Leungo la Drakone

© Roei Tabak

Ke eng Leungo la Drakone?

Leunoh la drakone ke leungo la boboatsatsi la lelapa le le pagamang la mokasetorofeie (Cactaceae). Gape le itsege jaaka pitaya kgotsa stroberi pere mme ke ditshedi tsa tlhago tsa kwa Mexico, Bogareng jwa Amerika le Amerika Borwa.

Mokasetorofeie o pagama jaaka terebe, ka medi e e lebileng kwa godimo, ye e tsweletsang maungo a a bolee a a nang le dikgapetla tse di bokete jo bo mo bogareng ga digerama tse di 150 le 600 e bile di khibidu-bopinki go ya go boserolwana ka mmala. Kwa sekgweng, e tshegetswa ke ditlhare, gape e fetogile mefuta e e tseneletseng kwa dinageng tse dintsi, go akaretswa mafelo a mangwe a mo Aforika Borwa. Mo dithulaganyong tsa temothuo, thulaganyo ya tshegetso e a dirisiwa go letlelela go gola ka go katoloswa le thobo ye e bonolo.

Leungo la drakone le jewa le le foreše gape le abiwa kaone le gaisa fa le le tsididi. Matlalo a makima a obolwa bonolo go senola ditegn tse di tshweu go ya go bohibidu kgotsa diteng tse di pinki ka marontho, ka peo e nnyane e ntsho.

Mefuta ya Maungo a Drakone

Letlalo la leungo la drakone le ka tsamaya ka bopinki kgotsa boserolwane, mmala wa diteng o ka nna o mosweu, o bopinki bo bo setlha go kwa go bopinki bo bo phatshimang kgotsa bohibidu bo bo tseneletseng le peo e ntsho, jaaka leungo la kiwi.

Go nhe go ntse go akangwa gore tatso ya leunog la drakone gantsi le bapiswa le mmala wa diteng. Diteng tse di tshweu di na le tatso ye e lekanetseng fale dijalwana tse di pinki kgotsa diteng tse di khibidu gantsi di fitlhetswe di le sukiri le go nna matute. Le ka tlhabololo ya dijalwana tse di gaisang, kelo ye e ka se kgonegeng go dirisiwa ka boikanyego.

Go na le mefuta ya maungo a drakone e e itsegeng e e jalwang; letlalo le le bopinki-bohibidu le diteng tse di hibidu, leungo la drakone ka go tlhokega la letlalo le le serolwane le diteng tse di ditshweu le leungo la drakone le le bopinki-bohibidu le diteng tse di tshweu.

Gone jaana (2019) mefuta e mebedi e megolo ya dienywa tse di jalwang mo Aforika Borwa Hylocereus undatus e na le diteng tse di tshweu le Hylocereus costaricensis e na le diteng tse di khibidu. Bobedi ba ditshedi tse di nang le matlalo a bopinki-bokhibidu, fela Hylocereus costaricensis e e sukiri ya diteng tse di bopinki di na le swikiri ya maemo a kwa godimo e bile ke ye e ratwang thata.

Leungo le le serolwane la drakone Hylocereus megalanthus ke ditshedi tse di thunyang mariga. Ke le le nnyanenyana mme le gola ka bonya go feta mefuta e mengwe mme e amega thata mo disenying le mo malwetsing. E swikiri go feta mefuta e mengwe ya letlalo le lekhibidu. Maemo a bosa a kwa Aforika Borwa a dira leungo la drakone le le serolane le se ke lwa nna le le gaisang mo tsweletsong ya selegae.

Dijalwana tse dišwa go tswa kwa Amerika Borwa le tse dingwe tse di tsweleditsweng kwa California, di a jalwa mo Aforika Borwa le go fetolwa ka leungo la ‘setso’ sa drakone sa mo Aforika Borwa ka dijalwana tsa sukiri.

Mefuta e e rileng ya leungo la drakone jaaka ‘Ruby e Khibidu’ ya kwa Indonesia e engwa maungo go tloga ka Ferikgong go ya Sedimonthole. Maemo a mo Aforika Borwa, le fa go le jalo, ga se a a siameng mo tsweletsong ya ngwaga otlhe le mefuta ye e robiwang fela mo nakong ya dikgwedi tsa selemo.

Translated by Lawrence Ndou