Ditsadiso tsa Dipodi tsa Nama mo Aforika Borwa

© Susan Schoenian University of Maryland Extension
Bontsi jwa ditsadiso tsa lefatshe tse di 570 tsa podi di ne di tsweleditswe go tswa mo mefuteng e le meraro ya dipodi –mefuta ya dipodi tsa Bezoar, Savannah le Nubian.

Tshweletso ya podi ya Maburu, le fa go ntse jalo, ke e kgethegileng jaaka go ne go sa latelwe tswadisokgabaganyo ya ditswadiso tse pedi kgotsa go feta tse di phepa. Go na le moo, badimo ba podi ya Maburu ba tlhophilwe go tswa mo dipodi tsa setlogo mo Aforika Borwa le go tlhabololwa ka dingwaga tsa bo1950 ke setlhopha sa balemirui ba ba mo kagolong ya Somerset Botlhaba ya Kapa Botlhaba mo Aforika Borwa.

Patlisiso ka ga bolemerui ba nama ya podi ke gore e tlhokomologilwe fa e bapiswa le tsweletso ya diruiwa tsa mefuta e mengwe ya nama, mme Aforika Borwa e amogetse temogo ya boditšhabatšhaba ka tiro ya yona ya tsweletso ya tswadiso ya podi ya Maburu.

Ka nako e e tshwanang jaaka tsweletso ya podi ya Maburu patlisiso ka Devendra le Burns (1983) e ne ya diriwa mo dipoding tsa kwa Aforika Botlhaba tsa setlogo. Se se supile bokgoni bo bogolo ba diotli tseno tse di popota tse dinnye go ya ka tsweletso ya nama e e dirang sentle.

Ditswadiso tsa Nama ya Dipodi mo Aforika Borwa

Tswadiso ya podi ya nama e kgolo ke podi ya Maburu, e tswewa tsiya jaaka tswadiso ya podi ya nama e e gaisang mo lefatsheng. E na le kelo ya phetola furu go ya nameng. Tswadiso e bontsha semelo sa kgolo se se siameng, ditlhagelelo tsa nama le mmele ka bokana kuno bo ka gale go bo fetang 50%.

Ditswadiso tse dingwe tse pedi tse dikgolo tsa podi tsa nama mo Aforika Borwa ke ya Kgalagadi e Khibidu le Savanna gape e tsewa jaaka ‘dipodi tsa Maburu’ fela ka mmala o o rileng. Diteko tsa DNA di ne di bontsha gore go na le pharologano magareng ga dijini tsa ya Maburu le dipodi tsa Khalaharii e Khibidu go feta ya Maburu le dipodi tsa Savanna.

The Khalahari e Khibidu e tsewa e le tswadiso ya podi ya tshimologo go tswa mo Borwa jwa Aforika. Direkoto di supa gore dipodi di tlhophilwe go tswa mo diphologolong tsa ditsebe tse di emeletseng di fudugetse le merafe mo Borwa jwa Aforika dingwaga tse di fetang 2000 tse di fetileng. Ke 100% ya mmala o khibidu wa letlalo e tlamela boikgakantsho go tswa mo dibateng kwa nageng me ke tse di popota, e emakgatlhanong le mogote le komelelo.

Podi ya Savanna e tshweu e ne ya tsweletswa ka 1955 mme e tsewa e le tswadiso ya kemokgatlhanong le komelelo ya bokana ba kumo ba mmele o o lekalekaneng ka tlhaelo. Di nyalanngwa thata e bile di ka dirisiwa ka katlego mo mafulong a tseneletseng gammogo le dithulaganyo tsa phulo e e tseneletseng. Ga se ditswadiso tsa nakwana. Diphelehu tse di sa fagolwang tsa Savanna di na le kelo ya kgolo e e siameng mme ke mefuta ya ka bonako - go ya bogareng- go ya bogolong. Dipoo tsa Savanna di tsweletsa mebele le dibopego tse di ntle – bokima ba mosifa le mafura mabapi le sebopego sa lerapo.

Dipodi tsa Setlogo

Go na le mefuta ya tlhago e mene (ditshedi tsa kwa fatshe) ya dipodi tsa setlogo mo Aforika Borwa –mofuta wa Nguni (Mbuzi), Kapa Botlhaba ya Sethosa ya tsebe e e emeng, Ya Kapa Bokone ya Dibata tse di nnye le mofuta wa Kunene (Kaokoland). Dipodi tsa setlogo di kemokgatlhanong thata e bile popota go feta dipodi tsa Maburu le kgonang go fenya malwetse a motsikitlelo, bolwetse bo bo masisi bo bo tlang le kgofa.

Patlisiso ka Ramsay, Smit & Casey (1987) e bapiswa le dipodi tsa setlogo kgatlhanong le podi ya Maburu mo ditikologong mo malwetseng a protozoa, go bola ga leoto, dinwamadi le dimela tse di nang le botlhole e ne e le go dintlha tse di lekanyetsang.
Dipodi di ne di rekodilwe tse tsotlhe le go sekasekwa mo Sekemeng sa Bosetšhaba le tshedimosetso e supa gore podi tsa setlogo di tsweleditse nama go ya ka kgaolo ya yunite go feta dipodi tsa Maburu.

Dipodi tse dintsi tsa setlogo di rekiswa mo lephateng le e seng la semmuso mme di tlhabiwa ka tsela ya setso

Podi ya Tankwa

Podi ya tankwa e e sa tswang go lemogwa e mo tiragalong ya go kwadisiwa jaaka tswadiso ya podi ya ditsebe tse di kgotsweng le Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi ba Aforika Borwa (DAFF). Go ya ka Thinus Jonker wa Lefapha la Temothuo la Kapa Bokone, Tankwa e supa kgonagalo e kgolo jaaka nama ya podi. Le fa e sa bontshe ditlhago tse di tshwanang jaaka ditswadiso tse tharo tsa podi ya Maburu e megolo, dintlha tsa tsona tse di maatla - senwamadi le kemokgatlhanong le malwetse, monono le go go nna mme o o siameng - di ka nna tsa tokafatswa ka tswadisopoeletso.

Podi ya Boboa jaaka Podi ya Nama

Fa tlhale ya boboa ya Dipodi tsa Boboa di nna makgwakgwa that, dipodi di tlhophilwe go bolawa. Ka ga 90% ya dipodi tse di kgolwane di romelwa kwa KwaZulu-Natala go rekiswa mo marakeng wa setso. E bona tlhotlhwa e e botoka (boima fa e tshela) go feat thekiso ya nama ka botlhabelo ba kgwebo. Kabo ya mmele go ya nameng ke, le gale, kwa tlase thata – fela 30% - 35% fa go bapisiwa le ka nako ya 50% ya dipodi tsa Maburu - fela jaaka popego ya nama e le e e boleta go feta ya dipodi tsa Maburu.

Fa go bapisiwa le dipodi tsa Maburu (22.8%) le dipodi tsa setlogo (24.3%), Podi ya Boboa e na le diteng tsa poroteine e e kwa godimo go feta (29.1%). Nama ya Podi ya Boboa gape e na le bonney bokana ba mafura (4.4%) fa go tshwantshanngwa le 10.5% ya (nama ya Podi ya Maburu) le 7.9% (ya nama ya podi ya setlogo).

Translated by Lawrence Ndou