Kobelo

© Dr Pia Addison Wineland 2016
A vineyard with mulch on the berm.
Kobelo ke tsela ya go khupetsa boalô jwa mmu kgotsa berm (mmu o o fa tlase ga mola wa morara) ka seresemela se se suleng jaaka sa morara, rooibos, lotlhaka tota le matlapi la terebe. Tsela eno e diriswa go ka laola kgolo ya mofero le go lekanyetsa tatlhegelo ya metsi ka ntlha mowafalo. Gape e fokotsa themphoritšhara ya mmu mme e kganêle kgogolêgô. Dikere tsa sekhi tsa sešeng di kera dijalo tse di khurumetsang mo moleng mme di gasagase mafofora a tsona mo boalông kgotsa berm.
Kobelo e e diriswang thata ke lotlhakana kgotsa furu. Ka ntlha ya tlhwatlhwa, gantsi e dirisiwa fela mo berm kgotsa dikarolong tse dingwe tse di bokowa tsa tshimo. Kwa Swartland kwa temong ya mofeine e nang le go kopanngwa le ya korong mme lotlhakana lo phela lo lo teng, e dirisiwa gape mo meleng ya merara. Balemi ba mofeine ba efoga go dirisa manyakgong jaaka kobelo ka fa e ka isa tlase pH ya mmu.
Kobelo morago e ka tlhakanngwa le mmu go oketsa tlhokakhabone. E oketsa gape mateng a microbiology a mmu ka go dikolosa le go oketsa ka iketlo seelo sa saprophytic fungi – di microorganism tseno di iphepa ka dijo-tlhokakhabone mme di thusa ka go thuba ditlhokakhabone. E ama gape ditshenekegi le di-arthropod mme dithuto di fitlheletse gore palo e nnye ya disenyi e fitlhelwa mo ditshimong tse di nang le kobelo.

Translated by Nchema Rapoo