelopelo, mme ba rarabolle tlholego ya matshwenyego a lefatse.’

Bararabolli ba mathata, ba ba ikemiseditseng

Ke a itse gore ba batla go dira ka dikitso tsa mafelo a ba tla thusang, Ba tla reetsa matlhakore otlhe, mme ba ikaeletse go dira le mang le mang yo a batlang go rarabolola mathata. Ba tla gona go bona maano a mantsha le go bona ditharabololo tse di sa itsegeng, mme ba kopantshe ba ba tlhokang le ba ba nang le sengwe go ka ba thusa.

Ka ditsala tsa bone mogo tsa bogwebi, ba ka tlisa teknologi tsa sesheng, ba tlhagise mathata aa lebetsweng mme ba senke maano a go a baakanya.

Go sa kgathalesege gore ba dirisa ditsela tsa mofuta mang, ke bumela gore kwa bofelelong e tla bopelonomi le botho tse di tla tlisang diphetogo tse dibonalang. Kea itse gore ditsala tse tsame di na le bokgoni ba go dira tsotlhe tseo.

Botho

Fa a ne a kaya Desmond Tutu, mokwadi ka ene, wa tiro ya lekoko le, Mandela o rile: Ke dumela gore ga tsala yame moArchbishop a ka dira sengwe ka se, ba tla tshegetsa boipuso jwa batho botlhe. Se re se bitsa botho. Tumelo ya se Afrika ee kayang gore, motho ke motho ka botho jwa batho ba bangwe.

Ke na le tumelo ya gore gagolo ba, ba tla rotloetsa ba bantsi go nna le thagasello ya go tshwana le bone — ba etella kwa pele, ba fana ka maele mme ba tshegetsa diprojeke dile dintsi. Bagolo ba ka buya ka sebete le kgololesego, ba bereke mo sechabeng le ka bo bone go dira se se tlhokagalang.

Setshaba sa Lefatshe le tlhoka baetapele

E ne ele Peter Gabriel oa tlhalositseng setlhogo se: ‘Mo setsong, bagolo ba na le karolo e bae tshamekang go rarabolla dikgotlang, ba na le ponelopele, mme ba abelana ka kitso fa e tlhokegang teng.

Re simolola go fitlha mo nakong ya setshaba sa lefatshe lotlhe mme lefatshe ga le na bagolo ba lone. Bagolo ba ka nna setlhopha sa batho ba ba tshepiwang ke lefatshe lotlhe, ba ba kgonang go bua ka kgololesego, ba ikemele ka bo bone mme ba arabe ka bonako fa go na le dikgotlhang mo setshabeng.

’ Le fa ele gore Mandela e ne ele mongwe wa bagolo ba, o fologile ka boikobo, go ka tsaya karolo epe mo ditirong tsa bone. Mme o ba tlogetse ka mafoko ano : “Ke leka go tsaya retirement yame tsia mme nka se kgone go tsaya karolo mo tirong ya bone ee kgatlhisang, ya go mekamekana le mathata, go batla dikarabo le ditharabollo, le go batlana le badirammogo”

Translated by Ikalafeng Maedi

Bill Clinton on Mandela's Legacy

Mopresidente wa pele wa lefatshe la United States, Rre Bill Clinton, o buile mafoko a tlotlo kaga Rre Nelson Mandela ka moletlo wa gagwe wa ...more

Desmond Tutu

Mongwe wa ditshwantsho tse di ratwang go gaisa mo Aforika Borwa, Desmond Tutu o itsege thata ka go nna motlhotlheletsi wa ditshwanelo tsa bo...more